Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

John 9 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 As Jesus passed by, he saw a man who had been blind from birth. Mme ya re a santse a tsamaya, a bona monna yo o saleng a tsalwa a foufetse.
2 His disciples asked him, "Rabbi, who sinned, this man or his parents, that he was born blind?" Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, “Morena, ke eng fa monna yo a tsetswe e le sefofu? A ke ka ntlha ya dibe tsa gagwe kgotsa dibe tsa batsadi ba gagwe?”
3 "Neither this man nor his parents sinned,' Jesus answered, 'but this happened so the works of our Father might be revealed in him. Mme Jesu a araba a re, “Ga se ka ntlha ya dibe dipe. Go ne go direlwa gore nonofo ya Modimo e supiwe.
4 We must do the works of the one who sent me while it is day; night comes, when no one can work. Rotlhe re tshwanetse go akofa ra dira ditiro tse re di neetsweng ke yo o nthomileng, gonne go setse nakonyana fela pele ga bosigo bo tla mme tiro yotlhe e bo e khutla.
5 As long as I am in the world, I am the light of the world.'" Mme fa ke santse ke le fano mo lefatsheng, ke naya lefatshe lesedi la me.”
6 Saying this, he spat on the ground, made mud from the saliva, and smeared it on the man's eyes. Mme a kgwela mathe mo mmung a duba seretse ka mathe mme a se tshasa mo matlhong a monna yo o foufetseng,
7 He told him, "Go, wash in the pool of Siloam" (meaning Sent). So the man went, washed, and returned able to see. mme a mo raya a re, “Tsamaya o ye go tlhapa mo lekadibeng la Siloame” (lefoko le le reng ‘Siloame’ le raya gore ‘Romilwe’) jalo monna a ya kwa a romilweng teng, mme a feta a tlhapa a boela kwa morago a bona!
8 Neighbors and those who'd seen him begging before said, "Isn't this the one who used to sit and beg?" Mme ba ga gabo le batho ba bangwe ba ba mo itseng e le sefofu sa mokopi ba botsanya ba re, “A yo ke ene tota, mokopi yo re mo itseng?”
9 Some said, "That's him." Others said, "No, he just looks like him." He kept saying, "I'm the one." Bangwe ba re, ee, mme ba bangwe ba re nnyaa. Jalo ba akanyetsa ba re, “Ga e ka ke ya nna ene, mme o lebega jaaka ene!” Mme mokopi a ba raya a re, “Ke nna yo lo nkitseng!”
10 So they asked him, "Then how were your eyes opened?" Mme ba mmotsa gore go diragetse jang gore a foufologe. Tota-tota go tsamaile jang!
11 He replied, "The man called Jesus made mud, smeared it on my eyes, and told me, 'Go to Siloam and wash.' So I went, washed, and could see." Mme a ba raya a re, “Monna yo ba mmitsang Jesu o ne a duba seretse a se tshasa mo matlhong a me mme a nthaya a re ke ye kwa lekadibeng la Siloame ke ye go tlhapa seretse. Mme ke ne ka dira jalo, jaanong ke a bona!”
12 They said to him, "Where is he?" He said, "I do not know." Mme ba mmotsa ba re, “O kae jaanong?” Mme a araba a re, “Ga ke itse.”
13 They brought the man who had been blind to the Pharisees. Mme ba tsaya monna ba mo isa kwa Bafarasaing.
14 Now it was a Sabbath day when Jesus made the mud and opened his eyes. Mme ya re mo go diragala ga bo go le letsatsi la Sabata.
15 So the Pharisees also asked him again how he had gained sight. He told them, "He put mud on my eyes, and I washed, and I see." Mme Bafarasai ba mmotsa gotlhe ka ga tiragalo eo. Jalo a ba bolelela ka fa Jesu a neng a dira seretse ka teng a se tshasa mo matlhong a gagwe, mme ya re a sena go tlhapa a bona!
16 Some Pharisees said, "This man isn't from God—he doesn't keep the Sabbath." Others said, "How can a sinful man do such signs?" So they were divided among them. Bangwe ba bone ba re, “Motho yo Jesu ga a tswe kwa Modimong gonne o dira go le Sabata.” Ba bangwe ba re, “Mme motho fela wa modira dibe ao ka dira dikgakgamatso tse jang?” Mme ga nna kgaogano e tona ya megopolo mo go bone.
17 Again they asked the blind man, "What do you say about him, since he opened your eyes?" He said, "He is a prophet." Mme Bafarasai ba retologela kwa monneng yo a neng a foufetse ba mmotsa ba re, “Wa re monna yo o go foufolotseng ke mang?” Mme monna a re, “Ke bona gore e tshwanetse ya bo e le moporofiti a romilwe ke Modimo.”
18 The Jews did not believe he had been blind and gained sight, until they summoned the parents of the man who had gained sight. Mme Baeteledipele ba Sejuta ba seka ba dumela gore o ne a foufetse, go fitlhelela ba botsa batsadi ba gagwe.
