Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

John 16 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 "I have told you all this so that you will not fall away. “Ke lo boleletse dilo tse gore lo seka lwa etsaetsega (ka ga dilo tse di kwa pele).
2 They will expel you from synagogues; but the hour is coming when whoever kills you will think he offers a service to God. Gonne lo tlaa kgaolwa mo matlung a thuto, mme tota lobaka lo, e tla nna lo ka lone babolai ba lona ba tlaa gopolang gore ba dira tiro ya Modimo.
3 They will do this because they have not known the Father or me. Se ke ka ntlha ya gore ga go nako epe e ba kileng ba itse Rara le fa e le nna.
4 But I've told you this so that when their hour comes, you'll remember I told you. I didn't tell you this from the start, because I was with you. Ee, ke lo bolelela dilo tse gompieno gore e tle e re di diragala lo tlo lo gakologelwe gore ke lo tlhagisitse. Ga ke ise ke ko ke lo bolelele le fa e le sepe gonne ke ne ke tsile go nna le lona ka lobaka lo lo leejana.
5 "But now I'm going to him who sent me, and none of you asks me, 'Where are you going?' “Mme jaanong ke a tsamaya ke boela kwa go yo o nthomileng; mme go bonala fa e le gore ga go na ope wa lona yo o nang le kgatlhego mo lebakeng la go tsamaya ga me; le fa e le ope ga a hakgamale.
6 Instead, because I have said these things to you, sorrow has filled your heart. Mo boemong jwa go dira jalo lo tletse bohutsana fela.
7 I tell you the truth: my going is for your good. If I don't go, the Helper, the Holy Spirit, won't come to you. But if I go, I will send him to you. Mme boammaaruri ke gore, go lo solegela molemo fa ke tsamaya, gonne fa ke sa tsamaye, Mogomotsi ga a na go tla. Fa ke tsamaya, o tlaa tla, gonne ke tlaa mo romela kwa go lona.
8 And when he comes, he will convict the world concerning sin and righteousness and judgment: “Mme fa a sena go tla, o tlaa senolela lefatshe boleo jwa lone, le gore tshiamo ya Modimo e teng, le kgololo mo katlholong.
9 concerning sin, because they do not believe in me; Boleo jwa lefatshe ke go sa dumeleng mo go Nna;
10 concerning righteousness, because I am going to my Father and you will see me no longer; mme tshiamo e teng gonne ke ya kwa go Rara mme ga lo na go tlhola lo mpona gape;
11 concerning judgment, because the ruler of this world has been judged. go na le go gololwa mo katlholong gonne kgosana ya lefatshe leno e setse e bile e atlhotswe.
12 "I still have many things to say to you, but you cannot bear them now. “Oo, go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse ke batlang go di lo bolelela, mme ga lo ka ke lwa di tlhaloganya jaanong jaana.
13 But when he, the Spirit of truth, comes, he will guide you into all truth. He won't speak on his own, but will speak whatever he hears, and will tell you what is coming. Fa Mowa O O Boitshepo, o e leng boammaaruri, o tla, o tlaa lo gogela mo boammaaruring jotlhe, mme o tlaa bo o sa bue mafoko a one; mme o tlaa bo o lo bolelela se o se utlwileng. O tlaa lo bolelela kaga dilo tse di tlaa tlang.
14 He will glorify me, for he will take what is mine and tell it to you. O tlaa nkgalaletsa a bo a nteretse tlotlo e kgolo ka go lo bontsha kgalalelo ya me.
15 All my Father has is mine; that's why I said he takes from what is mine and will tell you. Kgalalelo yotlhe ya ga Rara ke ya me; ke sone se ke se rayang fa ke re o tlaa lo supegetsa kgalalelo ya me.
16 "Soon you'll no longer see me; then soon again you'll see me." E tlaa re fela mo lobakanyaneng morago ga moo, lo tlaa mpona gape!”
17 So some of his disciples asked each other, "What does he mean: 'In a little while you will not see me, and then in a little while you will see me,' and, 'Because I am going to the Father'?" Mme bangwe ba barutwa ba gagwe ba re, “A reng? Ke eng se a se rayang fa a re ke ya kwa go Rara? Rona ga re tlhaloganye se a se rayang.”
