Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Acts 9 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 But Saul, still breathing threats and murder against the Lord's disciples, went to the high priest, Mme Saulo, ka go tshosa ka bogale jwa go nyeletsa Mokeresete mongwe le mongwe, o ne a ya kwa Moperesiting yo mogolo kwa Jerusalema.
2 and asked him for letters to Damascus's synagogues, so that if he found any of the Way, men or women, he could bring them bound to Jerusalem. O ne a kopa lokwalo lo lo kwaletsweng diphuthego kwa Damaseko, a kopa thuso ya go bogisa badumedi ba o tlaa ba bonang teng, banna le basadi gore a tle a ba lere kwa Jerusalema ba golegilwe.
3 As he traveled and was approaching Damascus, suddenly a light from heaven flashed around him. Mme mo loetong lo, ya re a atamela Damaseko ka tshoganetso lesedi le le galalelang thata la mo phatsimela le tswa legodimong!
4 He fell to the ground and heard a voice saying, "Saul, Saul, why are you persecuting me?" O ne a wela fa fatshe mme a utlwa lentswe le re, “Saulo! Saulo! o mpogisetsang?”
5 He said, "Who are you, Lord?" And he said, "I am Jesus, whom you are persecuting. Mme ene a re, “O mang Morena?” Jalo lentswe la fetola la re, “Ke Jesu yo o mmogisang!
6 But rise and enter the city, and you will be told what you must do." Jaanong tsoga o tsene mo motseng mme o letele ditaelo tsa me.”
7 The men traveling with him stood speechless, hearing the voice but seeing no one. Mme banna ba ba neng ba na le Saulo ba ema ba tuulala ka kgakgamalo, gonne ba ne ba utlwa lentswe la mongwe mme ba sa mmone!
8 Saul got up from the ground, but with eyes open he saw nothing; they led him by the hand and brought him into Damascus. Mme erile fa Saulo a tsoga fa fatshe a bo a sa bone. O ne a tshwanelwa ke go gogelwa kwa Damaseko kwa o neng a nna teng malatsi a mararo, a sa bone, a sa je, a sa nwe ka nako eo yotlhe.
9 He was blind for three days and neither ate nor drank. Not in this edition
10 A disciple named Ananias lived in Damascus. In a vision the Lord said, "Ananias." He answered, "Here I am, Lord." Mme mo Damaseko go ne go na le morutwa, ebong Ananiase. Modimo o ne wa bua nae mo ponatshegelong wa re, “Ananiase!” Mme a re, “Morena”!
11 The Lord said to him, "Get up, go to the street called Straight, and look in Judas's house for a man from Tarsus named Saul—he is praying, Mme Morena a re, “Tsamaya o ye kwa mmileng o go tweng Tolamo o batle ntlo ya monna yo o bidiwang Judase mme o botse gore Saulo wa Tareso o kae. O a rapela gone jaanong, gonne
12 and in a vision has seen a man named Ananias come in and place his hands on him so he may see again." ke mmontshitse ponatshegelo ya monna yo o bidiwang Ananiase a tla go baya diatla tsa gagwe mo go ene gore a foufologe gape!”
13 Ananias replied, "Lord, many have told me about this man—the harm he's done your holy ones in Jerusalem. Mme Ananiase a re, “Morena, ke utlwile kaga dilo tse di sa siamang tse monna yo o di dirileng mo badumeding kwa Jerusalema!
14 And here he has authority from the chief priests to bind all who call on your name." Gape re utlwa gore o tshotse tetlelelo ya go tshwara e e tswang kwa baperesiting ba bagolo go mo fa thata ya go tshwara modumedi mongwe le mongwe mo Damaseko!”
15 But the Lord said to him, "Go, for this man is my chosen instrument to carry my name before nations, kings, and Israel's people. Mme Morena a re, “Tsamaya o dire se ke se buang. Gonne Saulo ke sejana same se se tlhaotsweng go isa molaetsa wame mo go Badichaba le mo dikgosing tsa bone, le mo bathong ba Iseraele.
