Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

John 3 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Now there was a man of the Pharisees named Nicodemus, a ruler of the Jews. Mme ya re bosigo bongwe morago ga lotlatlana, moeteledipele wa tumelo ya Sejuta yo o bidiwang Nikodemo, wa leloko la phuthego ya Bafarasai, a tla go kopa Jesu thuso. A re, “Rra, rotlhe re itse gore Modimo o go romile go tla go re ruta. Dikgakgamatso tsa gago di supa ka botlalo gore o romilwe ke Modimo.”
2 This man came to Jesus at night and said, "Rabbi, we know you are a teacher who has come from our Father, for no one can do these signs you do unless our Father is with him." Not in this edition
3 Jesus answered, "Truly, truly, I tell you: unless someone is born from above, he can't see the kingdom of our Father." Mme Jesu a fetola a re, “Ka tlhoafalo yotlhe e ke nang nayo ke go bolelela se: fa o sa tsalwe sesha, ga o kake wa tsena mo Bogosing jwa Modimo.”
4 Nicodemus asked, "How can a man be born when he's old? Can he enter his mother's womb again and be born?" Mme Nikodemo a gakgamala a re, “Ke tsalwe gape! O rayang? Motho e ka re e le mogolo o ka boela jang mo sebopelong sa ga mmaagwe gore a tsalwe gape?”
5 Jesus answered, "Truly, truly, I tell you, unless one is born of water and the Holy Spirit, he can't enter our Father's kingdom. Mme Jesu a fetola a re, “Se ke se go bolelelang ka tlhoafalo ke se: kwa ntle ga gore motho a tsalwe ka metsi le ka mowa ga a ka ke a tsena mo Bogosing jwa Modimo.
6 Born of the flesh is flesh, and born of the Holy Spirit is spirit. Batho ba ka tsala batho ba bangwe fela, mme Mowa O O Boitshepo o naya botshelo jo bosha jo bo tswang legodimong.
7 Don't be amazed that I said to you, 'You must be born from above.' Jalo he, o se gakgamalele go bua ga me fa ke re o tshwanetse go tsalwa gape!
8 Wind blows where it wants; you hear its sound but don't know where it comes from or where it goes. So it is with everyone born of the Spirit." Fela jaaka o ka utlwa phefo mme o ka seka wa bolela kwa e tswang teng kgotsa kwa e tlaa fokelang teng gape, Mowa o ntse fela jalo. Ga re itse gore o tlaa neela mang botshelo jo, jo bo tswang legodimong.”
9 Nicodemus said to him, "How can these things be?" Mme Nikodemo a mmotsa a re, “O rayang?”
10 Jesus answered him, "Are you the teacher of Israel and yet you do not understand these things? Mme Jesu a fetola a re, “O moruti wa Bajuta yo o tlotlegang, mme a ga o ise o tlhaloganye dilo tse? Ke go bolelela se ke se itseng e bile ke se bonye, mme le fa go ntse jalo ga o ise o ntumele.
11 Truly, truly, I tell you: we speak what we know, we testify to what we've seen, yet you don't accept our testimony. Not in this edition
12 If I told you earthly things and you don't believe, how will you believe if I tell you heavenly things? Mme fa o sa ntumele fa ke go bolelela ka ga dilo tse di diragalang fano mo bathong, o ka dumela jang fa ke go bolelela ka tse di diragalang kwa legodimong?
13 No one has ascended into heaven except the one who descended from heaven, the Son of Man. Gonne ke nna fela, Morwa Motho, yo ke tsileng mo lefatsheng mme ke tlaa boela kwa legodimong gape.
14 As Moses lifted up the serpent in the wilderness, so the Son of Man must be lifted up, “Mme fela jaaka Moshe a ne a tsholetsa setshwantsho sa noga ya kgotlho mo mopakong, le nna ke tshwanetse go tsholediwa fela jalo mo mopakong.
15 that whoever believes in him may have eternal life. Gore le fa e le mang yo o dumelang mo go nna a tle a bone botshelo jo bo sa khutleng.
16 For our Father so loved the world that he gave his one and only Son, that whoever believes in him will not perish but have eternal life. Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo mo o neng wa ntsha Morwa One a le esi gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a seka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.
17 For our Father did not send his Son into the world to condemn the world, but so the world could be saved through him. Modimo ga o wa ka wa romela Morwa One go atlhola lefatshe, fa e se go le boloka.
18 Whoever believes in him isn't condemned; whoever doesn't believe is condemned already, for not believing in the name of the one and only Son of our Father. “Ga go na tshekiso ya bosakhutleng e e emetseng ba ba mo ikanyang go ba boloka. Mme ba ba sa mo ikanyeng ba setse ba sekisitswe ebile ba atlhotswe ka ntlha ya go sa dumeleng mo go morwa Modimo yo o esi.