18 So they kept saying, "What does he mean, 'a little while'? We don't know what he's talking about." Not in this edition
19 Jesus knew they wanted to ask him, so he said to them, "Are you asking each other what I meant by saying, 'In a little while you will not see me, and then a little while you will see me'? Jesu a lemoga gore ba batla go mmotsa, mme a ba botsa a re, “A lo ipotsa se ke se rayang?
20 "Truly, truly, I tell you: you will weep and mourn, but the world rejoices. You'll grieve, but your grief will become joy. Lefatshe le tlaa itumela thata kaga se se tsileng go ntiragalela, mme lona lo tlaa lela. Mme e tlaa re ka bonako selelo sa lona se fetoge boitumelo jo bogolo (fa lo mpona gape).
21 A woman in labor has pain because her hour has come; but once she gives birth, she forgets the anguish, because she is joyful that a person has been born into the world. E tlaa bo e le boitumelo jo bo tshwanang le jwa mosadi a le mo ditlhabing fa a tshola ngwana wa gagwe, hong ditlhabi tse di lebalwe gotlhelele.
22 So you also have sorrow now, but I will see you again, and your heart will rejoice, and no one will take your joy from you. Gompieno jaana lo futsafetse, mme ke tlaa lo bona gape, mme lo tlaa itumela, mme ga gona ope yo o ka lo tseelang boitumelo joo.
23 In that day you will ask me nothing. Truly, truly, I tell you: whatever you ask my Father in my name, he will give you. Ka nako eo ga lo na go tlhokana le go nkopa sepe, gonne lo tlaa bo lo ka tlhamalalela kwa go Rara go mo kopa, mme o tlaa lo naya se lo tlaa bong lo se kopa gonne lo tlaa bo lo dirisa leina la me.
24 Until now you've asked nothing in my name. Ask, and you will receive, so your joy may be complete. Ga lo ise lo ke lo leke go dira jaana pele, (mme simololang gompieno). Kopang, lo dirisa leina la me. Mme lo tlaa amogela, mme senwelo sa lona sa boitumelo se tlaa penologa.
25 I've told you these things in figures. The hour is coming when I'll no longer speak in figures, but tell you plainly about my Father. Ke buile kaga dilo tse ke itisitse mo puong, mme nako e tlaa tla fa go itisa mo puong go tlaa bo go sa tlhokege mme ke tlaa lo bolelela sentle thata gotlhe ka ga Rara.
26 That day you'll ask in my name, and I'm not telling you I'll ask my Father on your behalf; Mme lo tlaa lere dikopo tsa lona ka leina la me! Mme ga nkitla ke tlhoka go kopa Rara go lo naya dikarabo tsa dikopo tse,
27 for the Father himself loves you, because you've loved me and believed I came from our Father. gonne Rara ene o lo rata fela thata ka gore lo a nthata ebile lo dumela gore ke tsile ke tswa kwa go Ene.
28 I came from my Father and entered the world; again, I leave the world, going to my Father." Ee, ke tsile ke tswa kwa go Rara fa ke tla mo lefatsheng, mme ke tlaa tswa mo lefatsheng ke boela kwa go Rara.”
29 His disciples said, "Now you are speaking plainly and not using any figure of speech! Mme barutwa ba gagwe ba re, “Jaanong o bua sentle thata, eseng ka diane.
30 Now we know you know everything and need no one to ask you questions; so we believe you came from our Father." Jaanong re tlhaloganya gore o itse sengwe le sengwe ebile ga o tlhoke ope go go bolelela sepe. Jaanong ka ntlha ya one mabaka a, re dumela gore o tsile o tswa kwa Modimong.”
31 Jesus replied, "Do you now believe? Mme Jesu a ba raya a re, “A jaanong lo dumela se ke se buang?
32 "See, the hour is coming—has come—when you'll be scattered, each to his own home, leaving me alone. Yet I'm not alone; my Father is with me. Mme lobaka lo e tla, le gone tota lo setse lo fitlhile, fa lo tlaa phatlalala, mongwe le mongwe a boela kwa legaeng la gagwe, a ntlogela ke le nosi. Le fa go ntse jalo ke tlaa bo ke se nosi, gonne Rara o na le nna.
33 I've told you this so you may have peace in me. In the world you'll face trouble, but take heart—I've overcome the world." Ke lo boleletse mo gotlhe gore lo tle lo nne le kagiso mo mogopolong le mo pelong. Lo tlaa nna le meleko e mentsi le dikutlobotlhoko fano mo lefatsheng; mme lo itumele thata, gonne ke fentse lefatshe.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]