16 For I will show him how much he must suffer for the sake of my name." Mme ke tlaa mo supegetsa gore o tshwanetse go mpogela go le kae.”
17 Ananias went and entered the house. He laid hands on Saul and said, "Brother Saul, the Lord Jesus—who appeared to you on the road you traveled—sent me so you may see again and be filled with the Holy Spirit." Mme Ananiase a tsamaya a bona Saulo a bo a mmaya diatla a re, “Mokaulengwe Saulo, Morena Jesu yo o neng a go ipontsha mo tseleng, o nthomile gore o tle o tladiwe ka Mowa O O Boitshepo le gore o foufologe.”
18 Immediately something like scales fell from his eyes, and he could see again. He got up and was baptized, Ya re gone fela foo (ya ne ekete go wa dikgapetlana mo matlhong a ga Saulo) a foufologa, mme ka bonako a kolobediwa.
19 and after eating, he regained his strength. For some days he was with the disciples in Damascus, Mme a ja mme a nonofa. O ne a nna le badumedi mo Damaseko malatsinyana,
20 and immediately he began proclaiming Jesus in the synagogues, that he is the Son of our Father. mme erile gone fela foo a ya kwa tlung ya thuto go bolelela mongwe le mongwe Mafoko a a Molemo kaga Jesu, gore tota ke Morwa Modimo!
21 All who heard were amazed and said, "Isn't this the man who caused such havoc in Jerusalem among those calling on this name? And hasn't he come here for this: to bring them bound before the chief priests?" Botlhe ba ba neng ba mo utlwa ba ne ba hakgamala. Ba ne ba botsa ba re, “A monna yo ga se ene yo o neng a bogisa thata balatedi ba ga Jesu kwa Jerusalema? Mme re utlwa gore o tletse fano go tla go ba tshwara botlhe mme a ba golega go ba isa kwa baperesiting ba bagolo.”
22 But Saul grew stronger still, bewildering the Jews living in Damascus by proving this one is the Christ. Saulo o ne a nna tlhaga thata mo therong ya gagwe, mme Bajuta ba Damaseko ba ne ba sa kgone go emela ditshupo tsa gagwe gore Jesu tota e ne e le Keresete.
23 After many days had passed, the Jews plotted to kill him, Moragonyana, baeteledipele ba Sejuta ba ikaelela go mmolaya.
24 but Saul learned of their plot; they watched the gates day and night to kill him, Mme o ne a bolelelwa kaga maikaelelo a bone, gore ba ne ba tlhokometse dikgoro tsa motse bosigo le motshegare ba ipaakanyeditse go mmolaya.
25 but at night his disciples lowered him through the wall in a basket. Mme erile bosigo bangwe ba o ba sokolotseng ba mo falotsha ka kgorwana mo loboteng lwa motse a le mo serotong.
26 Arriving in Jerusalem, he tried to join the disciples, but all feared him, not believing he was a disciple. Erile fa a goroga kwa Jerusalema a leka go kopana le badumedi, mme ba ne ba mo tshaba. Ba ne ba gopola gore o itira yo o dumelang!
27 But Barnabas took him to the apostles and explained how Saul had seen the Lord on the road, who spoke to him, and how in Damascus he had spoken boldly in Jesus' name. Jalo Barenabase a mo tlisa mo baaposetoloing mme a ba bolelela ka fa Saulo a ileng a bona Morena ka teng mo tseleng a ya Damaseko, le se Morena o neng a se bua nae, le ka thero ya gagwe e e nonofileng ka leina la ga Jesu kwa Damaseko.
28 So he was with them, moving freely about Jerusalem, speaking boldly in the name of the Lord. Mme ba mo amogela, mme morago ga moo o ne a nna le badumedi ka nako tsotlhe,
29 He spoke and debated with the Hellenists, but they were seeking to kill him. mme a rera ka bopelokgale mo leineng la Morena. Mme Bajuta bangwe ba ba neng ba bua Segerika ba o kileng a ganetsana nabo ba loga leano la go mmolaya.
