Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Hebrews 11 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Now faith is the assurance of things hoped for, the conviction of things not seen. Tumelo ke eng? Ke tsholofelo e e tlhomameng ya gore se re se batlang se tlaa diragala. Ke tlhomamiso ya gore se re se solofetseng se re letetse, le fa re sa se bone ka matlho a senama.
2 For by it the people of old received their commendation. Batho ba Modimo mo malatsing a bogologolo ba ne ba itsege ka ntlha ya tumelo ya bone.
3 By faith we understand our Father's word formed the universe, so what is seen came not from the visible. Ka tumelo, ka go dumela Modimo, re itse gore lefatshe le dinaledi, tota a ke re dilo tsotlhe, di dirilwe ka taolo ya Modimo; le gore di dirilwe ka dilo tse di sa bonweng.
4 By faith Abel brought our Father a better offering than Cain's, through which he was proven righteous, our Father commending him by accepting his gifts. Though he died, through his faith he still speaks. E ne e le ka ntlha ya tumelo gore Abele a reetse Modimo a bo a ntsha setlhabelo se se neng sa itumedisa Modimo go gaisa sa ga Kaene. Modimo o ne wa amogela Abele wa bo wa supa jalo ka go amogela mpho ya gagwe; mme le fa Abele a sa bolo go swa, re santse re ka ithuta dithuto mo go ene ka go ikanya Modimo.
5 By faith Enoch was taken up, not seeing death, and was not found, because our Father had taken him. Before his taking, he was commended as pleasing to our Father. Enoke le ene o ne a ikanya Modimo, mme ka moo Modimo o ne wa mo tseela kwa legodimong a sa swa, ka tshoganetso o ne a tsamaya gonne Modimo o ne wa mo tsaya. Pele ga tiragalo e, Modimo o ne o rile o itumetse thata jang ka Enoke.
6 Without faith it's impossible to please him: whoever approaches our Father must believe he exists and rewards those who sincerely seek him. Ga o kake wa itumdisa Modimo kwa ntle ga tumelo, kwa ntle ga go ikaega mo go One. Le fa e le mang yo o batlang go tla kwa Modimong o tshwanetse go dumela gore go na le Modimo le gore o duela ba ba o batlang ka boammaaruri.
7 By faith Noah, warned about what wasn't yet visible, built an ark in reverence to save his household. By this he condemned the world and became heir of the righteousness that comes through faith. Noa le ene e ne e le mongwe yo o neng a ikanya Modimo. Erile a utlwa tlhagiso ya Modimo ka malatsi a a tlang, Noa a o dumela le fa go ne go sena sekai sepe sa morwalela, mme kwa ntle ga go senya nako a aga araka (ntlo e e kokobalang) mme a boloka ba ntlo ya gagwe. Ka go dumela mo Modimong Noa o ne a supa boleo jwa lefatshe lotlhe le go sa dumeleng ga lone, le le ganneng go reetsa, mme ka ntlha ya tumelo ya gagwe o ne a nna mongwe wa ba Modimo o ba amogetseng.
8 By faith Abraham obeyed the call to go to a place he'd receive as inheritance, leaving without knowing his destination. Aberahame o ne a ikanya Modimo, mme erile Modimo o mo raya o re a huduge mo ga gabo a ye kgakala kwa lefatsheng le lengwe le o le mo solofeditseng, Aberahame a dumela. A tsamaya, a sa itse tota le kwa a neng a ya teng.
9 By faith he settled in the land of promise as in a foreign land, living in tents with Isaac and Jacob, co-heirs of the same promise. Mme erile le a goroga kwa lefatsheng le Modimo o le mo solofeditseng, a nna mo megoping (ditante) jaaka moeti fela, jaaka Isake le Jakobe ba le bone Modimo o ba solofeditseng jaaka Aberahame.
10 For he was watching for the city with foundations, whose designer and builder is our Father. Aberahame o ne a dira jaana gonne o ne a letetse Modimo ka tlhomamiso go mo lere kwa lefelong le le nonofileng la selegodimo le modiri le moagi wa lone e leng Modimo.
11 By faith Sarah herself received power to conceive, though past age, since she trusted the one who promised was faithful. Sara, le ene o ne a na le tumelo, mme ka ntlha ya yone tumelo e, o ne a bona nonofo ya go nna le ngwana ntswa a ne a tsofetse, gonne o ne a lemoga gore Modimo o o mo solofeditseng, o tlaa diragatsa tsholofetso ya one.
12 So from one man—as good as dead—were born as many descendants as the stars of the sky, as countless as sand on the seashore. Ke gone ka moo chaba yotlhe e duleng mo go Aberahame, yo o neng a tsofetse thata go ka nna le e leng ngwana a le mongwe fela, tota chaba e e nang le didikadike tsa batho tse di senang palo, ba bontsi jwa bone bo lekanang le dinaledi tsa legodimo le motllhaba wa lotshitshi lwa lewatle.
