Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

John 17 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 After saying this, Jesus looked up to heaven and said: "Father, the hour has come. Glorify your Son, so the Son may glorify you, Erile fa Jesu a sena go fetsa go bua dilo tse tsotlhe, a lelalela kwa legodimong mme a re, “Rara, Nako e gorogile. Senola kgalalelo ya ga Morwao gore a tle a kgone go e busetsa kwa go wena.
2 since you gave him authority over all people, to give eternal life to all you gave him. Gonne o mo neile taolo mo godimo ga banna le basadi mo lefatsheng lotlhe. O neela mongwe le mongwe botshelo jo bo sa khutleng jo o bo mo neileng.
3 This is eternal life: that they know you, the only true Father, and Jesus Christ whom you sent. Mme tsela e e isang botshelong jo bosa khutleng ke e—ke ka go go itse wena Modimo o o boammaaruri o le esi, le Jesu Keresete, ene yo o mo romileng mo lefatsheng!
4 I glorified you on the earth, having finished the work you gave me to do. Ke go lereditse kgalalelo mo lefatsheng ka go dira sengwe le sengwe se o ntheileng wa re ke se dire.
5 Father, glorify me now with yourself, with the glory I had with you before the world existed. Mme jaanong, Rara, senola kgalalelo ya me jaaka ke eme fa pele ga gago, kgalalelo e re neng ra e tlhakanela pele ga lefatshe le simologa.
6 I revealed your name to those you gave me from the world. They were yours; you gave them to me, and they have kept your word. “Ke boleletse batho, ba, gotlhe ka ga gago. Ba ne ba le mo lefatsheng, mme wa ba nneela. Tota tota e ne e le ba gago ka malatsi otlhe, mme wa ba nnaya, mme ba go reetsa.
7 Now they know that everything you have given me is from you, Jaanong ba itse gore sengwe le sengwe se ke nang naso ke mpho e e tswang kwa go wena,
8 for I gave them the words you gave me; they received them, truly knew I came from you, and believed you sent me. gonne ke ba neetse melao e o e nneetseng; mme ba e amogetse ebile ba itse ka botlalo gore ke tsile mo lefatsheng ke tswa kwa go wena, jalo ba dumela fa o nthomile.
9 I pray for them, not for the world, but for those you gave me, since they are yours. “Thapelo ya me ga se go rapelela lefatshe, mme ke go rapelela ba o ba nneileng gonne ke ba gago.
10 Everything mine is yours, and yours is mine, and I am glorified in them. Mme botlhe fela, ka e le ba me, ke ba gago; mme o ba buseditse mo go nna ka sengwe le sengwe se e leng sa gago, jalo ba o ba nneileng ke kgalalelo ya me!
11 I'm no longer in the world, but they are in the world, and I'm coming to you. Holy Father, keep them in your name, the name you gave me, so they may be one as we are. Jaanong ke tloga mo lefatsheng, mme ke ba tlogela kwa morago, ke tla kwa go wena. Rara yo o Boitshepo, ba babalele, botlhe ba o ba nneileng, gore ba nne selo se le sengwe fela jaaka re ntse, go sa latlhega ope.
12 While with them, I kept them in your name you gave me. I guarded them—none was lost except the son of destruction, so Scripture would be fulfilled. Ka nako ya fa ke sa ntse ke le mono, ke bolokile batho botlhe ba o ba nneileng ba lwapa lwa gago. Ke ne ka ba tlhokomela gore le fa e le ope wa bone a seka a nyelela, fa e se morwa tatlhego fela fela jaaka dikwalo di boletse pele.
13 Now I come to you, and I say these things in the world so they may have my joy completed in themselves. “Mme jaanong ke tla kwa go wena. Ke ba boleletse dilo tse dintsi fa ke sa ntse ke na le bone gore ba tle ba tlale boitumelo jwa me.
14 I've given them your word; the world hated them, since they're not of the world, just as I'm not of the world. Ke ba neetse ditaolo tsa gago. Mme lefatshe le a ba ila gonne ga ba dire mekgwa ya lone e e maswe, fela jaaka nna ke sa e dire.
15 I don't ask you to remove them from the world, but to guard them from the evil one. Ga ke go kope gore o ba ntshe mo lefatsheng, mme ke kopa gore o ba boloke ba se ka ba wela mo nonofong ya ga Satane.
16 They are not of the world, just as I am not of the world. Ga ba sa tlhole e le ba lefatshe leno jaaka le nna ke se wa lone.
17 Make them holy by truth; your word is truth. Ba ntlafatse o ba itshepise ka go ba ruta mafoko a gago a boammaaruri.
18 As you sent me into the world, so I have sent them into the world. Fela jaaka o nthomile mo lefatsheng, le nna ke ba roma mo lefatsheng.
19 For them I make myself holy, so they too may be made holy in truth. Mme ke ineela gore ke ba thuse mo ditlhokong tsa bone tsa go gola mo boammaaruring le mo boitshepong.
20 I pray not only for these, but also for those who will believe in me through their word. “Ga ke rapelele fela ba, mme ke rapelela le badumedi ba malatsi a a tlang ba ba tlaa tlang kwa go nna ka ntlha ya bosupi jwa bone ba.
21 Father, let them all be one, as you're in me and I in you, so they're in us too, and the world believes you sent me. Go ba rapelela ga me botlhe ke gore ba nne pelo e le nngwe le mogopolo o le mongwe fela jaaka wena le nna re ntse, Rara. Gore fela jaaka o le mo go nna le nna ke le mo go wena, le bone ba tle ba nne mo go rona, jalo lefatshe le tlaa dumela fa o nthomile.
22 The glory you have given me, I have given them, so they may be one as we are one. “Ke ba neile kgalalelo e o e nneileng, kopano e e galalelang ya go bopagana, jaaka re ntse,
23 I in them and you in me, so they may be made completely one, so the world may know you sent me and loved them as you loved me. Nna ke le mo go bone le wena o le mo go nna, botlhe ba ntlafaleditswe mo go bopaganeng, gore lefatshe le tle le itse fa o nthomile le bo le tlhaloganye gore o ba rata fela jaaka o nthata.
24 Father, I want those you gave me to be with me where I am, to see my glory, which you gave me because you loved me before the world was made. Rara, ke batla gore ba o ba nneetseng ba, ba nne le nna kwa ke gone, gore ba tle ba bone kgalalelo ya me. O nneetse kgalalelo gonne o sale o nthata pele ga lefatshe le simologa!
25 Righteous Father—the world doesn't know you, but I know you, and these know you sent me. “Oo Rara yo o tshiamo, lefatshe ga le go itse, mme nna ke a go itse; le barutwa ba, ba itse fa o nthomile.
26 I have made your name known to them, and will keep making it known, so the love you loved me with may be in them, and I in them." Mme ke go senotse mo go bone, jalo ke tlaa nna ke go senola gore lorato lwa gago lo logolo lo o ntshotseng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]