Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

John 8 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 But Jesus went to the Mount of Olives. Mme Jesu a boela kwa Thabeng ya lotlhware,
2 At dawn he came again to the temple; all the people came to him, and he sat down and taught them. mme ya re phakela mo mosong o o latelang a bo a le mo Tempeleng gape. Mme bontsintsi jwa simolola go kokoana, mme a nna fa fatshe a bua nabo.
3 The scribes and Pharisees brought a woman caught in adultery and stood her in the middle. Ya re a santse a bua, baeteledipele ba Sejuta le Bafarasai ba lere mosadi yo o tshwerweng mo boakeng ba mmaya fa pele ga bontsintsi jwa batho jo bo lebeletseng.
4 They said to him, "Teacher, this woman was caught in the act of adultery. Ba raya Jesu ba re, “Moruti, mosadi yo o tshwerwe fela a santse a dira boaka.
5 Now in the Law, Moses commanded us to stone such women. So what do you say? Molao wa ga Moshe wa re a bolawe. Wa reng ka ga gone?”
6 They said this to test him, seeking grounds to accuse him. But Jesus bent down and wrote on the ground with his finger." Ba ne ba leka go mmeela seru sa gore a bue sengwe se ba tlaa mmonang molato ka sone, mme Jesu a inama a kwala mo mmung ka monwana wa gagwe.
7 When they kept questioning him, he stood up and said to them, "Whichever of you has no sin, cast the first stone at her." Ba tswelela pele ba batla karabo mo go Jesu, jalo a inamologa a ba raya a re, “Go siame, mo kgobotleng ka matlapa go fitlhela a swa. Mme le gale a konopiwe lwa ntlha ke yo a iseng a ke a leofe.”
8 And once more he bent down and wrote on the ground. Mme a inama a kwala gape mo mmung.
9 Hearing this, they left one by one, starting with the oldest, until Jesus was left alone with the woman standing there. Mme baeteledipele ba Sejuta ba ngwangwaela ka bongwe ka bongwe go simolola ka yo mogolo mo go bone go fitlhelela Jesu le mosadi ba sala ba le bosi fa pele ga bontsintsi jwa batho.
10 Jesus stood up and said to her, "Woman, where are they? Has no one condemned you?" Mme Jesu a inamologa gape mme a mo raya a re, “Ba ba go bayang molato ba kae? A le fa e le ope wa bone ga aa go sekisa?”
11 She said, "No one, Lord." Jesus said, "I don't condemn you either. Go, and from now on, don't sin anymore." Mme mosadi a fetola a re, “Nnyaa rra.” Mme Jesu a mo raya a re, “Le nna ga ke go sekise. Tsamaya mme o seka wa tlhola o leofa.”
12 Jesus spoke to them again: "I am the world's light. Whoever follows me will never walk in darkness but will have the light of life." Mme erile morago, mo go nngwe ya dithero tsa gagwe, Jesu a raya batho a re, “Ke lesedi la lefatshe. Jalo fa lo ntshala moragao, ga lo na go kgotswa mo lefifing, gonne lesedi le le tshelang le tlaa bonesa tsela ya lona.”
13 So the Pharisees said to him, "You are bearing witness about yourself; your testimony is not true." Mme Bafarasai ba mo fetola ba re, “O a ikgantsha ebile o bua maaka!”
14 Jesus replied, "Even if I testify about myself, my testimony is true, because I know where I came from and where I'm going; but you don't know where I come from or where I'm going. Jesu a ba raya a re, “Ditshupo tse di boammaaruri le fa ke di bua di raya nna. Gonne ke itse kwa ke tswang teng le kwa ke go yang, mme ga lo itse kwa ke go tswang le kwa ke go yang.
