Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

James 1 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 James, a servant of our Father and the Lord Jesus Christ, to the twelve tribes scattered among the nations: greetings. Lokwalo lo lo tswa kwa go nna: Jakobe, motlhanka wa Modimo le Morena Jesu Keresete.
2 Consider it pure joy, my brothers and sisters, whenever you face trials of many kinds, Lo ya kwa: Bajuteng ba ba rategang, Bakaulengwe a botshelo jwa lona bo mo mathateng le dithaelong? Ke gone he itumeleng,
3 because you know that the testing of your faith produces perseverance. gonne fa tsela e na le dikgopi, bopelotelele jwa lona bo nna le nako e ntle ya go gola.
4 Let perseverance finish its work so that you may be mature and complete, lacking nothing. Ke gone mmang bopelotelele jwa lona bo gole, le gone lo seka lwa leka go intsha mo mathateng a lona ka go iphethekganya. Gonne bopelotelele jwa lona bo setse bo godile, jalo lo tlaa bo lo ipaakanyeditse go lebagana le sengwe le sengwe, lo itekanetse mo mokgweng, lo tletse ebile lo feletse.
5 If any of you lacks wisdom, ask our Father, who gives freely to all without criticizing, and it will be given you. Fa lo batla go itse se Modimo o batlang lo se dira, o kopeng, mme o tlaa lo bolelela ka boitumelo, gonne o ipaakanyeditse ka malatsi otlhe go naya botlhe ba ba o kopang botlhale jo bogolo; o sa kgopege.
6 Ask in faith, without doubting, for the doubter is like a sea wave, driven and tossed by the wind. Mme fa lo o kopa, tlhomamisang ka botlalo gore lo lebeletse gore o tlaa lo bolelela, gonne tlhaloganyo e e belaelang e tlaa etsaetsega fela jaaka lekhubu la lewatle le le kgwekgweediwang le phailakwa ke phefo;
7 That person should not expect to receive anything from our Father. jalo maikaelelo mangwe le mangwe a o a dirang a tlaa bo a sa tlhomama, ka ntlha ya gore o leba kwa le kwa. Fa o sa kgope ka tumelo, se solofele Morena go go naya karabo nngwe e e tlhomameng.
8 Such a person is double-minded and unstable in all their ways. Not in this edition
9 Let the believer in humble circumstances take pride in their high position, Mokeresete yo o lebelwang kwa tlase mo lefatsheng leno a itumele, gonne o mogolo mo matlhong a Morena.
10 but let the rich boast in their low state, since they'll pass like a wildflower. Mme mohumi o tshwanetse go itumelela gore dikhumo tsa gagwe ga di reye sepe mo Moreneng, gonne o tlaa tloga a nyelela, jaaka sethunya se se latlhegetsweng ke bontle jwa sone se bo se e swa se swabile, se bolailwe ke mogote wa letsatsi la selemo. Go ntse fela jalo mo bahuming. Ba tlaa tloga ba a swa ba bo ba tlogela ditiro tsa bone tse dintsi kwa morago.
11 The sun rises with scorching heat and withers the grass. Its flower falls; its beauty vanishes. So the rich fade away amid their pursuits. Not in this edition
12 Blessed is the one who endures trial, because once tested they'll receive the crown of life our Father promised to those who love him. Go sego motho yo o sa ineeleng mo go direng boleo fa a lekwa, gonne e tlaa re kwa morago o tlaa amogela serwalo sa botshelo e le tuelo ya gagwe, serwalo se Modimo o se solofeditseng ba ba o ratang.
13 When tempted, no one should say, "Our Father is tempting me." Evil can't tempt our Father, and he tempts no one. Mme gakologelwang, fa mongwe a batla go dira boleo ga se Modimo o mo raelang, gonne Modimo ga o ke o batla go dira boleo le gone ga o ke o raela ope gore a bo dire.
14 But each person is tempted, dragged away and lured by their own evil desire. Thaelo ke go gogwa ke dikakanyo tse di bosula tsa motho le dikeletso tsa gagwe.
15 Then desire conceives and gives birth to sin; sin, full-grown, gives birth to death. Dikakanyo tse di bosula tse, di gogela mo ditirong tse di bosula mme morago go bo go nna katlholelo loso e tswa kwa Modimong.
16 Don't be deceived, my dear brothers and sisters. Ke gone se tsietsegeng, bakaulengwe ba ba rategang.
17 Every good and perfect gift is from above, coming down from the Father of lights, who never changes or casts a shifting shadow. Mme le fa e le eng se se molemo ebile se itekanetse se tla kwa go rona se tswa kwa Modimong Motlhodi wa lesedi lotlhe, mme o phatshimela ruri ka bosakhutleng go sena phetogo epe kgotsa moriti.
18 By his choice, he gave us birth through the word of truth, so we'd be a kind of firstfruits of his creation. Gape e ne e le letsatsi le le itumedisang mo go One fa o re naya matshelo a masha, ka boammaaruri jwa Lefoko la one, mme re ne ra nna jaaka ekete re bana ba One ba ntlha mo go ba ntlo ya One e ncha.
19 Know this, my dear brothers and sisters: everyone should be quick to listen, slow to speak, slow to anger, Bakaulengwe, se lebaleng gore go botoka go reetsa thata, le go bua go le gonnye mme o sa tlale bogale;
20 because human anger does not produce the righteousness of our Father. gonne bogale ga bo re siamise, jaaka Modimo o batla re siama.
21 So strip off all moral filth and excess evil; humbly receive the word planted in you, able to save your souls. Ke gone latlhang gotlhe mo go sa siamang mo botshelong jwa lona, ke gore ka fa teng ga gago le ka fa ntle, mme ka boingotlo itumeleleng molaetsa o montle o re o amogetseng, gonne o nonofile go boloka mewa ya rona jaaka e le One o o tshwereng dipelo tsa lona.
22 Do not merely listen to the word, and so deceive yourselves. Do what it says. Gape gakologelwang gore molaetsa o, o tshwanetse go obamelwa, eseng go reediwa fela. Ke gone se itsietseng.
23 Anyone who hears the word but doesn't act on it is like one who looks at his natural face in a mirror, Gonne fa motho a reetsa fela a sa o obamele o tshwana le motho yo o itebileng sefatlhogo mo seiponeng;
24 and, after looking at himself, goes away and immediately forgets what he looks like. gonne fela jaaka a tsamaya, ga a tlhole a ipona, gape ga a sa tlhole a gakologelwa gore o lebega jang.
25 But whoever peers into the perfect law of freedom, continuing in it—not a forgetful hearer but a doer who acts—will be blessed in his doing. Mme fa mongwe a tswelela ka go lebela pele mo molaong wa Modimo wa batho ba ba gololesegileng, ga a kitla a o gakologelwa fela, mme o tlaa dira se o se buang, mme Modimo o tlaa mo segofatsa thata mo go sengwe le sengwe se o se dirang.
26 If anyone thinks himself religious but doesn't control his tongue, he deceives his own heart—his religion is worthless. Lefa e le mang yo o reng ke Mokeresete mme a sa laole loleme lwa gagwe lo lo bogale, o itsietsa fela, le tumelo ya gagwe ga e na molemo ope.
27 Pure and spotless religion before our Father is this: caring for orphans and widows in their distress, and keeping oneself unstained from the world. Mokeresete yo o phepa a bile a sena molato, ka fa ponong ya Modimo ke yo o tlhokomelang masiela le batlholagadi, le yo mowa wa gagwe o emeng ka boammaaruri mo Moreneng, a sa marwa gope ke dibe tsa lefatshe.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]