Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

John 18 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 After saying these things, Jesus went out with his disciples across the Kidron Valley, where a garden stood; he and his disciples entered it. Mme erile Jesu a sena go bua dilo tse, a kgabaganya molatswana wa Kide-rona le barutwa ba gagwe mme a tsena mo sekgweng sa lotlhware.
2 Judas the betrayer knew the place too, since Jesus often gathered there with his disciples. Judase wa moraedi, o ne a itse lefelo le, gonne Jesu o ne a sa bolo go nna a ya teng gantsi le barutwa ba gagwe.
3 So Judas came there with a detachment of soldiers and officers from the chief priests and Pharisees, carrying lanterns, torches, and weapons. Ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai di ne di neetse Judase segopa sa masole le mapodisi go mo pata. Mme ba goroga mo sekgweng sa lotlhware ba tshotse dipone tsa mefuta e farologanye ba tshotse le ditlhabani.
4 So Jesus, knowing all that was coming on him, went out and said to them, "Who are you looking for?" Jesu a tlhaloganya ka botlalo se se neng se ya go mo diragalela. Erile a tsamaela kwa pele go ba kgatlhantsha a re, “Lo batla mang?” Mme ba mo fetola ba re, “Jesu wa Nasaretha.” Mme Jesu a ba raya a re, “Ke nna.”
5 They answered him, "Jesus of Nazareth." Jesus said, "I AM." Judas, his betrayer, stood with them. Not in this edition
6 When Jesus said to them, "I AM," they drew back and fell to the ground. Mme erile a bua jalo, botlhe ba boela kwa morago ba wela fa fatshe.
7 So he asked them again, "Who are you looking for?" And they said, "Jesus of Nazareth." Mme a ba botsa gape a re, “Lo batla mang?” Mme ba mo fetola gape ba re, “Jesu wa Nasaretha.” Mme Jesu a ba raya a re,
8 Jesus answered, "I told you I AM. So if you're looking for me, let these men go." “Ke lo reile ka re ke Nna, mme ka ke Nna yo lo mpatlang, tlogelang ba bangwe ba, ba tsamaye.”
9 This fulfilled Jesus's own word: "I have not lost a single one of those you gave me." O ne a dira jaana go diragatsa seporofeso se a neng a setse a se buile a re, “Ga ke a latlhegelwa ke ope mo go ba o ba nneileng.”
10 So Simon Peter drew his sword, struck the high priest's servant, and cut off his right ear—the servant named Malchus. Mme Simone Petere a somola chaka a kgaola “tsebe e e ka fa letsogong la moja ya ga Maleko motlhanka wa moperesiti yo mogolo”.
11 So Jesus told Peter, "Sheath your sword. Shouldn't I drink the cup my Father has given me?" Mme Jesu a raya Petere a re, “Somela chaka ya gago. A ga ke a tshwanela go nwa mo senwelong se Rara o se nneileng?”
12 Then the troops, their commander, and the Jewish officers seized Jesus and tied him up. Mme mapodisi a Sejuta le masole le maotlana a tshwara Jesu a mo golega.
13 They took him to Annas first, for he was father-in-law to Caiaphas, high priest that year. Ba mo tseela “pele” kwa go Anase mogwagadia Kaiafase, Moperesiti yo mogolo mo ngwageng eo.
14 Caiaphas was the one who advised the Jews: better one man die for the people. Kaiafase e ne e le ene yo o reileng baeteledipele ba Sejuta a re go botoka gore motho a le mongwe fela a swele batho botlhe.
15 Simon Peter and another disciple followed Jesus. That disciple was known to the high priest, so he entered with Jesus into the high priest's courtyard, Simone Petere a ba sala morago, jaaka yo mongwe wa barutwa yo ene a neng a tsalanye le Moperesiti yo Mogolo a ne a dira
16 but Peter stood outside at the door. So the other disciple, known to the high priest, went out, spoke to the servant girl who kept the door, and brought Peter in. fa Petere a eme fa ntle ga kgoro ya batsena. Mme Morutwa yo a buisanya le mosetsana yo o tlhokometseng kwa kgorong, mme a letlelela Petere go tsena.
17 The servant girl guarding the door said to Peter, "You also are not one of this man's disciples, are you?" He said, "I'm not." Mosetsana a botsa a re, “A ga o mongwe wa barutwa ba ga Jesu?” Mme Petere a re, “Nnyaa ga ke mongwe wa bone.”
18 The servants and officers, feeling the cold, had lit a charcoal fire and stood warming themselves; Peter stood with them, warming himself. Mme mapodise le batlhanka ba mo lwapeng ba ne ba eme ka dinao ba dikologile molelo o ba neng ba o gotsitse gonne go ne go le serame. Mme Petere a nna foo le bone a ikomosa.
19 The high priest then questioned Jesus about his disciples and his teaching. Mme mo teng ga kgotla ya tshekelo Moperesiti yo Mogolo a simolola go botsa Jesu kaga barutwa ba gagwe le se a neng a ntse a se ba ruta.
20 Jesus answered him, "I spoke openly to the world; I always taught in synagogues and in the temple, where all the Jews gather. I said nothing in secret. Jesu a fetola a re, “Se ke se rutang se itsege ka bophara, gonne ke rutile ka gale mo disenagogeng le mo Tempeleng; ke utlwilwe ke baeteledipele ba Sejuta botlhe mme ga ke rute sepe mo sephiring se ke sa se buang mo ponong ya mongwe le mongwe.
21 Why ask me? Ask those who heard what I said to them; they know what I said." Ke eng fa o mpotsa potso e? Botsa ba ba nkutlwileng. O na le bangwe ba bone fano. Ba itse se ke se buileng.”