15 You judge according to the flesh; I judge no one. Lo nkatlhola lo sena mabaka a a utlwalang. Nna ga ke lo atlhole jaanong jaana,
16 Even if I judge, my judgment is true, since I do not judge alone, but I and the Father who sent me. mme fa ke ne nka lo atlhola, e ne e tlaa bo e le katlholo ya boammaaruri gotlhelele, gonne ke na le Rara yo o nthomileng.
17 In your Law it is written that the testimony of two people is true. Melao ya lona ya re fa batho ba le babedi ba dumalana mo go sengwe se se diragetseng, bosupi jwa bone bo amogelwa e le boammaaruri.
18 I testify about myself, and the Father who sent me testifies about me." Mme he, Nna ke mosupi yo mongwe le Rre yo o nthomileng ke mosupi yo mongwe.”
19 They asked, "Where is your Father?" Jesus answered, "You know neither me nor my Father. If you knew me, you would know my Father also." Mme bone ba botsa Jesu ba re, “Rrago o kae?” Jesu a ba araba a re, “Ga lo nkitse gore ke mang, jalo he, ga lo itse gore Rre ke mang. Fa lo no lo nkitsile, hong le ene lo ka bo lo mo itsele.”
20 He said this while teaching in the temple, in the treasury; no one seized him—his hour had not yet come. Jesu o ne a bua mafoko a a sa ntse a le mo lefelong la Tempele le le bidiwang Ntlo ya Dikhumo. Mme ga a ka a tshwarwa, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa gagwe.
21 So he told them again, "I am going away. You will look for me and die in your sin. Where I am going, you cannot come." Kwa morago a ba raya a re, “Ke a tsamaya; mme lo tlaa mpatla, mme lo tlaa swela mo dibeng tsa lona. Mme ga lo ka ke lwa tla kwa ke yang teng.”
22 So the Jews said, "Will he kill himself, since he says, "You can't come where I'm going"?" Bajuta ba botsa ba re, “A o ikaelela go ipolaya? O raya eng fa a re, ‘Ga lo ka ke lwa tla kwa ke yang teng’?”
23 He said to them, "You're from below; I'm from above. You're of this world; I'm not of this world. Mme a ba raya a re, “Lo tswa kwa tlase; ke tswa kwa godimo. Lo ba lefatshe leno; nna ga ke wa lona.
24 I told you that you'll die in your sins; if you don't believe I AM, you'll die in your sins." Ke sone se ke neng ke re lo tlaa swela mo dibeng tsa lona; gonne fa lo sa dumele gore Ke Mesia, Morwa Modimo, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.”
25 So they said to him, "Just who are you?" Jesus said to them, "Exactly what I've said from the start. Ba batla go itse, “Re bolelele gore o mang.” A fetola a re, “Ke yo o agang a lo ipolelela malatsi otlhe.
26 I have much to say and judge about you, but the One who sent me is true; what I heard from him, I tell the world." Ke ne ke ka lo sekisetsa dilo di le dintsi ka ba ka lo ruta di le dintsi, mme ga ke na go dira jalo, gonne ke bua fela se ke se boleletsweng ke yo o nthomileng; yo o boammaaruri.”
27 They did not understand that he had been speaking to them about the Father. Mme ba nna ba tlhoka go tlhaloganya gore o ne a bua le bone ka ga Modimo.
28 So Jesus told them, "When you lift up the Son of Man, then you'll know that I AM, and that I do nothing on my own, but say these things as the Father taught me. Mme Jesu a re, “E tlaa re lo sena go bolaya Morwa Motho, lo tlaa lemoga gore ke nna tota le gore ke ntse ke sa lo bolelele se ke se intshetsang fela mo tlhaloganyong ya me, mme ke ne ke bua se Rara o se nthutileng.
29 The one who sent me is with me; he hasn't left me alone, because I always do what pleases him." Mme yo o nthomileng o na le nna, ga a a ntatlha, gonne ke aga ke dira dilo tse di mo itumedisang.”
