Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

John 5 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 After this there was a feast of the Jews, and Jesus went up to Jerusalem. Mme erile morago ga mo o Jesu a boela kwa Jerusalema ka ntlha ya letsatsi lengwe la malatsi a boikhutso a tumelo ya Sejuta.
2 By the Sheep Gate in Jerusalem is a pool with five covered porches, called Bethesda in Aramaic. Mo mo-tseng, gaufi le kgoro ya dinku go ne go na le Lekadiba ja Betheseda le na le maobo a le matlhano.
3 In these lay a multitude of the sick—blind, lame, and paralyzed. Bontsintsi jwa batho ba ba lwalang, ba ba tlho-tsang, ba ba foufetseng, kgotsa ba ba suleng mefama ba ne ba ntse mo maobong ba letetse go fetlhega ga metsi,
4 Not in this edition gonne moengele wa Morena o ne a tle a tle go fetlha metsi, mme motho wa ntlha go tlolela mo teng o ne a fodisiwa.
5 One man was there who had been sick for thirty-eight years. Mongwe wa banna ba ba neng ba namaletse gone foo, o ne a sa bolo go lwala mo dingwageng di le masome mararo le bofera bobedi.
6 Seeing him lying there and knowing he had already been there a long time, Jesus asked, "Do you want to be healed?" Erile fa Jesu a mmona ebile a itse lobaka lo a saleng a lwala ka lone a mmotsa a re, “A o batla go fola?”
7 The sick man answered him, "Sir, I have no one to put me in the pool once the water stirs—while I'm on my way, someone else gets in first." Mme monna yo o lwalang a re, “Ga ke kgone, ka gore ga ke na ope yo o ntsenyang mo lekadibeng ka nako ya phetlho ya metsi, e a re fa ke sa ntse ke leka go tlolela mo teng, mongwe a bo a nthaka.”
8 Jesus said to him, "Get up, take up your mat, and walk." Mme Jesu a mo raya a re, “Nanoga, phutha phate ya gago o ye gae!”
9 At once the man became well, picked up his mat, and walked. That day was the Sabbath. Ka bonako monna a fola! A phutha phate a simolola go tsamaya! Mme go ne go le letsatsi la Sabata fa kgakgamatso e e diragala. Mme baeteledipele ba Sejuta ba nna kgatlhanong le tiro eo.
10 So the Jews told the healed man, "It's the Sabbath—you're not allowed to carry your mat." Ba raya monna yo o fodisitsweng ba re, “Ga o a tshwanela go dira ka letsatsi la Sabata! Ga go kafa molaong go tshola phate eo!”
11 He answered them, "The man who healed me told me, 'Take up your mat and walk.'" Mme ene a ba fetola a re, “Monna yo o mphodisitseng o rile ke e tsee.”
12 They asked him, "Who is the man who told you, 'Take it up and walk'?" Ba mmotsa ba re, “Yo o neng a bua selo se se ntseng jalo ke mang?”
13 But the healed man didn't know who it was, since Jesus had slipped away into the crowd there. Monna yo o fodisitsweng a bo a sa itse gore ke mang, gonne Jesu o ne a nyeletse mo bontsintsing jwa batho.
14 Later Jesus found him in the temple and said, "You are healed now. Stop sinning, or something worse may happen to you." Mme erile kwa morago Jesu a mmona mo Tempeleng mme a mo raya a re, “Jaanong o fodile; o se ka wa tlhola o leofa gape, ka gore fa o ka leofa e ka re kgotsa wa diragalelwa ke se se bosula bogolo!”
15 The man went away and told the Jews that it was Jesus who had made him well. Mme monna yo o fodisitsweng a ya go senka baeteledipele ba Sejuta mme a ba bolelela gore o fodisitswe ke Jesu.
16 And so the Jews began persecuting Jesus, because he was doing these things on the Sabbath. Mme ba simolola go gagautlha Jesu ba mo raya ba re ke motlola melao ya Sabata.
