Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Colossians 1 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Paul, an apostle of Christ Jesus by the will of our Father, and Timothy our brother, Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo yo o tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete, le kwa go mokaulengwe Timotheo.
2 to Colossae's holy, faithful brothers and sisters in Christ: grace and peace to you from our Father. Lo ya kwa: Bakaulengweng ba Bakeresete ba ba ikanyegang, batho ba Modimo, mo motseng wa Kolosa. A Modimo Rara wa rona o lo nesetse matlhogonolo o bo o lo tlatse ka kagiso ya One e kgolo.
3 We always thank our Father, the Father of our Lord Jesus Christ, praying for you, Nako nngwe le nngwe fa re lo rapelela re simolola ka go leboga Modimo Rraa Morena wa rona Jesu Keresete,
4 since we heard of your faith in Christ Jesus and the love you have for all the saints, gonne re utlwile gore lo ikanya Modimo go le kae, le gore lo rata batho ba one go le kae.
5 because of the hope kept for you in heaven, which you already heard in the message of truth, the gospel, Ebile lo solofetse go amogela dilo tse di itumedisang tsa legodimo, le gone ga lo bolo go nna lo di solofela go simolola ka nako e Mafoko a a Molemo a neng a simolola go rerwa ka yone mo go lona.
6 which reached you, bearing fruit and growing throughout the whole world as it has among you, since the day you heard and truly understood our Father's grace. One Mafoko a a Molemo a, a a tsileng kwa go lona, a anamela mo lefatsheng lotlhe ebile a fetola matshelo a batho gongwe le gongwe, fela jaaka a fetotse matshelo a lona ka lone letsatsi le lo neng lo a utlwa ka lone lwa ba lwa tlhaloganya ka ga kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo mo baleofing.
7 You learned it from Epaphras, our beloved fellow servant, a faithful minister of Christ on our behalf, Epafarase modiri ka rona yo o rategang thata ke ene yo o neng a lo leretse Mafoko a a Molemo a. Ke motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jesu Keresete, go re thusa mo boemong jwa lona.
8 and he has told us about your love in the Holy Spirit. Gape ke ene yo o re boleletseng kaga lorato lo logolo mo go ba bangwe lo Mowa O O Boitshepo o lo lo neileng.
9 So, since the day we heard, we haven't stopped praying for you, asking that you be filled with knowledge of his will in all spiritual wisdom and understanding, Jalo he, e sale e re fela re utlwa kaga lona re bo re tswelela re rapela re kopa Modimo go lo thusa go tlhaloganya se o batlang lo se dira, le go tlhaloganya dilo tsa semowa;
10 so that you may walk worthy of the Lord, fully pleasing to him, bearing fruit in every good work and growing in the knowledge of our Father, le go kopa gore tsela e lo tshelang ka yone e itumedise Morena ka metlha yotlhe lo bo lo mo tlotle, gore lo age lo dira, dilo tse di molemo mo go ba bangwe, lo ntse lo tswelela go ithuta go itse Modimo botoka.
11 being strengthened with all power by his glorious might, for all endurance and patience with joy, Re rapelela gape gore lo tladiwe ka nonofo ya one e kgolo e e galalelang gore lo tle lo kgone go tswelela pele le go le mathata, lo tletse boitumelo jwa Morena ka metlha yotlhe,
12 giving thanks to our Father, who qualified you to share the saints' inheritance in the light. ebile lo leboga ka metlha yotlhe Rara yo o re nonotshitseng go nna le seabe mo dilong tsotlhe tse dintle tse e leng tse ba ba nnang mo Bogosing jwa Lesedi.
13 He rescued us from darkness's reign and brought us into his beloved Son's kingdom, Gonne o re falotshitse ka go re ntsha mo lefifing le mo phifalong ya bogosi jwa ga Satane mme wa re tsenya mo bogosing jwa Morwa One yo o rategang,
14 in whom we have redemption, the forgiveness of sins. yo o rekileng kgololo ya rona ka madi a gagwe a bo a itshwarela dibe tsa rona tsotlhe.
15 He is the image of our invisible Father, the firstborn over all creation. Keresete ke setshwano tota sa Modimo o o sa bonweng ka matlho, O ne a le teng pele ga Modimo o tlhola lobopo lotlhe, mme tota,
16 For everything was created in him—things in heaven and on earth, visible and invisible, thrones, dominions, powers, authorities—all created through him and for him. Keresete ka sebele ke mmopi yo o tlhodileng sengwe le sengwe mo legodimong le mo lefasheng, dilo tse re ka di bonang le tse re se ka keng ra di bona; lefatshe la semowa ka dikgosi tse lone le mebuso ya lone, babusi ba lone le maotlana a lone; gotlhe go dirilwe ke Keresete go dirisiwa ke ene mo kgalalelong ya gagwe.