13 All these died in faith, without receiving what was promised—yet seeing it from afar and welcoming it, admitting they were foreigners and exiles on earth. Batho ba ba tumelo ba ke ba umakileng, ba sule ba ise ba amogele gotlhe mo Modimo o neng o go ba solofeditse; mme ba ne ba go bona go ba letetse kwa pele mme ba itumela, gonne ba ne ba dumela gore lefatshe leno ga se legae la bone tota mme e le baeng fela mo go lone.
14 For those who say this show they are seeking a homeland of their own. Mme go bonala fela sentle gore e ne e re fa ba bua jalo, ba bo ba solofetse legae la bone tota kwa legodimong.
15 If they had remembered the land they'd left, they'd have had a chance to return. Fa ba ne ba rata, ba ka bo ba ne ba boela kwa morago kwa dilong tse di molemo tsa lefatshe leno.
16 But as it is, they desire a better country—a heavenly one. So our Father is not ashamed to be called their Father: he has prepared them a city. Mme ga ba a ka ba dira jalo. Ba ne ba tshelela legodimo. Jaanong Modimo ga o tlhajwe ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bone, gonne o ba agetse motse wa selegodimo.
17 By faith Abraham, being tested, offered Isaac; he who had received the promises was offering his only son, Erile o santse o mo leka, Aberahame o ne a nna a ikanya Modimo le ditsholofetso tsa one, mme ke gone a ntsha Isake morwawe tshupelo, a bo a ipaakanyetsa go mmolaela mo sebesong sa ditlhabelo;
18 of whom it was said, "Through Isaac will your offspring be named." ee, go bolaya le e leng Isake, yo ka ene Modimo o neng o solofeditse go naya Aberahame chaba yotlhe ya losika lwa gagwe!
19 He reasoned our Father could raise him even from the dead—and, figuratively, he got him back from there. O ne a dumela gore fa Isake a ka swa Modimo o tlaa mo tsosa mo losong; mme ke sone se tota se neng sa diragala seo, gonne mo mogopolong wa ga Aberahame, Isake o ne a tshwanetse go swa, mme o ne a tsoga mo losong!
20 By faith Isaac called down future blessings on Jacob and Esau. E ne e le ka tumelo mo Isake a neng a itse gore Modimo o tlaa naya bomorwawe ba babedi masego, ka lobaka lo lo tlang, ebong Jakobe le Esau.
21 By faith Jacob, dying, blessed each of Joseph's sons and worshiped, leaning on the top of his staff. Ka tumelo erile Jakobe a setse a tsofetse ebile a tloga a a swa, a segofatsa bomorwa Josefe boo-babedi fa a ema ka dinao a rapela, a itshegeleditse ka thobane ya gagwe.
22 By faith, dying, Joseph mentioned the exodus of Israel's sons and gave orders about his bones. Gape e ne e le ka tumelo mo Josefe erileng a tla a tloga a a swa, a bua ka tlhomamiso gore Modimo o tlaa ntsha batho ba Iseraele mo Egepeto; o ne a tlhomamisa kgololo ya bone mo e leng gore o ne a ba raya a re ba mo solofetse go tsaya marapo a gagwe fa ba tsamaya.
23 By faith Moses' parents hid him three months after his birth, seeing he was a beautiful child, unafraid of the king's edict. Batsadi ba ga Moshe le bone ba ne ba na le tumelo. Erile fa ba bona gore Modimo o ba file ngwana yo o sa tlwaelesegang, ba ikanya Modimo gore o tlaa mmoloka mo losong lo kgosi e lo laotseng, mme ba mo fitlha dikgwedi di le tharo, ebile ba sa boife.
24 By faith Moses, when he was grown up, refused to be called the son of Pharaoh's daughter, E ne e le ka tumelo mo Moshe erileng a gola, a gana go tsewa jaaka setlogolwana sa kgosi, mme a itlhophela go boga le batho ba Modimo mo boemong jwa go ja monate wa dikgatlhego tsa boleo ka lobakanyana.
25 choosing mistreatment with our Father's people over sin's fleeting pleasures. Not in this edition
26 He considered the disgrace of Christ greater wealth than Egypt's treasures, since he looked toward the reward. O ne a bona gore go botoka go bogela Keresete yo o solofetsweng go na le go rua mahumo otlhe a Egepeto, gonne o ne a solofetse tuelo e kgolo e Modimo o neng o tlaa e mo naya.
27 By faith he left Egypt, not fearing the king's anger, enduring as if seeing our Father, who is invisible. Gape e ne e le ka ntlha ya gore o ne a ikanya Modimo mo a ileng a tswa mo lefatsheng la Egepeto a sa boife bogale jwa kgosi. Moshe o ne a nna a tsamaya; go ne go bonala ekete o bona Modimo o na le ene teng koo.