17 But Jesus answered them, "My Father is working until now, and I too am working." Mme Jesu a fetola a re, “Rre o tsweletse pele ka go dira tshiamo, mme le nna ke dira jaaka ene.”
18 So the Jews sought even more to kill him: he not only broke the Sabbath but called our Father his own Father, making himself equal to him. Mme baeteledipele ba Sejuta ba gakala thata ba batla go mmolaya gonne mo godimo ga go tlola melao ya Sabata, o ne a re Modimo ke rraagwe, ka go bua jalo a itekanya le Modimo.
19 So Jesus said to them, "Truly, truly, I tell you: the Son can do nothing on his own, but only what he sees the Father doing. Whatever the Father does, the Son does the same. Mme Jesu a fetola a re, “Ga go na sepe se Morwa a ka se dirang ka boene. O dira fela se a bonang Rara a se dira, ka tsela e e tshwanang.
20 "For the Father loves the Son and shows him everything he does; he will show him greater works than these, so you will be amazed. Gonne Rara o rata Morwa, o mmolelela sengwe le sengwe se a se dirang; mme Morwa o tlaa dira dikgakgamatso tse dikgolo go feta phodiso ya monna yo!
21 For as the Father raises the dead and gives life, so the Son too gives life to anyone he wants. Ebile o tlaa tsosa mo baswing mongwe fela yo ene a batlang go mo tsosa, fela jaaka Rara a dira.
22 For the Father judges no one, but has entrusted all judgment to the Son, Mme Rara o neetse Morwa katlholo yotlhe; ya sebe
23 so everyone honors the Son as they honor the Father; whoever doesn't honor the Son doesn't honor the Father who sent him. gore mongwe le mongwe a tle a tlotle Morwa, fela jaaka ba tlotla Rara. Mme fa lo gana go tlotla Morwa Modimo, yo o mo romileng kwa go lona, hong ga lo tlotle Rara gotlhelele.
24 Truly, truly, I tell you: whoever hears my word and believes the one who sent me has eternal life and won't face judgment—they have passed from death to life. “Ke bua ke gatelela gore mongwe yo o reetsang molaetsa wa me a bo a dumela mo Modimong o o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a na go sekisiwa ka ntlha ya dibe tsa gagwe, gonne o setse a dule mo losong a tsenye mo botshelong.
25 Truly, truly, I tell you, an hour comes, and is now here, when the dead will hear the voice of the Son of our Father, and those hearing will live. Mme ke bua ka tlhoafalo ke re, ‘Lobaka lo e tla, tota legale lo setse lo fitlhile, fa baswi ba tlaa utlwang lentswe la me, lentswe la Morwa Modimo, mme ba ba reetsang ba tlaa tshela.’
26 For as the Father has life in himself, he gave the Son to also have life in himself. Rara ka esi o na le botshelo, jalo he o neetse Morwawe botshelo joo gore bo nne mo go ene ka esi,
27 And he has given him authority to execute judgment, because he is the Son of Man. le go atlhola dibe tsa batho botlhe gonne ke Morwa Modimo.
28 Don't be astonished at this—an hour is coming when everyone in the tombs will hear his voice, Se gakgamaleng! Ruri lobaka lo e tla lo baswi botlhe mo mabitleng a bone ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo,
29 and come out—those who did good, to the resurrection of life; those who did evil, to the resurrection of judgment. mme ba ba dirileng tshiamo ba tlaa tsoga gape go ya botshelong jo bo sa khutleng; mme ba ba neng ba tsweletse mo bosuleng, ba tlaa bo ba tsogela katlholong.
30 By myself I can do nothing. I judge as I hear; my judgment is fair, because I seek not my own will but the will of the One who sent me. Mme ga ke dire katlholo epe ke sa rerisa Rara. Ke atlhola jaaka ke laetswe. Mme katlholo ya me e siame ebile e tlhamaletse gonne e ka fa go rateng ga Modimo o o nthomileng, ga se ya me fela.
