Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Hebrews 8 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 The point of this: we have such a high priest, who sat down at the right hand of the throne of the Majesty in heaven. Se re se buang ke se: Keresete yo boperesiti jwa gagwe re setseng re tswa go bo tlhalosa, ke Moperesiti wa rona yo Mogolo, ebile o kwa legodimong kwa bonnong jwa tlotlo e kgolo thata gaufi le Modimo ka sebele.
2 A minister of the holy places and the true tabernacle, set up by the Father, not man. O dira mo tempeleng e e kwa legodimong, lefelo la boammaaruri la kobamelo le le agilweng ke Morena e seng ke diatla tsa batho.
3 Every high priest is appointed to offer gifts and sacrifices; so this one too must have something to offer. Mme ka moperesiti mongwe le mongwe yo mogolo a tlhophelwa go ntsha dineo le ditlhabelo, Keresete le ene o tshwanetse go ntsha setlhabelo.
4 If he were on earth, he wouldn't even be a priest, since others offer the gifts under the law. Setlhabelo se a se ntshang se botoka thata go gaisa ditlhabelo tse di ntshiwang ke baperesiti ba lefatshe. Mme le fa go ntse jalo, fa a ka bo a ne a le mo lefatsheng o ne a ka se ka a letlelelwa go nna moperesiti gonne mo lefatsheng baperesiti ba santse ba latela mokgwa wa bogologolo wa Sejuta wa ditlhabelo.
5 They serve a copy and shadow of heavenly things, as Moses was warned when about to complete the tabernacle: "See," he said, "make everything according to the pattern shown you on the mountain." Tiro ya bone e ka fa tsamaisong ya motlaagana wa selefatshe o o leng moriti wa motlaagana tota o o kwa legodimong; gonne erile fa Moshe a ipaakanyetsa go aga motlaagana Modimo o ne wa mo tlhagisa gore a dire motlaagana o o tshwanang le motlaagana wa legodimo jaaka a ne a bontshiwa kwa Thabeng ya Senai.
6 But now Jesus has obtained a superior ministry, since the covenant he mediates is better, established on better promises. Mme Keresete, jaaka e le moperesiti kwa legodimong, o duetswe ka tiro e e botlhokwa thata go gaisa ba ba dirang ka fa melaong e megologolo, gonne Kgolagano e ncha e a e fetiseditseng kwa go rona e tswa kwa Modimong e na le ditsholofetso tse di molemo thata.
7 For if that first covenant had been faultless, there would have been no need for a second. Kgolagano e kgologolo ga e ise e ke e bo e nne le thuso epe. Fa e ka bo e ne e na le thuso, go ka bo go ne ga seka ga tlhokega gore kgolagano e ncha e nne teng.
8 For finding fault with them, he says: "Look, the days are coming, declares our Father, when I will make a new covenant with the house of Israel and with the house of Judah. Mme Modimo ka sebele o ne wa bona phoso mo kgolaganong e kgologolo, gonne o ne wa re, “Letsatsi le tlaa tla la gore ke dire kgolagano e ncha le batho ba Iseraele le batho ba Juda.
9 Not like the covenant I made with their fathers on the day I took them by the hand to lead them out of the land of Egypt. For they did not remain in my covenant, and so I disregarded them, declares our Father. Kgolagano e ncha e ga e kitla e tshwana le e kgologolo e ke neng ka e neela borraabo ka letsatsi le ke neng ka ba tshwara ka seatla go ba etelela pele ke ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto; ga ba a ka ba tlhomama mo kgolaganong eo; jalo ka tshwanelwa ke go e tlosolosa.
10 For this is the covenant I will make with the house of Israel after those days, declares our Father I will put my laws into their minds and write them on their hearts, and I will be their Father, and they will be my children. Mme Morena a re, kgolagano e ke tlaa e dirang le batho ba Iseraele ke e: Ke tlaa kwala melao ya me mo megopolong ya bone gore ba tle ba itse se ke batlang ba se dira kwa ntle ga go ba bolelela, mme ke tlaa nna Modimo wa bone le bone ba tlaa nna batho ba me.
11 And no longer will each one teach his neighbor and each one his brother, saying, "Know our Father," for they will all know me, from the least of them to the greatest. Mme ga go na ope yo o tlaa tlhokang go bua le tsala ya gagwe kgotsa molekane kgotsa morwa rraagwe, a re, ‘Le wena o tshwanetse go itse Morena’ gonne mongwe le mongwe, yo mogolo le yo monnye, ba tlaa bo ba setse ba nkitse.
12 For I will be merciful toward their wrongdoing, and I will remember their sins no more." Mme ke tlaa ba utlwela botlhoko mo ditirong tsa bone tse di bosula, ebile ga ke na go tlhola ke gakologelwa dibe tsa bone”.
13 Speaking of a new covenant, he has made the first outdated. What's outdated and aging is nearing its end. Modimo o bua ka ditsholofetso tse di ncha tse, tsa kgolagano e ncha e, gore di tsaya maemo a kgolagano e kgologolo; gonne e beetswe kwa thoko ka bosakhutleng.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]