17 And he is before all things, and in him all things hold together. O ne a le teng pele ga sengwe le sengwe se simologa, mme gape ke nonofo ya gagwe e e tshwaragantseng sengwe le sengwe.
18 He is head of the body, the church. He is the beginning, firstborn from the dead, so that he might have first place in everything. Ke ene tlhogo ya mmele o o dirilweng ka batho ba gagwe, ke gore, phuthego ya gagwe e a e simolo-tseng; gape ke Moeteledipele wa botlhe ba ba tsogang mo baswing, gore a nne wa ntlha mo dilong tsotlhe;
19 For our Father was pleased to have all his fullness live in the Son, gonne Modimo o ne o batla gore gotlhe mo e leng ga one go nne mo go Morwa One.
20 and through him reconcile all things to himself, whether things on earth or things in heaven, making peace through his cross's blood. E ne e le ka ntlha ya se Morwa One a se dirileng, mo Modimo o neng wa betlela sengwe le sengwe tsela ya go tla kwa go one, dilo tsotlhe mo legodimong le mo lefatsheng, gonne loso lwa ga Keresete mo mokgorong lo diretse botlhe kagiso mo Modimong ka madi a gagwe.
21 Once you were alienated from our Father, hostile in your thinking, because of your evil deeds. Mo go balelwa le lona ba lo kileng lwa ne lo le kgakala thata le Modimo. Lo ne lo le baba ba one, lo o ila ebile lo ne lo kgaogantswe le one ke megopolo ya lona e e bosula le ditiro tsa lona mme le fa go ntse jalo jaanong o lo buseditse mo go one go nna ditsala tsa one.
22 But now our Father has reconciled you in Christ's fleshly body through death, to present you holy, blameless, and beyond reproach before him, O dirile jaana ka ntlha ya go swa ga mmele wa gagwe wa botho mo mokgorong, mme ka ntlha ya go dira jalo Keresete o lo tlisitse fa pele ga Modimo ka sebele, mme lo eme foo fa pele ga gagwe go se na sepe se se setseng kgatlhanong le lona, go se na sepe se se setseng se a neng a ka se lo omanyetsa;
23 if you truly remain in the faith, grounded and firm, not moved from the hope of the gospel you heard, proclaimed in all creation under heaven, of which I, Paul, became a servant. se se batlwang fela mo go lona ke gore lo dumele Boammaaruri ka botlalo, lo eme mo go jone lo sa reketle ebile lo nitame, lo nonofile mo Moreneng, lo dumela ka botlalo mo Mafokong a a Molemo gore Jesu o lo swetse, ebile lo sa sute mo go mo ikanyeng go lo boloka. Se mafoko a mantle a a hakgamatsang a a tsileng mo go mongwe le mongwe wa lona mme jaanong a aname le lefatshe lotlhe. Mme nna Paulo, ke na le boitumelo jwa go a bolelela ba bangwe.
24 I now rejoice in my suffering for you, and in my flesh complete what is still lacking in Christ's hardships, for the sake of his body, the church. Mme bontlha bongwe jwa tiro ya me ke go lo bogela; gape ke a itumela, gonne ke thusa go feleletsa masalela a dipogiso tsa mmele wa ga Keresete, ebong phuthego.
25 I became its servant through the assignment our Father gave me for you: to fully proclaim our Father's word. Modimo o nthomile go thusa phuthego ya one, le go lo bolelela lona Badichaba leano la one le le fitlhegileng.
26 The mystery that was hidden for ages and generations but is now revealed to his holy people. Ga o bolo go fitlha bosaitsiweng jo mo dingwageng tse di makgolokgolo le mo dikokomaneng tse di fetileng, mme jaanong kwa bofelong go mo itumedisitse go bo bolelela ba ba o ratang ebile ba o tshelela, mme mahumo le kga-lalelo ya maikaelelo a one ke a lona le Badichaba. Mme bosaitsiweng joo ke jo: gore Keresete mo dipelong tsa lona ke ene fela tsholofelo ya lona ya kgalalelo.
27 To them our Father chose to reveal this mystery's glorious riches among Gentiles, which is Christ in you, the hope of glory. Not in this edition
28 We proclaim him, warning and teaching everyone with all wisdom, to present everyone mature in Christ. Jalo gongwe le gongwe kwa re yang teng re bua kaga Keresete mo go botlhe ba ba tlaa ree-tsang, re ba tlhagisa ebile re ba ruta ka fa re itseng ka teng ka ntlha ya se Keresete a se diretseng mongwe le mongwe wa bone.
29 For this I labor, striving with all the energy our Father supplies, which so powerfully works within me. Ke yone tiro ya me e, mme ke ka e dira fela ka ntlha ya gore nonofo e kgolo ya ga Keresete e dira mo go nna.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]