19 This is the judgment: light has entered the world, and people loved darkness more than light because their deeds were evil. Katlholo ya bone e itsetsepetse mo boammaaruring jo: gore Lesedi le le tswang kwa legodimong le tsile mo lefatsheng, mme ba rata lefifi go gaisa Lesedi, gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula.
20 Everyone who does evil hates the light and won't come to the light, so that his deeds aren't exposed. Ba ila Lesedi la legodimo gonne ba ne ba batla go leofa mo lefifing. Ba nna kgakala le Lesedi leo gonne ba ne ba tshaba gore dibe tsa bone di tlaa bewa mo pontsheng, mme ba otlhaiwe.
21 But whoever does the truth comes to the light, so it may be revealed that his works have been done in our Father." Mme ba ba dirang tshiamo, ba tla ka boitumelo mo Leseding gore mongwe le mongwe a bone gore ba dira se Modimo o batlang ba se dira.”
22 After this, Jesus and his disciples went into the Judean countryside, where he stayed with them, baptizing. Erile morago, Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo Jerusalema mme ba nna ka lobakanyana mo Judea ba kolobetsa teng.
23 John also baptized at Aenon near Salim, since water was plentiful there, and people came and were baptized, Ka nako e, Johane wa Mokolobetsi o ne a ise a tsenngwe mo kgolegelong. O ne a kolobetsa kwa Ainona gaufi le Salema, gonne go ne go na le metsi a mantsi teng.
24 for John had not yet been put in prison. Not in this edition
25 Now a discussion arose between some of John's disciples and a Jew over purification. Letsatsi lengwe mongwe a simolola go ngangisa barutwa ba ga Johane a ba bolelela gore kolobetso ya ga Jesu ke yone fela e e botoka.
26 They came to John and said, "Rabbi, the man with you beyond the Jordan, the one you testified about—he's baptizing, and everyone goes to him." Hong ba tla kwa go Johane ba mo raya ba re, “Rra, monna yo o neng o na nae ka kwa moseja ga Noka ya Jorodane, yo o neng wa re ke Mesia, le ene o a kolobetsa, mme mongwe le mongwe o ya teng mo boemong jwa go tla kwano go rona.”
27 John replied, "A person cannot receive even one thing unless it is given him from heaven. Johane a fetola a re, “Modimo kwa legodimong o tlhoma tiro ya mongwe le mongwe.
28 You yourselves can testify: I said 'I'm not the Christ, but sent ahead of him.' Tiro ya me ke go betlela monna yoo tsela gore mongwe le mongwe a tle a ye kwa go ene. Le lona tota lo itse ka fa ke lo boleletseng sentle ka teng gore ga ke Mesia. Ke fano go mmaakanyetsa tsela, ke gone gotlhe.
29 The one with the bride is the bridegroom—Jesus. The bridegroom's friend, who stands and hears him, rejoices greatly at the bridegroom's voice. So my joy is now complete. Ka tlwaelo bontsintsi bo ya kwa go se se gapang maikutlo, monyadiwa o ya kwa monyadi o teng! Ditsala tsa monyadi di itumela nae. Ke tsala ya monyadi, mme ke tletse boitumelo mo tswelelong pele ya gagwe.
30 He must increase, but I must decrease." O tshwanetse go tlotlega thata, mme nna ke tshwanetse go ngotlafala thata.
31 The one who comes from above is above all. The one from earth belongs to earth and speaks in an earthly way. The one who comes from heaven is above all. O tswa legodimong ebile o mogolo mo go mongwe le mongwe. Nna ke wa lefatshe, mme tlhaloganyo ya me e lekaganyeditswe mo dilong tsa lefatshe fela.
32 He bears witness to what he has seen and heard, yet no one receives his testimony. O bolela se a se bonyeng le se a se utlwileng, mme ke ba se kae fela ba ba dumelang se a se ba bolelelang!
33 Whoever receives his testimony confirms that our Father is true. “Ba ba mo dumelang ba bona gore Modimo ke motswedi wa boammaaruri. Gonne yo, yo o romilweng ke Modimo, ebile o bua mafoko a Modimo, gonne Mowa wa Modimo o mo go ene mo go senang selekanyo.
34 The one our Father sent speaks our Father's words, for he gives the Holy Spirit without measure. Not in this edition
35 Our Father loves the Son and has given all things into his hand. Rara o rata monna yo gonne ke Morwae, mme Modimo o mo neile sengwe le sengwe se se leng teng.
36 Whoever believes in the Son has eternal life; whoever disobeys the Son won't see life—our Father's wrath remains on him. Mme botlhe ba ba dumelang Morwa Modimo go ba boloka, ba na le botshelo jo bo sa khutleng; ba ba sa mo dumeleng ebile ba sa mo reetse ga ba kitla ba bona legodimo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go bone.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]