Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

John 4 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 So when Jesus knew the Pharisees heard he was making and baptizing more disciples than John. Erile Morena a itse gore Bafarasai ba utlwile kaga bontsintsi jo bo yang kwa go ene go na le kwa go Johane go kolobediwa le go nna barutwa ba gagwe (ntswa Jesu ene ka boene a ne a sa ba kolobetse, go ne go kolobetsa barutwa ba gagwe).
2 (though Jesus himself was not baptizing, but his disciples were), Not in this edition
3 he left Judea and went back to Galilee. A tswa mo Judea mme a boela kwa kgaolong ya Galalea.
4 And he had to pass through Samaria. Mme a tshwanelwa ke go ralala Samaria a le mo tseleng.
5 So he came to a town of Samaria called Sychar, near the field Jacob gave his son Joseph. Mme erile motshegare wa sethoboloko, fa a atamela motse wa Sikara, a goroga fa Sedibeng sa ga Jakobe se se neng se le mo setsheng sa lefatshe se Jakobe a neng a se neile morwawe Josefe. Jesu o ne a lapisitswe ke go tsamaya mo mogoteng wa letsatsi sekgala se se leele, hong a nna fa thoko ga sediba a lapile thata.
6 Jacob's well was there. Jesus, tired from the trip, sat down at the well—about noon. Not in this edition
7 A woman of Samaria came to draw water. Jesus said to her, "Give me a drink." Mme ka bofefo ga tla mosadi wa Mosamaria a tla go ga metsi, mme Jesu a mo kopa metse a go nwa.
8 (For his disciples had gone into the town to buy food.). O ne a le nosi ka nako eo, barutwa ba gagwe ba ile kwa motseng go reka dijo.
9 The Samaritan woman said, "You're a Jew; why ask me, a Samaritan woman, for a drink?" (Jews don't associate with Samaritans.). Mosadi a gakgamala gore a Mojuta o ka kopa “Mosamaria yo o nyatsegang” sengwe, ka tlwaelo ba ne ba sa buisanye! Mme a bua kaga selo se le Jesu.
10 Jesus answered her, "If you knew our Father's gift, and who asks you, 'Give me a drink,' you'd have asked him, and he'd have given you living water." Mme Jesu a fetola a re, “Fa o ne o itsile gore Modimo o go tsholetse neo e e gakgamatsang jang, le gore ke nna mang, o kabo o nkopile metse a botshelo!”
11 The woman said to him, "Sir, you have nothing to draw with, and the well is deep. Where then do you get this living water? Mme mosadi a re, “Ga o na segelelo, le gone sediba se se boteng thata! O ne o tlaa tsaya kae metse a botshelo?
12 Are you greater than our father Jacob, who gave us the well, drank from it himself, with his sons and livestock?" Kwa ntle ga moo, a o mogolo mo go rraarona mogolwagolwane Jakobe? O ka mpha metse a a botoka jang go na le a Jakobe le bo morwawe le dikgomo tsa bone di a noleng ka boitumelo?”
13 Jesus said to her, "Everyone who drinks of this water will be thirsty again, Jesu a fetola a re, “Batho ba tshwarwa ke lenyora ka bofefo fa ba sena go nwa metsi a. A ke a ba nayang, a nna motswedi wa bosakhutleng mo go bone.
14 but whoever drinks the water I give him will never thirst again; that water will become in him a spring of water welling up to eternal life." Mme metsi a. A ke a motswedi o o ba nose-tsang ka metlha ka botshelo jo bo sa khutleng.”
15 The woman said to him, "Sir, give me this water, so I won't get thirsty or come here to draw water." Mme mosadi a mo raya a re, “Tswee-tswee rra, nnosa metsi ao! Hong ga ke na go tlhola ke nyorwa gape, le fa e le go tsamaya mosepele o moleele o wa go tla go ga metse fano malatsi otlhe.”
16 Jesus said to her, "Go, call your husband, and come back here." Mme Jesu a mo raya a re, “Tsamaya o ye go tla le monna wa gago.”
17 The woman answered, "I have no husband." Jesus told her, "You're right to say you have no husband. Mme mosadi a mo fetola a re, “Kana ga ke a nyalwa.” Jesu a re, “O bua boammaaruri Ka gore o kile wa nna le banna ba le batlhano, mme monna yo o nnang le ene gompieno jaana ga a go nyala.”
18 For you've had five husbands, and the man you have now isn't your husband. You've spoken the truth." Not in this edition
19 The woman said to him, "Sir, I see that you are a prophet. Mme mosadi a mo raya a re, “Rra, o tshwa-netse wa bo o le moporofiti.
