Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 5 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Seeing the crowds, Jesus went up the mountain; when he sat down, his disciples came to him. Mme ya re ka letsatsi lengwe fa bontsintsi jwa batho bo kokoana, a tlhatlogela le barutwa ba gagwe mo mhapheng wa thaba, mme a nna fa fatshe le bone a ba ruta.
2 And he opened his mouth and began to teach them, saying: Not in this edition
3 "Blessed are the poor in spirit, for theirs is the kingdom of our Father. A ba raya a re, “Go sego ba ba ingotlang gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone.
4 Blessed are those who mourn, for they will be comforted. Go sego ba ba lelang gonne ba tlaa gomodiwa.
5 Blessed are the meek, for they will inherit the earth. “Go sego ba ba bonolo gonne lefatshe lotlhe ke la bone.
6 Blessed are those who hunger and thirst for righteousness, for they will be satisfied. “Go sego ba ba nyoretsweng tshiamo gonne ba tlaa e bona.
7 Blessed are the merciful, for they will receive mercy. “Go sego ba ba pelontle le kutlwelobotlhoko gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko.
8 Blessed are the pure in heart, for they will see our Father. “Go sego ba ba pelo di itshekileng gonne ba tlaa bona Modimo.
9 Blessed are the peacemakers, for they will be called children of our Father. Go sego ba ba huhulelang kagiso, gonne ba tlaa bidiwa barwa Modimo.
10 Blessed are those who are persecuted for righteousness' sake, for theirs is the kingdom of our Father. “Go sego ba ba bogisediwang tshiamo, gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone.
11 "Blessed are you when people insult, persecute, and lie about every kind of evil against you because of me. “Fa lo kgobiwa lo bogisiwa, lo akelwa ka ntlha ya gore lo barutwa ba me, lo sego jang!
12 Rejoice and be glad, for your reward is great in heaven, for they persecuted the prophets before you the same way. Itumeleng ka ga gone! Ipeleng thata! Gonne tuelo ya lona e kgolo e lo letile kwa legodimong. Mme gakologelwang gore, Baporofiti ba bogologolo le bone ba ne ba bogisiwa.
13 "You are the salt of the earth. But if salt loses its taste, how can it be salted again? It's no longer good for anything but being thrown out and trampled by people. “Ke lona letswai la lefatshe, mme fa lona lo latlhegelwa ke molodi go tlaa nna jang ka lefatshe? Le lona lo tlaa latlhelwa kwa ntle lo gatakwa ka dinao lo sena molemo.
14 "You are the light of the world. A city set on a hill cannot be hidden. Lo lesedi la lefatshe, motse o o mo thabeng, o o phatsimang bosigo gore botlhe ba o bone.
15 No one lights a lamp and puts it under a basket, but sets it on a stand to light everyone in the house. Se fitlheng lesedi la lona! A le phatsimele botlhe; a ditiro tsa lona tse di molemo di phatsimele botlhe go di bona, gore ba tle ba galaletse Rra lona wa Legodimo.
16 Likewise, let your light shine before people, so they see your good works and glorify your Father in heaven. Not in this edition
17 "Don't think I came to abolish the Law or the Prophets—I didn't come to abolish them, but to fulfill them. “Se tlhokeng go tlhaloganya se ke se tletseng. Ga se go senya melao ya ga Moshe le ditlhagiso tsa baporofiti. Nnyaa ke tletse go di tlhomamisa le gore di diragale jaaka go boletswe.
18 For truly I tell you: until heaven and earth pass, not one letter, not one stroke, will pass from the Law until everything is done. “Ka tlhomamiso yotlhe e ke nang nayo ka re: molao mongwe le mongwe o o mo Lokwalong o tlaa tswelela pele go fitlhelela maikaelelo a one a diragala.
