Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

John 15 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 "I am the true vine, and my Father is the gardener. “Ke nna mofine wa boammaaruri, mme Rara ke ene mmaakanyi wa tshimo.
2 Every branch in me not bearing fruit, he removes; and every one bearing fruit, he prunes, so it bears more fruit. O kgaola kala nngwe le nngwe e e sa ungweng. Mme o ntlafatsa dikala tse di ungwang gore di ungwe thata.
3 You are already clean because of the word I have spoken to you. O setse a bile a lo ntlafaditse ka go lo ntlafaletsa mo go ene gore lo nne le nonofo e kgolo thata le tiriso ka ditaolo tse ke di lo neileng.
4 Remain in me, and I in you. As a branch can't bear fruit alone, unless it remains in the vine, neither can you unless you remain in me. Elang tlhoko gore lo nne mo go nna, le nna ke nne mo go lona. Gonne ga e kake ya re kala e kgaotswe mo mofineng ya ungwa, le lona ga lo kake lwa ungwa kwa ntle ga me.
5 I am the vine, you the branches. Whoever remains in me, and I in them, bears much fruit, for apart from me you can do nothing. “Ee, ke mofine; lona lo dikala. Lefa e le mang yo o nnang mo go nna le nna ke nna mo go ene, o tlaa ungwa loungo lo logolo. Gonne ga go na sepe se lo ka se dirang kwa ntle ga me.
6 Anyone not remaining in me is thrown out like a branch and withers; branches are gathered, thrown into the fire, and burned. Fa mongwe a ikgaoganya le nna, o latlhwa jaaka kala e e senang molemo, e omelela, e phuthwa le tse dingwe mme di tshujwe.
7 If you remain in me and my words remain in you, ask whatever you want, and it will happen for you. Mme fa lo nna mo go nna lo reetsa ditaolo tsa me, lo ka kopa kopo nngwe fela e lo e ratang, mme lo tlaa e newa!
8 This is how my Father is glorified: that you bear much fruit and prove to be my disciples. Barutwa ba me ba boammaaruri ba ungwa thobo e kgolo thata. Mme go tlisa kgalalelo e kgolo thata mo go Rre.
9 "As the Father has loved me, so I have loved you. Remain in my love. “Ke lo ratile fela jaaka Rara a nthatile. Nnang mo loratong lwa me.
10 If you keep my commands, you will remain in my love, as I have kept my Father's commands and remain in his love. Fa lo inkobela, lo nna mo loratong lwa me, fela jaaka ke reetsa Rara ebile ke nna mo loratong lwa gagwe.
11 I've told you this so my joy may be in you, and your joy be complete. Ke lo boleletse se gore lo tlale boitumelo jwa me. Ee, senwelo sa lona sa boitumelo se tlaa penologa.
12 "This is my command: love one another as I have loved you. Ke batla gore lo ratane fela jaaka ke lo rata.
13 No one has greater love than this: to lay down one's life for one's friends. Mme lorato lo lekanngwa jaana, lorato lo logolo lo supega fa motho a ntshetsa ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe;
14 You are my friends if you do what I command you. mme lona lo ditsala tsa me fa lo inkobela.
15 I no longer call you servants—a servant doesn't know what his master does. I call you friends, since I've made known to you everything I heard from my Father. Ga ke sa tlhole ke lo bitsa batlhanka gonne mong wa batlhanka ga a ba rerise sepe; lo ditsala tsa me jaanong, gonne go supiwa ke lobaka lwa gore ke lo boleletse sengwe le sengwe se Rara o se mpoleletseng.
16 You didn't choose me—I chose you and placed you to go, bear fruit that lasts, so whatever you ask the Father in my name, he'll give you. “Ga lo a ntlhopha! Ke nna ke lo tlhophileng! Ke lo tlhomile go ya go ntsha maungo a mantle malatsi otlhe, gore le fa e le eng se lo se kopang mo go Rara, lo dirisa leina la me, o tlaa se lo neela.
17 This is my command to you: love one another. Ke batla gore lo ratane.
18 "If the world hates you, know that it hated me first. “Gonne lo ilwa ke lefatshe thata! Mme nna lefatshe le sale le nkila pele ga lona.
19 If you were of the world, the world would love you as its own. But you are not of the world; instead, I chose you out of the world, so the world hates you. Lefatshe le ne le ka lo rata fa lo ne lo le ba lone; mme ga lo ba lone, gonne ke lo tlhophetse go tswa mo lefatsheng, mme jalo le a lo ila.
20 Remember what I told you: a servant isn't greater than his master. If they persecuted me, they'll persecute you too; if they kept my word, they'll keep yours too. A lo gakologelwa se ke se lo boleletseng? ‘Motlhanka ga a mogolo mo go mong wa gagwe!’ mme ereka ba mpogisitse, le lona fela jalo ba tlaa lo bogisa. Mme fa ba ka bo ba ne ba ntheetsa, ba ne ba tlaa lo reetsa.
21 But they'll do all this to you because of my name, since they don't know the one who sent me. Batho ba lefatshe ba tlaa lo bogisa gonne lo ba me, gonne ga ba itse Modimo o e leng one o nthomileng.
22 Had I not come and spoken to them, they would have no sin; now they have no excuse for their sin. “Ba ka bo ba se molato fa nkabo ke sa tla ka buisanya nabo. Mme jaanong ga ba na seipato ka ntlha ya dibe tsa bone.
23 Whoever hates me hates my Father as well. Le fa e le mang yo o nkilang, o ila Rara.
24 Had I not done among them the works no one else did, they would have no sin. But now they have seen and hated both me and my Father. Fa nkabo ke sa dira dikgakgamatso tse dikgolo jaana mo go bone ba ka bo ba sa tsewe ba le molato. Mme jaanong jaaka go ntse, ba bonye dikgakgamatso tse, mme ba re ila rotlhe, Nna le Rara.
25 But this happened to fulfill what is written in their Law: 'They hated me without cause.' Mo go diragatsa se baporofiti ba se buileng ka ga Mesia ba re, ‘Ba nkidile ke sena molato.’
26 "When the Helper comes, whom I will send you from the Father—the Spirit of truth proceeding from the Father—he will testify about me. “Mme ke tlaa lo romelela Mogomotsi, Mowa O O Boitshepo, motswedi wa boammaaruri jotlhe. O tlaa tswa kwa go Rara mme o tlaa lo bolelela gotlhe ka ga me.
27 "And you also must testify, because you have been with me from the beginning." Mme le lona lo tshwanetse go bolelela mongwe le mongwe ka ga me, gonne lo ntse lo na le nna go tswa kwa tshimologong.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]