30 As he was saying these things, many believed in him. Mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba mo utlwileng a bua dilo tse ba simolola go mo dumela fa e le Mesia. Jesu a ba raya a re, “Lo barutwa ba me ba boammaaruri fa lo tshela ka fa ke lo bolelelang ka teng,
31 Jesus then told the Jews who had believed him, "If you remain in my word, you are truly my disciples, Not in this edition
32 and you will know the truth, and the truth will set you free." mme lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”
33 They answered him, "We are Abraham's descendants, never enslaved to anyone. How can you say, 'You will become free'?" Mme ba re, “Mme re losika lwa ga Aberahame, ga re ise re ke re nne makgoba a ga ope mo lefatsheng! O raya eng fa o re ‘boammaaruri bo tlaa lo golola’?”
34 Jesus answered them, "Truly, truly, I tell you: everyone who keeps sinning is sin's slave. Mme Jesu a ba raya a re, “Lo makgoba a sebe, mongwe le mogwe wa lona.
35 The slave does not remain in the house forever; the son remains forever. Mme makgoba ga a na ditshwanelo, mme Morwa o na le tshwanelo nngwe le nngwe, e e teng!
36 So if the Son sets you free, you will be free indeed. Jalo fa Morwa a lo golola, lo tlaa gololesega tota.
37 I know you are Abraham's descendants; yet you seek to kill me because my word has no space in you. (Ee, ke lemoga gore lo losika lwa ga Aberahame!) Mme le fa go ntse jalo bangwe ba lona ba leka go mpolaya gonne molaetsa wa me ga o bone boikhutso mo dipelong tsa bone.
38 I speak what I've seen with my Father, and you do what you heard from your father." Ke lo bolelela se ke se bonyeng fa ke na le Rre. Mme lona lo diragatsa kgakololo ya ga rraa-lona.”
39 They answered, "Abraham is our father." Jesus said, "If you were Abraham's children, you'd do the works Abraham did, Ba re, “Rraa-rona ke Aberahame,” mme Jesu a fetola a re, “Nnyaa! Fa e ne e le ene, lo ka bo lo tshwana nae.
40 but now you want to kill me—a man who told you the truth I heard from my Father. Abraham didn't do this. Mme mo boemong jwa gore lo tshwane nae lo leka go mpolaya, ka ntlha ya go bo ke lo boleletse boammaaruri jo ke bo utlwileng kwa Modimong. Aberahame o ne o ka seka a dira selo se se ntseng jalo!
41 You do your father's works." They said to him, "We weren't born of sexual sin. We have one Father—God himself." Nnyaa! Lo obamela rraa-lona tota fa lo dira jalo.” Ba fetola ba re, “Ga re a tsalelwa mo dikgoreng, rraa-rona wa boammaaruri ke Modimo o le osi.”
42 Jesus said to them, "If God were your Father, you'd love me, for I came from God and am here. I didn't come on my own—he sent me. Mme Jesu a ba raya a re, “Fa go ne go ntse jalo, lo ka bo lo nthata, gonne ke tsile kwa go lona ke tswa kwa Modimong. Ga ke fano ka go rata ga me, ke ene o nthomileng.
43 Why don't you understand my speech? Because you cannot bear to hear my word. Ke eng fa lo sa kgone go tlhaloganya se ke se buang? Ke ka ntlha ya gore lo kganelwa go dira jalo!
44 You belong to your father, the devil, and want to carry out his desires. He was a murderer from the beginning, not standing in truth, since no truth is in him. When he lies, he speaks from his own nature, since he's a liar and the lie's father. Gonne lo bana ba ga rraa-lona ebong Diabolo, jalo he lo rata dilo tse di bosula tse a di dirang. Ene o sale a nna mmolai le mo tshimologong, le Moidi wa boammaaruri, ga go na le fa e le tlhase-nyana ya boammaaruri mo go ene. Fa a bua maaka, ke tlwaelo ya gagwe gonne ke Ramaaka.