20 Our fathers worshiped on this mountain, but you say Jerusalem is where people must worship." Mme he, mpolelela, ke eng fa lona Bajuta lo re Jerusalema ke lone fela lefelo la kobamelo-Modimo, fa rona Basamaria re re ke fano [mo Thabeng ya Gerasime] kwa borraa-rona mogolwagolwane ba neng ba obamela teng?”
21 Jesus told her, "Woman, believe me: an hour is coming when you'll worship the Father neither on this mountain nor in Jerusalem. Jesu a fetola a re, “Nako e e tla, mma, fa re tlaa bong re sa tlhole re tshwenyega ka gore a re obamela Rara fano kgotsa mo Jerusalema. Gonne ga go mo go reng re obamela kae, fa e se gore re obama jang, ebong gore a kobamelo ya rona ke ya semowa le ya boammaaruri? A re na le thuso ya Mowa O O Boitshepo? Gonne Modimo ke Mowa, jalo re tshwanetse go nna le thuso ya one go o obamela jaaka re tshwanetse. Rara o batla one mofuta o wa kobamelo mo go rona. Mme lona Basamaria lo itse go se kae fela kaga gagwe, lo obamela ka bofofu fa rona Bajuta re itse gotlhe kaga gagwe, gonne poloko e tla mo lefatsheng ka Bajuta.”
22 You worship what you don't know; we worship what we know—salvation comes from the Jews. Not in this edition
23 But a time is coming, and now is, when true worshipers worship the Father in spirit and truth—for the Father seeks such worshipers. Not in this edition
24 The Father is spirit, and those who worship him must worship in spirit and truth." Not in this edition
25 The woman said to him, "I know Messiah—the one called Christ—is coming. When he comes, he will tell us everything." Mosadi a re, “Go siame, le fa go ntse jalo ke itse gore Mesia o tlaa tla, yo ba mmitsang Keresete, mme fa a tla o tlaa re tlhalosetsa sengwe le sengwe.”
26 Jesus said to her, "I am he—the one speaking to you." Hong Jesu a mo raya a re, “Ke nna Mesia!”
27 Just then his disciples returned, amazed he was talking with a woman. Yet no one said, "What do you want?" or, "Why talk with her?" Mme erile gone foo fela barutwa ba gagwe ba goroga. Ba gakgamalela go mmona a bua le mosadi, mme le fa e le ope wa bone a se ka a mmotsa gore ke eng.
28 So the woman left her water jar and went back to town and said to the people, Mme mosadi a tsamaya a tlogela nkgwana ya gagwe ya metsi fa thoko ga sediba a boela kwa motseng mme a feta a bolelela mongwe le mongwe jaana, “Tlang lo bone monna yo o mpoleletseng sengwe le sengwe se ke neng ke tshela ke se dira! A e ka ne e le ene Mesia?”
29 "Come, see a man who told me everything I ever did. Could this be the Christ?" Not in this edition
30 They left the town and were coming to him. Mme batho ba motse ba tla ba tsositse modumo ba ya go mmona.
31 Meanwhile the disciples were urging him, "Rabbi, eat." Erile ka lobakanyana fa mosadi a sa ntse a ile go bolelela batho kwa motseng, barutwa ba sala ba leka go kgothaletsa Jesu go ja.
32 But he said to them, "I have food to eat that you know nothing about." Mme Jesu a ba fetola a re, “Nnyaa, ke na le dijo tse lo sa itseng kaga tsone.”
33 So the disciples said to one another, "Has anyone brought him something to eat?" Mme barutwa ba botsanya ba re, “Yo o di mo lereditseng ke mang?”
34 Jesus said to them, "My food is doing the will of the one who sent me and finishing his work. Mme Jesu a ba tlhalosetsa jaana a re: “Dikotla tsa me di mo go direng go rata ga Modimo o o nthomileng, le mo go fetseng tiro ya One.
35 Don't you say, 'Four months more, then harvest comes'? Look, I tell you: raise your eyes, see the fields—white for harvest. A lo gopola gore tiro ya thobo ga e na go simolola go fitlhelela selemo se fela mo dikgweding tse nne go simolola jaanong jaana? Lebang mo tikologong! Masimo a magolo a e leng mewa ya batho, a simolola go butswa mo tikologong yotlhe ya rona, ebile a setse a ka rojwa.
36 Already the harvester earns wages, gathering fruit for eternal life, so that planter and harvester may rejoice together. Barobi ba tlaa duelwa tuelo e ntle, mme ba tlaa phuthela mewa e e bolokwang mo difalaneng tsa legodimo! Ke boitumelo jo bogolo jang jo bo letileng mojadi le morobi!
37 For here the saying holds true: 'One plants and another harvests.' Gonne ke boammaaruri gore mongwe o a jala mme yo mongwe o a roba.