28 By faith he kept the Passover and blood-sprinkling, so the destroyer of the firstborn wouldn't touch them. Gape e ne e le ka ntlha ya gore o ne a dumela gore Modimo o tlaa boloka batho ba one jaaka a ba laotse go bolaya kwana, ka fa Modimo o neng o ba laotse go dira ka teng le go kgatsha madi mo mepakong ya dikgoro tsa matlo a bone, gore Moengele yo o boitshegang wa Loso wa Modimo a se ka a ama ngwana ope wa ntlha wa mosimane mo malapeng ao, jaaka o ne wa dira mo Baegepetong.
29 By faith they crossed the Red Sea as on dry land; the Egyptians, trying the same, were swallowed up. Batho ba Iseraela ba ne ba ikanya Modimo ba bo ba ralala Lewatle le Lehibidu jaaka o ka re ba tsamaya mo mmung o o omeletseng. Mme erile Baegepeto ba ba neng ba ba setse morago ba leka go le kgabaganya, ba nwela botlhe.
30 By faith the walls of Jericho fell down after they had been encircled for seven days. E ne e le tumelo e e neng ya ribegetsa dithako tsa Jeriko batho ba Iseraela ba sena go di dikologa malatsi a supa, jaaka Modimo o ne o ba laotse.
31 By faith Rahab the prostitute did not die with those who disobeyed, since she welcomed the spies in peace. Ka tumelo Rahabe wa seaka o ne a seka a swa le botlhe ba bangwe mo motseng wa ga bone fa ba ne ba gana go reetsa Modimo, gonne o ne a dumela Modimo le thata ya One, gonne o ne a amogela ditlhola ka kagiso.
32 What more can I say? Time fails me to tell of Gideon, Barak, Samson, Jephthah, David and Samuel and the prophets, Mme he, ke santse ke tlhoka go bua go le kae? Go ka tsaya nako e telele thata go boelela dipolelo tsa tumelo ya ga Gideone le Baraka le Samesone le Jefethe le Dafide le Samuele le baporofiti botlhe.
33 who through faith conquered kingdoms, enforced justice, obtained promises, shut the mouths of lions, Batho ba botlhe ba ne ba ikanya Modimo mme ka ntlha ya go o ikanya ba fenya dintwa, ba diga dipuso, ba busa batho ba bone sentle, mme ba amogela se Modimo o neng o se ba solofeditse; ba ne ba sireletsega mo go gagolakweng ke ditau mo mengobong;
34 put out fire's power, escaped the edge of the sword, grew strong from weakness, became mighty in war, and turned back foreign armies. le mo boubelong, Bangwe ka tumelo ya bone, ba falotse mo losong lwa chaka. Bangwe ba ne ba nonotshiwa gape morago ga bokoa jwa bone le bolwetse. Ba bangwe ba ne ba fiwa nonofo e kgolo mo ntweng; ba ne ba dira gore mephato ya ntwa e sie e ba tshabe.
35 Women received their dead back by resurrection; others were tortured, refusing release, to gain a better resurrection. Mme basadi bangwe, ka tumelo, ba amogela ba ga bone ba ba rategang, ba ba neng ba sule. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ikanya Modimo, mme ba betswa go fitlhelela ba a swa. Ba itlhophela go swa go na le go furalela Modimo gore ba gololesege, ba tshepha gore ba tlaa tsogela botshelong jo bo botoka moragonyana.
36 Still others suffered mocking and flogging, and even chains and imprisonment. Bangwe ba ne ba tshegwa, ba fatolwa mekwatla ka dithupa, mme ba bangwe ba ne ba golegelelwa ka dikeetane mo dikgolegelong.
37 They were stoned, sawn in two, killed by the sword. They wandered in sheepskins and goatskins—destitute, tormented, mistreated. Bangwe ba sule ba kgobotlediwa ka maje ba bangwe ka go fatoganngwa ka dishaga; ba bangwe ba ne ba solofediwa kgololo fa ba ne ba ka itatola tumelo ya bone, morago ga moo ba ne ba bolawa ka chaka. Bangwe ba ne ba tsamaya ba apere matlalo a dinku le dipodi, ba kgarakgatshega mo dikakeng le mo dithabeng, ba iphitlha mo mengobong le mo dikgageng. Ba ne ba bolawa ke tlala, ba lwala, ba tshwerwe setlhogo, e le batho ba lefatshe le sa ba tshwanelang.
38 The world wasn't worthy of them—they wandered deserts, mountains, caves, and holes in the ground. Not in this edition
39 And all these, though they were commended for their faith, did not receive what was promised, Mme batho ba ba tumelo, le fa ba ne ba ikanya Modimo ebile ba ne ba gapa maikutlo a One, ga go na ope wa bone yo o neng a amogela tsotlhe tse Modimo o neng o di solofeditse;
40 since our Father provided something better for us, so they would not be perfected without us. gonne Modimo o ne o batla gore ba iketle gore le bone ba tle ba nne le seabe mo dituelong tse di botoka tse di sa fetogeng tse re di baakanyeditsweng.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]