45 But because I tell the truth, you do not believe me. Mme jalo fa ke bua boammaaruri, ga lo dumele ka ntlha ya ka fa lo tlholegileng ka teng!
46 Who among you convicts me of sin? If I speak truth, why don't you believe me? “Ke ofe wa lona yo o ka mpayang molato wa sebe? [Ga gona ope!] Mme ka ke lo bolelela boammaaruri, ke eng fa lo sa ntumele?
47 Whoever is from our Father hears his words; you don't hear because you're not from our Father." Le fa e le mang yo e leng gore rraagwe ke Modimo o reetsa mafoko a Modimo ka boitumelo. Mme ka lo sa reetse, go supa fa lo se bana ba one.”
48 The Jews replied, "Aren't we right in saying that you are a Samaritan and have a demon?" Mme baeteledipele ba Sejuta ba goa ba re, “Mosamarea ke wena! Motswakwa! Diabolo! A ga re a go bolelela ra re o tsenwe ke mowa o o maswe?”
49 Jesus answered, "I do not have a demon, but I honor my Father, and you dishonor me. Jesu a re, “Nnyaa, ga ke a tsenwa ke mowa o o maswe. Gonne ke tlotla Rre, mme nna ga lo ntlotle?
50 But I'm not seeking my own glory; our Father seeks it, and he judges. Mme le fa ke sa eletse go ikgodisa, Modimo o mpatlela selo se ebile o atlhola ba ba sa mpatleng.
51 Truly, truly, I say to you, if anyone keeps my word, he will never see death." Ka tlhomamiso yotlhe ke lo raya ke re, ga go na ope yo o ntheetsang yo o tlaa swang!”
52 The Jews said to him, "Now we know you have a demon. Abraham died, as did the prophets, yet you say, 'Whoever keeps my word will never taste death.' Baeteledipele ba Sejuta ba mo raya ba re, “Jaanong re itse gore o tsenwe ke mowa o o maswe. Le Aberahame tota le baporofiti ba bagolo ba sule, mme wena wa re fa re go obamela ga re kitla re e swa!
53 Are you greater than our father Abraham, who died? The prophets died too! Who do you claim to be?" Jalo he, a o mogolo mo go rraa-rona Aberahame yo o suleng? Gape a o mogolo mo baporofiting ba ba suleng? O ikgopola gore o eng.”
54 Jesus answered, "If I glorify myself, my glory is nothing. It is my Father who glorifies me, of whom you say, 'He is our God.' Hong Jesu a ba raya a re, “Fa e le gore ke a ikgodisa, ga go reye sepe. Mme Modimo ke Rre, mme lwa re Modimo ke wa lona, yo o buang dilo tse di galalelang tse ka ga me.
55 You don't know him, but I know him. If I said I didn't know him, I'd be a liar like you. But I know him and keep his word. Mme le fa e le go mo itse ga lo mo itse. Nna ke a mo itse. Fa e le gore ke buile ka tsela nngwe, ke tlaa bo ke mo obamela ka botlalo.
56 Your father Abraham rejoiced that he would see my day. He saw it and was glad." Rraa-lona Aberahame o itumeletse go bona letsatsi la me. O ne a itse gore ke e tla mme a itumela.”
57 So the Jews said to him, "You're not yet fifty years old, and you've seen Abraham?" Mme baeteledipele ba Sejuta ba re, “Ga o ise o bo o nne dingwaga di le masome matlhano, tota ga o ise o ke o bone Aberahame!”
58 Jesus said to them, "Truly, truly, I say to you, before Abraham was, I AM." Mme Jesu a re, “Boammaaruri jotlhe ke gore ke ne ke sale ke tshedile pele ga Aberahame a tsalwa!”
59 So they grabbed stones to throw at him, but Jesus hid himself and slipped out of the temple. Gone fela foo baeteledipele ba Sejuta ba sela matlapa go mmolaya. Mme a ba iphitlhela, a ba ralala a tswa mo Tempeleng.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]