38 I sent you to reap what you didn't work for. Others worked, and you have entered into their labor." Ke lo romile go roba kwa lo sa jalang teng; ba bangwe ba dirile tiro ya bone mme lona lwa amogela thobo.”
39 Many Samaritans from that town believed in him because of the woman's testimony: "He told me everything I ever did." Batho ba le bantsi ba ba tswang mo motseng wa Samarea, ba dumela gore ke Mesia ka ntlha ya polelo ya mosadi e e reng, “O mpoleletse sengwe le sengwe se ke neng ke aga ke se dira!”
40 When the Samaritans came to him, they asked him to stay with them; he stayed two days. Erile ba ya go mmona kwa sedibeng, ba feta ba mo kopa go ya go nna mo motseng wa bone; mme a dira jalo, a nna malatsi a le mabedi, a a neng a lekanye ba le bantsi go dumela mo go ene ba sena go mo utlwa.
41 And many more believed because of his word. Not in this edition
42 They told the woman, "It is no longer because of what you said that we believe—we've heard for ourselves, and we know this man truly is the Savior of the world." Mme ba raya mosadi ba re, “Jaanong re a dumela gonne re mo ikutlwetse, e seng fela ka ntlha ya se wena o se re boleletseng. Ke ene tota Mmoloki wa lefatshe.”
43 After the two days he departed from there for Galilee. Erile a sena go nna malatsi a mabedi, a ya Galalea fela jaaka a ne a tle a re, “Moporofiti o tlotlega gongwe le gongwe fa e se fela mo lefatsheng la ga gabo!”
44 (For Jesus himself had testified that a prophet has no honor in his own hometown.). Not in this edition
45 When he arrived in Galilee, the Galileans welcomed him, having seen all he did in Jerusalem at the feast—they too had gone to the feast. Mme Bagalalea ba feta ba mo amogela sentle ka diatla tsoo pedi gonne ba ne ba le mo Jerusalema ka moletlo wa Tlolaganyo le gore ba ne ba bonye dikgakgamatso dingwe tsa gagwe.
46 He went again to Cana in Galilee, where he had turned water to wine. A royal official's son was sick at Capernaum. Mo lobakeng lwa loeto lwa gagwe a raletse Galalea, o ne a goroga mo motseng wa Kana kwa a neng a kile a fetola metsi mofine teng. Erile a sale teng koo, monna mongwe mo motseng wa Kaperenama, yo e neng e le kgosana, yo morwawe o neng a lwala thata, a utlwa gore Jesu o boile kwa Judea jaanong o mo Galalea. Monna yo a ya kwa Kana, a fitlhela Jesu, mme a kopa gore a ye le ene kwa Kaperenama go ya go fodisa morwawe yo a neng a le fa gare ga loso le botshelo.
47 Hearing that Jesus had come from Judea to Galilee, he went to him and begged him to come down and heal his son, who was about to die. Not in this edition
48 So Jesus said to him, "Unless you people see signs and wonders, you will never believe." Mme Jesu a mmotsa a re, “A ga gona ope wa lona yo o dumelang mo go nna fa e se ke tswelela ka go dira dikgakgamatso?”
49 The royal official said to him, "Sir, come down before my child dies." Kgosana ya mo rapela ya re, “Rra, tswee-tswee itlhaganele pele ngwanake o a swa.”
50 Jesus said to him, "Go; your son will live." The man believed what Jesus told him and left. Mme Jesu a mo raya a re, “Boela kwa gae. Morwao o fodile!” Mme kgosana ya dumela Jesu ya boela kwa gae.
51 As he was going down, his servants met him and told him that his boy was living. Mme ya re fa a sale mo tseleng, bangwe ba batlhanka ba gagwe ba mo rakantsha ka mafoko a a reng sengwe le sengwe se siame, morwao o namologile mo bolwetseng.
52 So he asked them the hour he improved, and they said, "Yesterday at the seventh hour, the fever left him." A ba botsa gore mosimanyana o sale a simolola go ikutlwa botoka leng? Mme ba mo fetola ba re, “Erile maabane mo tshokologong nako e ka nna ya bongwe, letshoroma la gagwe la bo le nyelela!”
53 So the father knew this was the hour when Jesus told him, "Your son will live." He and his whole household believed. Hong rraagwe a lemoga gore e ne e le ka lone lobaka lo Jesu a neng a mo raya a re, “Morwao o fodile.” Mme Kgosana le bantlo ya gagwe ba dumela gore Jesu ke Mesia.
54 This was now the second sign that Jesus did when he had come from Judea to Galilee. Se e ne e le kgakgamatso ya bobedi mo Ga-lalea morago ga go boa ga ga Jesu kwa Judea.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]