Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Hebrews 12 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 So, with so great a cloud of witnesses surrounding us, let's strip off every weight and the sin that clings so tightly, and run with endurance the race laid out before us. Mme ka re na le batho ba ba ntseng jalo ba le bantsi ba tumelo ba ba re lebeletseng ba le kwa ditilong tse di kwa godimo, a re apoleng sengwe le sengwe se se diang kgotsa se se re busetsang kwa morago, mme bogolo thata jang dibe tse di tshophelelang thata mo maotong a rona di bo di re digela fa fatshe; mme a re sianeng ka bopelotelele lobelo lo Modimo o lo beileng fa pele ga rona.
2 Looking to Jesus, the founder and perfecter of our faith, who for the joy set before him endured the cross, despising its shame, and is seated at the right hand of our Father's throne. Tlhomang matlho a lona mo go Jesu, moeteledipele le moruti wa rona. O ne a ineela go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong ka ntlha ya boitumelo jo a neng a itse fa bo mo letetse kwa morago; mme jaanong o nna mo lefelong la tlotlo gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo.
3 Weigh how he endured such hostility from sinners against himself, so you don't grow weary or lose heart. Fa lo batla go kgaogana le go ngodiega le go lapisega, akanyang ka bopelotelele ja gagwe ka nako e baleofi ba neng ba mo dira dilo tse di sa siamang.
4 In your struggle against sin you have not yet resisted to the point of shedding your blood. Mme le gone, ga lo ise lo ke lo kgaratlhisanye le sebe le thaelo go fitlhelela lo fufula marothodi a madi.
5 Have you forgotten the encouragement addressing you as sons? "My son, don't dismiss our Father's discipline, or lose heart when he corrects you. A lo lebetse gotlhelele mafoko a kgothatso a Modimo o a lo reileng, lona bana ba One? Modimo o ne wa re, “Morwaaka, se kgopisege fa Morena a go otlhaya. Se kgobege marapo fa a go kaela fa o molato teng.
6 For our Father disciplines the one he loves, and chastises every son whom he receives." Gonne fa a go otlhaya, go supa gore o a go rata. Fa a go betsa go supa gore o ngwana wa gagwe tota.”
7 It is for discipline that you endure. Our Father is treating you as sons; for what son is there whom his father does not discipline? Letla Modimo go go ruta, gonne o dira se rre mongwe le mongwe yo o lorato a se direlang bana ba gagwe. Ke mang yo o kileng a utlwa ka ngwana yo o iseng a ke a bo a otlhaiwe?
8 If you lack the discipline all children share, you're illegitimate, not sons. Fa Modimo o sa go otlhae fa go tlhokega jaaka borabana bangwe ba otlhaya bana ba bone, moo go raya gore ga o ngwana wa Modimo tota gotlhelele, go raya gore ga o wa ba lolwapa lwa One tota.
9 Then too, we had physical fathers who disciplined us, and we respected them. Shouldn't we submit far more to the Father of spirits, and live? Ka re tlotla borraa rona mo lefatsheng, le fa ba re otlhaya, a ga re a tshwanela go ineela ka boitumelo mo go rutweng ke Modimo gore re tle re simolole go tshela tota.
10 They disciplined us briefly as they saw fit; he disciplines us for our good, so we may share his holiness. Borraa rona ba lefatshe ba re rutile mo dingwageng di se kae, ba re direla gotlhe ka fa ba neng ba itse ka teng, mme kotlhao ya Modimo e siame ka malatsi otlhe ebile e re siametse, gore re tle re nne le seabe mo boitshepong jwa One.
11 For the moment all discipline seems painful rather than pleasant, but later it yields the peaceful fruit of righteousness to those who have been trained by it. Go otlhaiwa ga go monate fa go sa ntse go diragala, go utlwisa botlhoko! Mme kwa morago re ka bona maduo a gone, go gola mo kagisong mo kutlwelo botlhokong le mo bothong.
12 Therefore lift your drooping hands and strengthen your weak knees, Ke gone ingapareleng thata ka diatla tsa lona tse di lapileng, emang lo nitame ka mangole a lona a a reketlang,
13 and make straight paths for your feet, so the lame limb won't be dislocated but instead healed. lo bo lo direle dinao tsa lona tsela e e tlhamaletseng e e borethe gore ba ba lo salang morago, le fa ba le bokoa ebile ba tlhotsa, ba seka ba wa ba ikgolafatsa, mme ba nonofe.
14 Pursue peace with everyone, and the holiness without which no one will see our Father. Lekang go tswa gotlhelele mo dikomanong mme lo batle go tshela botshelo jo bo phepa jo bo itshepileng, gonne yo o seng boitshepo ga a kitla a bona Morena.