19 So whoever breaks one of these least commands and teaches others the same will be called least in the kingdom of our Father; but whoever keeps and teaches them will be called great in the kingdom of our Father. Jalo he, fa mongwe a tlola molao o mmotlanyana, a ba a ruta ba bangwe go dira jalo, o tlaa nna mmotlana mo Bogosing jwa Legodimo. Mme ba ba rutang melao ya Modimo ba e reetsa ba tlaa nna batona mo Bogosing jwa Legodimo.
20 For I tell you, unless you are more righteous than the scribes and Pharisees, you'll never enter the kingdom of our Father. “Mme ke a lo tlhagisa ga lo ka ke lwa tsena mo Bogosing jwa Legodimo fa e se tshiamo ya lona e feta ya Bafarasai le baeteledipele ba bangwe ba Bajuda.
21 "You've heard that it was said to those of old, 'Do not murder; whoever murders is subject to judgment.' “Mo melaong ya ga Moshe e ne e le gore, ‘Fa o bolaya motho, o tshwanetse wa swa le wena.’
22 But I tell you: whoever is angry with his brother risks judgment. Whoever insults his brother risks the council, and whoever says, 'You fool!' risks fiery hell. Mme ke okeditse molao oo, e bile ke lo bolelela gore fa o shakgetse fela, le fa e le mo motseng wa gago, o lebaganywe ke katlholo! Fa o bitsa tsala ya gago seeleele, o ka nna wa tseelwa kwa kgotleng ya tshekelo fa o mo hutsa, o mo diphatseng tsa molete wa molelo.
23 "So if you're offering your gift at the altar and recall there that your brother has something against you, “Mme ke gone fa o eme fa pele ga sebeso (aletara) mo Tempeleng, o ntshetsa Modimo setlhabelo, mme ka tshoganetso o bo o gakologelwa gore wa ga eno o na le sekgopi nao,
24 leave your gift there before the altar, go make peace with your brother first, then come offer your gift. Tlogela setlhabelo sa gago gone foo fa pele ga sebeso (aletara) go ikopa maitshwarelo o bo o letlane nae.
25 Make peace with your accuser quickly, while still on the way with him, or he may hand you over to the judge, the judge to the officer, and you may be thrown into prison. Akofa outlwane le mmaba wa gago nako e ise e tsamaye thata e se re kgotsa a go gogele kwa tshekong, o bo o latlhelwa mo tlung ya kgolegelo.
26 Truly I tell you, you will never get out until you have paid the last penny. Gonne o tlaa nna moo go fitlhelela o bo o duela ledinyana la bofelo.
27 "You have heard that it was said, 'You shall not commit adultery.' “Melao ya ga Moshe e ne e re, ‘O seka wa dira boaka’.
28 But I tell you: everyone who looks at a woman lustfully has already committed adultery with her in his heart. Mme ka re: Le fa e le mang yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.
29 If your right eye makes you stumble, tear it out and throw it away—better to lose one part of your body than have your whole body thrown into hell. “Mme fa leitlho la gago, le fa e ka ne e le leitlho le le itekanetseng le tsosolosa keletso, le gonye o le latlhe. Go botoka gore tokololo e e go leofisang e senngwe go na le gore mmele otlhe wa gago o latlhelwe mo moleting wa molelo.
30 If your right hand makes you sin, cut it off and throw it away. Better to lose one part of you than have your whole body go into hell. Mme fa seatla sa gago le fa e le sa moja se go leofisa, se kgaole o se latlhe. Gonne go botoka go se kgaola go na le go iphitlhela o le mo moleting ka ntlha ya sone.
31 "It was also said, 'Whoever divorces his wife must give her a certificate of divorce.' “Molao wa ga Moshe wa re, ‘Fa mongwe a batla go kgaogana le mosadi wa gagwe, o ka mo tlhala fela ka go mo neela lokwalo lwa tlhalo’.
32 I tell you: whoever divorces his wife, except for sexual sin, makes her a victim of adultery; and whoever marries a divorced woman commits adultery. Mme nna ka re monna yo o tlhalang mosadi wa gagwe fa e se ka ntlha ya boaka, o mo dirisa boaka. Mme yo o mo nyalang le ene o dira boaka.