22 At this, one of the guards nearby slapped Jesus, saying, "Is that how you answer the high priest?" Mongwe wa masole a a emeng foo a ngadibola Jesu ka lebole a mmotsa a re, “A ke yone tsela ya go araba Moperesiti yo Mogolo eo?”
23 Jesus answered him, "If I spoke wrongly, testify about the wrong; but if rightly, why do you strike me?" Mme Jesu a fetola a re. “Fa ke buile maaka, ntsha bosupi, a o tshwanetse go iteela motho go bua boammaaruri?”
24 Then Annas sent him, still bound, to Caiaphas the high priest. Mme Anase a romela Jesu a golegilwe kwa go Kaiafase Moperesiti yo Mogolo.
25 Simon Peter, meanwhile, stood warming himself. They said, "Aren't you also one of his disciples?" He denied it: "I'm not." Mme ya re ka lobaka loo, fa Simone Petere a sa ntse a eme fa molelong, a bodiwa gape gatwe, “A ga o mongwe wa barutwa ba gagwe?” Mme ene a fetola a re, “Nnyaa,”
26 One of the high priest's servants, a relative of the man whose ear Peter cut off, asked, "Didn't I see you with him in the garden?" Mme mongwe wa batlhanka ba mo lwapeng lwa Moperesiti yo mogolo, wa losika lwa monna yo o neng a kgaotswe tsebe ke Petere, a botsa a re, “A ga ke a go bona kwa sekgweng sa lotlhware o na le Jesu?”
27 Peter again denied it, and at once a rooster crowed. Mme Petere a itatola gape. Mme ka bofefo mokoko wa lela.
28 Then they led Jesus from Caiaphas to the governor's headquarters. It was early morning. They themselves didn't enter, so they wouldn't be made unclean but could eat the Passover. Go sekisiwa ga ga Jesu ke Kaiafase ga fela maphakela thata. Go tsweng foo a tseelwa kwa kgotleng ya Molaodi wa Mmuso wa Roma. Basekisi ba gagwe ba seka ba tsena mo teng gonne ba ne ba re, go ne go tlaa ba “itshekolola”, le gone ba ne ba sena go letlelelwa go ja kwanyana ya Tlolaganyo.
29 So Pilate went out to them and said, "What accusation do you bring against this man?" Mme Pilatwe molaodi wa mmuso wa Roma, a ya kwa ntle kwa go bone a botsa a re, “Lo bona monna yo molato wa eng? Lo mmona molato wa go dira eng.”
30 They answered him, "If this man weren't doing wrong, we wouldn't have handed him over to you." Mme ba fetola ka go gakala ba re, “Fa e ka bo ene e se serukutlhi re ka bo re sa mo tshwara!”
31 Pilate said, "Take him yourselves and judge him by your own law." The Jews said, "We're not permitted to execute anyone." Mme Pilatwe a ba raya a re, “Mo tseyeng lo mo atlhole lo le nosi ka melao ya lona.” Mme ba re, Mme kana re batla a bapolwa, mme, re batla tetlelelo ya gago
32 This fulfilled the word Jesus had spoken, showing what kind of death he was about to die. Se se ne sa rurifatsa kakanyetsopele ya ga Jesu ka ga tsela e a tla bolawang ka yone.
33 So Pilate went back into the headquarters, summoned Jesus, and asked, "Are you the King of the Jews?" Mme Pilatwe a boela kwa kgotleng ya gagwe ya tshekelo a laola gore Jesu a leriwe kwa go ene. Ammotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuta?”
34 Jesus answered, "Are you saying this on your own, or did others tell you about me?" Jesu a botsa a re, “A le wena wa re ke ‘Kgosi’ kgotsa o bua kafa Bajuta ba buang ka teng.”
35 Pilate replied, "Am I a Jew? Your own nation and chief priests handed you over to me. What have you done?" Pilatwe a botsa ka kgakalo a re, “A ke Mojuta? Batho ba gaeno le ditlhogo tsa bone tsa baperesiti ba go lerile kwano. Ka ntlha yang? O dirile eng?”
36 Jesus answered, "My kingdom isn't from this world. If it were, my servants would fight against my being handed to the Jews. But my kingdom isn't from here." Mme Jesu a araba a re, “Ga ke Kgosi ya lefatshe. Fa ke ne ke le yone, balatedi ba me ba ka bo ba lole fa ke tshwarwa ke baeteledipele ba Sejuta. Mme bogosi jwa me ga se jwa lefatshe.”
37 Then Pilate said to him, "So you are a king?" Jesus answered, "You say I'm a king. I was born for this, and I came into the world for this—to testify to the truth. Everyone who belongs to the truth hears my voice." Pilatwe a fetola a re, “Ee, fa e le gore go ntse jalo o Kgosi?” Jesu a re, “Ee, ke tsaletswe gone moo. Mme ke tletse go lere boammaaruri mo lefatsheng. Botlhe ba ba ratang boammaaruri ke balatedi ba me.”
38 Pilate asked, "What is truth?" Then he went out to the Jews again and said, "I find nothing wrong in him. Pilatwe a botsa a re, “Boammaaruri ke eng?” Mme a boela a tswela gape kwa ntle kwa bathong a ba raya a re, “Ga a na molato ope wa borukutlhi motho yo.
39 But you have a custom: I release one man to you at Passover. So do you want me to release the King of the Jews to you?" Mme lo na le ngwao ngwaga le ngwaga ya go nkopa go lo gololela mongwe mo kgolegelong fa go le Tlolaganyo. Mme fa lo batla ke dira jalo, ke tlaa golola ‘Kgosi ya Bajuta’.”
40 They cried out again, "Not this man, but Barabbas!" Now Barabbas was a robber. Mme ba goa ba re, “Nnyaa! E seng monna yo, e leng Barabase!” Barabase e ne e le serukutlhi.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]