19 They asked them, "Is this your son you say was born blind? How then does he now see?" Erile ba sena go ba bitsa ba ba botsa ba re, “A motho yo ke morwaa lona? A o-tsetswe a foufetse? Fa go ntse jalo, ke eng fa a bona?”
20 His parents answered, "We know that this is our son and that he was born blind. Batsadi ba gagwe ba fetola ba re, “e itse gore motho yo ke ngwana wa rona le gore o tsetswe e le sefofu,
21 But how he now sees, we don't know; or who opened his eyes, we don't know. Ask him—he's an adult; he'll speak for himself." mme ga re itse gore go diragetse jang gore a foufologe, kgotsa gore o foufolotswe ke mang. O setse a godile o lekanye go ikarabela. Mmotseng.”
22 His parents said this, fearing the Jews, since the Jews had already agreed that if anyone confessed Jesus as the Christ, he would be expelled from the synagogue. Ba ne ba bua jaana ka ba boifa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba setse ba anamisitse gore mongwe fela yo o reng Jesu ke Mesia o tlaa kgaolwa mo phuthegong.
23 That was why his parents said, "He is of age; ask him." Not in this edition
24 So they called the once-blind man again and said, "Give God the glory. We know this man is a sinner." Mme lwa bobedi ba bitsa monna yo o foufolotsweng ba mo raya ba re, “Galaletsa Modimo e seng Jesu, gonne re itse gore Jesu ke motho yo o bosula.”
25 He replied, "Whether he's a sinner, I don't know. I know one thing: I was blind, now I see." Mme monna a fetola a re, “Ga ke itse gore a o siame kgotsa o bosula, mme nna ke itse fela gore, ke ne ke le sefofu mme jaanong ke a bona!”
26 They said to him, "What did he do to you? How did he open your eyes?" Ba mmotsa ba re, “O ne a dira eng? O ne a go fodisa jang”?
27 He answered them, "I already told you, and you didn't listen. Why do you want to hear it again? Do you also want to become his disciples?" Mme monna a ba botsa a re, “Bonang! Ke lo boleletse gagwe fela, a lo ne lo sa reetsa? Ke eng fa lo mpotsa gape? A le lona lo batla go nna barutwa ba gagwe?”
28 And they reviled him, saying, "You are his disciple, but we are disciples of Moses. Mme ba mo hutsa ba mo raya ba re, “Morutwa wa gagwe, mme rona re barutwa ba ga Moshe.
29 We know God spoke to Moses, but we don't know where this man is from." Re itse gore Modimo o buile le Moshe, mme fa e le yo ene ga re itse sepe ka ga gagwe.”
30 The man answered them, "Here's the amazing thing: you don't know where he's from, yet he opened my eyes. Mme a fetola a re, “Ka ntlha yang, go a hakgamatsa!
31 We know God doesn't listen to sinners, but if anyone reveres God and does his will, God listens to him. O foufolola difofu, mme o na le ditsebe tse di bulegetseng ba ba o obamelang ba dirago rata ga one.
32 Never since the world began has anyone heard of someone opening the eyes of a person born blind. Fa e sale lefatshe le simologa ga go ise go ke go nne le ope yo a neng a ka foufola matlho a mongwe yo o tsetsweng a le sefofu.
33 If this man were not from God, he could do nothing." Fa monna yo a ne a sa tswe kwa Modimong, o ka bo a sa kgona go foufolola difofu.”
34 They answered him, "You were born entirely in sin, yet you teach us?" and threw him out. Mme ba goa ba re, “Ngwana wa mpa ya dikgora ke wena! A o leka go re ruta?” Mme ba mo kgoromeletsa kwa ntle.
35 Jesus heard they had thrown him out, and finding him, said, "Do you believe in the Son of Man?" Erile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a bona monna yo mme a mo raya a re, “A o dumela mo go Mesis?”
36 He answered, "And who is he, sir, so I can believe in him?" Mme monna a araba a re, “E mang, rra, gonne ke a batla.”
37 Jesus said to him, "You have seen him, and it is he who is speaking with you." Mme Jesu a re, “O mmonye, ebile ke ene yo o buang le wena!”
38 He said, "Lord, I believe," and he worshiped him. Monna a re, “Ee, Morena, Ke a dumela!” mme a obamela Jesu.
39 Jesus said, "I came into this world for judgment, so those who don't see may see, and those who see may become blind." Mme Jesu a mo raya a re, “E tletse mo lefatsheng go naya ba ba foufetseng mo moweng pono le go kaela ba ba ithayang ba re ba a bona gore ba foufetse.”
40 Some Pharisees with him heard this and said, "Are we blind too?" Bafarasai ba ba neng eme foo ba botsa ba re, “A wa re re foufetse?”
41 Jesus told them, "If you were blind, you would have no sin; but since you say, 'We see,' your sin remains." Mme Jesu a ba raya a re, “Fa lo ne lo foufetse, lo ka bo lo se molato! Mme lo molato gonne lo ipona gore lo itse se lo se dirang.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]