33 "Again, you've heard it was said to the ancients: 'Don't break your oath—fulfill it to our Father.' “Gape molao wa ga Moshe wa re, ‘Ga o a tshwanela go dirolola maikano a gago le Modimo, o tshwanetse go a diragatsa otlhe.’
34 But I tell you, do not swear an oath at all: neither by heaven, for it is our Father's throne, “Mme ka re: o se ka wa dira maikano ape! Lefa e le go ikana ka ‘Magodimo!’ Ke seikano se se boitshepo mo Modimong, ka magodimo ke setulo sa Bogosi jwa Modimo.
35 nor by the earth, for it's the footstool for his feet, nor by Jerusalem, for it's the city of the great King. Gape fa o ikana ka ‘Lefatshe’ ke seikano se se boitshepo mo Modimong, ka gore lefatshe ke sebeo sa dinao tsa one. Gape o se ka wa ikana ka Jerusalema ka gore Jerusalema ke motse-mogolo wa Kgosi e kgolo.
36 And do not swear by your head, for you cannot make a single hair white or black. “Gape o se ka wa ikana ka ‘phogwana’! Ka gore ga o kake wa fetola thiri nngwe go nna tshweu kgotsa ntsho.
37 Let your 'Yes' be 'Yes,' and your 'No,' 'No'; anything beyond this comes from the evil one. Mme go bua ga lona e nne Ee, ke tlaa, kgotsa Nnyaa ga nkake, lefoko la lona le lekanye. Tiisa tsholofetso ya gago ka go ikana, go supa gore sengwe ga se a siama.
38 "You have heard that it was said, 'Eye for eye and tooth for tooth.' “Molao wa ga Moshe wa re, ‘Fa motho a gonya leitlho la yo mongwe, le ene o tshwanetse go gonngwa leitlho. Fa mongwe a go itaya a go kgola leino, a leino la motho yoo le ene le kgolwe.’
39 But I tell you: don't resist an evil person. If someone slaps your right cheek, turn the other cheek to him too. Mme nna ka re: Se emelelaneng le bosula! Fa o phanngwa mo lerameng, retolola le lengwe.
40 If anyone wants to sue you and take your tunic, let him have your cloak too. Fa o isiwa tshekong, o bo o tseelwa hempe, ntsha le baki ya gago.
41 And if anyone forces you to go one mile, go with him two. Fa masole a batla gore o rwale dithoto tsa bone sekgala sa mmaele e le nngwe di rwale di mmaele tse pedi.
42 Give to whoever asks you, and don't turn away whoever wants to borrow from you. Naya ba ba kopang, o se ka wa hularela yo o batlang go adima mo go wena.
43 "You have heard that it was said, 'You will love your neighbor and hate your enemy.' “Go na le puo e e reng, ‘Rata ditsala tsa gago mme o ile baba ba gago.’
44 But I tell you, love your enemies and pray for those who persecute you, Mme nna ka re: ‘Rata baba ba gago! Rapelela ba ba go bogisang!’
45 so you may become children of your Father in heaven, because he makes his sun rise on evil and good and sends rain on just and unjust. “Ka tsela eo lo tlaa bo lo dira jaaka bana ba boammaaruri ba Rraeno yo o kwa legodimong. Gonne o tlhabisetsa basiami le ba ba sa siamang letsatsi, a nesetse basiami le ba ba sa siamang pula ka go tshwana.
46 If you love those who love you, what reward is that? Don't even tax collectors do the same? “Fa o rata ba ba go ratang fela, go thusang?, le ba ba bosula ba dira jalo.
47 If you greet only your brothers, what more do you do than others? Don't even the Gentiles do that? Fa o siametse ditsala tsa gago fela, o farologanye jang le batho ba bangwe? Le baheitane tota ba dira fela jalo.
48 Be perfect, therefore, as your heavenly Father is perfect." Mme lo tshwanetse lwa nna boikanyego, fela jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boikanyego.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]