Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Colossians 2 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 I want you to know how hard I'm struggling for you, those in Laodicea, and all who haven't met me in person, Ke eletsa fa lo ne lo ka itse ka fa ke lo kgaratlhetseng ka teng mo thapelong ke rapelela lona le phuthego e e kwa Laodikea, ebile ke rapelela le ditsala tsa me tse dingwe tse dintsi tse di iseng di ke di nkitse sefatlhogo.
2 that their hearts may be encouraged, knit together in love, and come into all the riches of full assurance and understanding—into the knowledge of our Father's mystery, which is Christ, Se ke se lo kope-tseng mo Modimong ke se: gore lo kgothadiwe lo bo lo lomaganngwe mmogo ka ditlamo tse di thata tsa lorato, le gore lo nne le boitemogelo jo bo tletseng le tlhaloganyo ya go itse Keresete ka botlalo. Gonne leano le la Modimo le le neng le sa itsiwe, jaanong le senotswe, ke lone Keresete ka sebele.
3 in whom are hidden all the treasures of wisdom and knowledge. Mo go ene go na le mahumo otlhe a magolo a a fitlhegileng a a senang bolekanngo a botlhale le kitso.
4 I say this so that no one may deceive you with persuasive arguments. Ke bua jaana ka gore ke tshaba gore motho mongwe o ka lo fora ka puo ya gagwe e e borethe.
5 Though absent in body, I'm with you in spirit, glad to see your good order and the firmness of your faith in Christ. Gonne le fa ke le kgakala le lona, pelo ya me yone e na le lona, ke a itumela gonne lo tsweletse sentle thata, ke a itumela ka ntlha ya tumelo ya lona e e nonofileng mo go Keresete.
6 Therefore, as you received Christ Jesus the Lord, walk in him, Mme jaanong fela jaaka lo ne lwa ikanya Keresete go lo boloka, mo ikanyeng, le mo matshwenyegong a letsatsi lengwe le lengwe; nnang mo kgolaganong ya botlhokwa nae.
7 rooted and built up in him, firm in the faith as taught, overflowing with thanks. A medi ya lona e melele thata kwa teng ga gagwe mme e gope dikotla mo go ene. Elang tlhoko gore lo tswelele go gola mo Moreneng, le gore lo a nonofa ebile lo tlhomama mo boammaaruring jo lo bo rutilweng. A matshelo a lona a penologe ka boitumelo le malebogo mo go tsotlhe tse a di dirileng.
8 Watch that no one captures you through philosophy and empty deceit, according to human tradition, according to the world's elemental spirits, not according to Christ. Se letleleleng ba bangwe go senya tumelo ya lona le boitumelo ka botlhalenyana jwa bone; le dikarabo tsa bone tse di sa tlalang tse di tswang mo megopolong le mo ditlhaloganyong tsa batho, mo boemong jwa go dumela mo go se Keresete o se buileng.
9 For in him the whole fullness of deity lives in bodily form, Gonne mo go Keresete go na le BoModimo jotlhe mo mmeleng wa setho;
10 and in him you have been made complete, who is the head over all rule and authority. jalo lo na le sengwe le sengwe fa lo na le Keresete, gape lo tladiwa ka Modimo ka ntlha ya kgolagano ya lona le Keresete. Keresete ke Mmusi yo mogolo, o na le taolo mo nonofong e nngwe le e nngwe.
11 In him you were also circumcised—a circumcision not made by hands, stripping off the body of flesh—the circumcision of Christ. Erile fa lo tla kwa go Keresete, a lo golola mo dikeletsong tsa lona tse di bosula, eseng ka thupiso ya mmele e e dirwang ka diatla mme e leng ka thupiso ya semowa, kolobetso ya mewa ya lona.
12 Buried with him in baptism, in which you were also raised with him through faith in our Father's power, who raised him from the dead. Gonne mo kolobetsong lo bona ka fa tlholego ya lona e kgologolo e e bosula e suleng nae ka teng le ka fa e neng ya fitlhwa nae ka teng; mme jalo lo ne lwa tsoga mo losong nae lwa tsogela mo botshelong jo bosha gonne lo ne lo ikanya Lefoko la Modimo o mogolo o o tsositseng Keresete mo baswing.