15 Watch that no one falls short of our Father's grace, that no root of bitterness grows up to cause trouble and make many unclean, Tlhokomelanang gore le fa e le ope wa lona a seka a palelwa ke go bona masego a Modimo. Itlhokomeleng gore bogalaka bope bo seka jwa mela mo go lona, gonne fa bo mela bo dira matshwenyego a matona, bo leswafatsa batho ba le bantsi mo matshelong a bone a semowa.
16 that no one is sexually immoral or unholy like Esau, who sold his birthright for one meal. Itlhokomeleng gore le fa e le ope wa lona a seka a dira sebe sa boaka kgotsa a seka a nna kelotlhoko kaga Modimo jaaka Esau: o ne a rekisa botsalwa-pele jwa gagwe ka sejonyana se se kgorwang gangwe fela.
17 You know that afterward, wanting to inherit the blessing, he was rejected, for he found no opportunity to reverse the decision, though he sought the blessing with tears. Mme erile kwa morago, fa a batla ditshwanelo tseo gape, nako ya bo e setse e tsamaile, le fa tota a ne a lela dikeledi tse di botlhoko tsa boikwatlhao. Ke gone gakologelwang, lo bo lo ikele tlhoko.
18 For you have not come to what can be touched, and blazing fire, and darkness, and gloom, and storm, Ga lo ise lo ke lo lebagane le mathata a a tshosang, molelo o o dikgabo, kutlobotlhoko e e tlhakanyeng le go felelwa ke tsholofelo, lefifi le setsuatsue se se boitshegang, jaaka Baiseraela ba ne ba rakana le One kwa Thabeng ya Senai fa Modimo o ba neela melao ya One.
19 and a trumpet blast, and a voice of words, whose hearers begged no more be said to them. Gonne go ne ga nna tumo e e tshosang ya terompeta, le lentswe le le neng le na le molaetsa o o boitshegang, mo e leng gore batho ba ne ba kopa Modimo go khutlisa go bua.
20 For they could not bear the command: "If even an animal touches the mountain, it must be stoned." Ba ne ba thetheekelela kwa morago ka fa taolong ya Modimo e e reng, le phologolo fa e ka ama thaba, e tshwanetse go swa.
21 Indeed, so terrifying was the sight that Moses said, "I am trembling with fear." Moshe ka sebele erile fa a bona pono e e boitshegang eo a tshoga thata.
22 But you have come to Mount Zion, city of the living Father, heavenly Jerusalem, and to countless angels in joyful assembly, Mme lo tsile sentle mo Thabeng ya Siona, kwa motseng wa Modimo o o Tshelang, Jerusalema wa selegodimo, le kwa kokoanong ya baengele ba ba senang palo ba ba itumetseng;
23 and to the assembly of the firstborn enrolled in heaven, and to our Father, judge of all, and to the spirits of the righteous made perfect, le kwa phuthegong, e e dirilweng ka botlhe ba ba kwadilweng mo legodimong; le kwa Modimong o o leng mosekisi wa botlhe; le kwa meweng ya ba ba kwa legodimong ba ba golotsweng, ba ba setseng ba ntlafaditswe;
24 and to Jesus, mediator of a new covenant, and to sprinkled blood speaking a better word than Abel's blood. le kwa go Jesu ka sebele, yo o re lereditseng kgolagano e ncha ya gagwe e e hakgamatsang; le kwa mading a kgatsho a a itshwarelang ka kutlwelo botlhoko mo boemong jwa go ipusolosetsa jaaka madi a ga Abele.
25 See that you don't refuse the One speaking. If those who refused the One warning them on earth didn't escape, how much less will we, if we turn from the One warning from heaven. Ke gone bonang gore lo obamele ene yo o buang le lona. Gonne fa batho ba Iseraele ba ne ba se ka ba falola fa ba gana go reetsa Moshe yo o neng a ba tlhagisa a le mo lefatsheng, re mo diphatseng tse di setlhogo thata jang fa re gana go reetsa Modimo o o buang le rona o le kwa legodimong!
26 Then his voice shook the earth; now he has promised: "Yet once more I will shake not only the earth but also the heavens." Erile fa o bua o le kwa Thabeng ya Senai, lentswe la one la roromisa lefatshe, mme wa bua wa re, “Ka nako e e tlang ga ke kitla ke roromisa lefatshe fela, mme ke tlaa roromisa le magodimo.”
27 The phrase "Yet once more" signals removal of shaken things—that is, created things—so the unshaken may remain. Ka go bua jaana Modimo o ne o raya gore o tlaa tlosa sengwe le sengwe se se senang motheo o o tiileng, gore go sale tse di sa reketleng fela.
28 So, receiving an unshakable kingdom, let's hold on to thankfulness and offer our Father acceptable worship, with reverence and awe, Ka re na le bogosi jo bo ka sekeng jwa senngwa ke sepe, a re itumediseng Modimo ka go o direla ka dipelo tse di lebogang, le ka poifo e e boitshepo le tshisimogo.
29 for our Father is a consuming fire. Gonne Modimo wa rona ke molelo o o lailang.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]