31 "If I testify about myself, my testimony is not valid. Fa ke bua ka bo nna, ga ke dumelwe.
32 There is another who testifies about me, and I know his testimony about me is true. “Mme mongwe, ebong Johane wa Mokolobetsi, le ene o bua ka ga me. Lo ne lwa tswa lwa ya go reetsa thero ya gagwe, mme ke lo tlhomamisetsa gore mo a go buang ka ga me ke boammaaruri!
33 You sent messengers to John, and he has testified to the truth. Not in this edition
34 Not that I accept human testimony, but I say these things so that you may be saved. Mme bosupi jwa boammaaruri jo ke nang nang najo, ga bo tswe mo mothong, lo gakolotswe ka bosupi jwa ga Johane gore lo tle lo dumele mo go nna lo bolokwe.
35 John was a burning, shining lamp, and you were willing to rejoice briefly in his light. Johane o ne a phatsima sentle ka lobakanyana, mme go ne ga lo solegela molemo lwa itumela,
36 But I have testimony greater than John's: the works my Father gave me to finish—the very works I'm doing—testify that my Father sent me. mme Nna ke na le mosupi yo mogolo go feta Johane. Ke raya dikgakgamatso tse ke di dirang; ke di neetswe ke Rara, mme di supa gore Rara o nthomile.
37 And my Father who sent me has himself testified about me. You've never heard his voice or seen his form, Mme Rara le ene o supile ka ga me, le fa a sa lo itshupegetsa ka sebele, kgotsa a bua le lona lo lebaganye mo matlhong.
38 and you don't have his word remaining in you, since you don't believe the one he sent. “Mme ga lo mo reetse, gonne lo gana go ntumela, nna yo ke romilweng kwa go lona ka molaetsa wa Modimo.
39 You search the Scriptures, thinking they hold eternal life—yet they themselves testify about me, Lo phuruphutsa dikwalo tsa tumelo, gonne lo dumela gore di lo naya botshelo jo bo sa khutleng. Mme dikwalo di raya nna!
40 yet you refuse to come to me so that you may have life. “Mme ga lo tle kwa go nna gore ke lo neye botshelo jo jo bo sa khutleng!
41 I do not accept glory from people, Go rata kgotsa go sa rateng ga lona ga go reye sepe mo go nna gonne jaaka ke itse sentle, ga go na lorato lwa Modimo mo go lona.
42 but I know you—that you do not have the love of our Father within you. Not in this edition
43 I have come in my Father's name, and you don't receive me; if another comes in his own name, you'll receive him. Ke a itse, gonne ke tsile kwa go lona ke emetse Rre mme lo gana go nkamogela, le fa go ntse jalo lo ipaakanyeditse go amogela ba ba sa rongwang ke ene, mme ba ikemetse ka bo bone!
44 How can you believe, when you accept glory from one another and don't seek the glory from the only God? Ga go hakgametse fa lo sa dumele! Gonne lo tlotlana ka boitumelo, mme ga lo na sepe ka ga tlotlo e e tswang Modimong o o osi!
45 Don't think I will accuse you before my Father. Moses, in whom you've hoped, accuses you. “Mme ga se nna yo ke tlaa lo bayang molato ka ga selo se kwa go Rara; ke Moshe yo o tlaa dirang jalo! Moshe, yo mo melaong ya gagwe lo tlhomileng ditsholofelo tsa lona tsa legodimo.
46 For if you believed Moses, you would believe me, because he wrote about me. “Gonne lo ganne go dumela Moshe. O kwadile ka ga me, mme lo gana go mo dumela, jalo he, le nna lo gana go ntumela.
47 But if you do not believe his writings, how will you believe my words?" Mme ka lo sa dumele se a se kwadileng, ga go hakgamatse fa le nna lo sa ntumele.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]