13 You were dead in your sins and uncircumcised flesh, but our Father made you alive with him, forgiving us all our sins, Lo ne lo sule mo dibeng, mme dikeletso tsa lona tsa boleo di ne di ise di kgaolwe. Mme wa lo naya seabe mo go jone botshelo jwa ga Keresete, gonne o ne wa lo itshwarela dibe tsotlhe.
14 erasing the record of debt, with its regulations, that stood against us. He set this aside, nailing it to the cross. Wa bo wa phimola bosupi jwa melato yotlhe ya lona, jo bo mo lokwalong lwa melao ya one e lo sa e obamelang. O ne wa tsaya lokwalo lwa melato mme wa lo senya ka go lo kokotela mo sefapaanong sa ga Keresete.
15 He disarmed the rulers and authorities and publicly shamed them, triumphing over them in him. Ka tsela e, Modimo o ne wa tlosa nonofo ya ga Satane ya go lo bona molato wa boleo, Modimo wa bo wa supa mo pepeneneng mo lefatsheng lotlhe phenyo ya ga Keresete mo mokgorong kwa dibe tsa lona di neng tsa tlosiwa tsotlhe teng.
16 So let no one judge you over food, drink, festival, new moon, or Sabbath. Jalo se letleleleng ope go lo bona molato kaga se lo se jang kgotsa se lo se nwang, kgotsa ka go tlhoka go tshegetsa malatsi a boikhutso a Sejuta le mediro kgotsa meletlo ya kgwedi e e rogwang kgotsa bo-Sabata.
17 These are a shadow of the things that were to come, but the reality belongs to Christ. Gonne se e ne e le melao fela ya lobakanyana e e neng ya khutla fa Keresete a tla. E ne e le meriti fela ya selo sa boammaaruri, ebong Keresete ka sebele.
18 Let no one disqualify you by delighting in false humility and worship of angels, focusing on visions he has seen, puffed up without cause by his fleshly mind, Se letleleleng ope go lo raya a re lo latlhegile fa lo gana go obamela baengele, jaaka ba re lo tlamega go ba obamela. Ba re ba bonye ponatshegelo, mme ba itse gore lo tshwanetse. Batho ba ba ikgogomosang ba, ba na le kakanyo ya botlhale jo bogolo.
19 and not holding on to the Head, from whom the whole body, fed and joined by joints and ligaments, grows with growth from our Father. Mme ga ba a lomagana le Keresete, tlhogo e rotlhe ba re leng mmele wa gagwe re lomagantsweng mo go yone; gonne re lomagantswe nae ka mesifa ya gagwe e e nonofileng mme re gola fela fa re tsaya kotla le nonofo ya rona mo Modimong.
20 If you died with Christ to the world's elemental spirits, why, as if still part of the world, do you submit to its rules? Mme e re ka o ka re lo sule le Keresete, ebile go swa mo go lo golotse mo go saleng morago ditlhaloganyo tsa lefatshe tsa ka fa lo ka bolokwang ka teng, ka go dira molemo le go obamela melao e mentsi e e farologanyeng, ke eng fa lo tswelela lo e sala morago ka tsela nngwe, lo santse lo bofilwe ke melao e e reng,
21 "Do not handle, do not taste, do not touch"? lo se ka lwa leka sepe ka legano, kgotsa le fa e le go ama dijo dingwe?
22 These all perish with use, because they are based on human commands and teachings. Melao e e ntseng jaana ke dithuto tsa batho fela, gonne dijo di diretswe go jewa le go dirisiwa.
23 These rules seem wise—invented worship, false humility, harsh treatment of the body—but hold no value against indulging the flesh. Melao e, e ka ne e bonala e siame, gonne melao ya mofuta o, e batla boineelo jo bo nonofileng mme e kgobalatsa mmele ebile e imela mmele, mme ga e na thuso epe fa go tliwa mo go fenyeng megopolo e e bosula le dikeletso tse di bosula tsa motho. E mo dira boikgodiso fela.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]