30 When the brothers learned this, they brought him down to Caesarea and sent him off to Tarsus. Le fa go ntse jalo, erile badumedi ba bangwe ba utlwa diphatsa tse a leng mo go tsone, ba mo isa kwa Kaesarea mme ya re morago ga moo ba mo isa kwa ga gabo kwa Tareso.
31 So the church throughout Judea, Galilee, and Samaria had peace and was strengthened; walking in the fear of the Lord and comforted by the Holy Spirit, it multiplied in number. Erile ka lobaka lo, phuthego e ne e le mo kagisong mo ntlheng tsotlhe tsa Judea, Galalea le Samaria, mme tsa gola mo nonofong le mo palong. Badumedi ba ithuta go tsamaya ba boifa Morena mo kgomotsong ya Mowa O O Boitshepo.
32 As Peter traveled among all the believers, he also went down to the holy ones living in Lydda. Petere o ne a tsamaya mafelo a a farologanyeng go ba etela, o ne a etela le badumedi ba ba kwa motseng wa Lida.
33 There he found a man named Aeneas, bedridden for eight years, who was paralyzed. Teng koo, a kopana le monna yo o neng a bidiwa Aenease, yo o neng a gateletswe ke bolwetse a bile a sa kgone go tsoga mo bolaong ka dingwaga di roba bobedi.
34 Peter said to him, "Aeneas, Jesus Christ heals you. Get up, make your bed." He got up at once. Mme Petere a mo raya a re, “Aenease! Jesu Keresete o go fodisitse! Tsoga o baakanye bolao jwa gago.” Mme erile fela gone foo a fodisiwa.
35 And all who lived in Lydda and Sharon saw him, and they turned to the Lord. Mme batho botlhe ba Lida le ba Sharona ba sokologela mo Moreneng fa ba bona Aenease a tsamaya.
36 In Joppa lived a disciple named Tabitha, meaning Dorcas. She was full of good works and help for the poor. Mo motseng wa Jopa go ne go na le mosadi a bidiwa Dorokase, (le fa e le Tshephe) modumedi yo o neng a tshela a direla ba bangwe bo-molemo, bogolo jang batlhoki.
37 In those days she got sick and died; they washed her and laid her in an upstairs room. Ka nako eo o ne a lwala mme a swa. Ditsala tsa gagwe tsa mmaakanyetsa phitlho mme tsa mo robatsa mo ntlwaneng e e kwa godimo.
38 Since Lydda was near Joppa, disciples who heard Peter was there sent two men to him, urging, "Don't delay coming to us." Mme erile fa ba utlwa fa Petere a le gaufi mo Lida, ba roma banna ba le babedi go kopa go boela le bone kwa Jopa.
39 So Peter got up and went with them. When he arrived, they brought him to the upper room. All the widows stood beside him crying, showing the tunics and cloaks Dorcas had made while with them. Mme o ne a dira jalo, erile fela fa a goroga, ba mo tseela kwa ntlwaneng ee kwa go-dimo kwa Dorokase o neng a beilwe teng. Ntlo e ne e tletse batlholagadi ba ba lelang ba ba neng ba bontshana diaparo tse Dorokase o di ba diretseng.
40 Peter sent everyone out, knelt, and prayed. Turning to the body, he said, "Tabitha, get up." She opened her eyes, saw Peter, and sat up. Mme Petere a ba kopa gore botlhe ba tswele kwa ntle; jalo a khubama a rapela. Erile a retologela kwa setopong a re, “Tsoga Dorokase,” mme a bula matlho! Ya re a bona Petere a tsoga!
41 Giving her his hand, he raised her up. Calling the holy ones and the widows, he presented her alive. A mo naya letsogo a mo thusa go tsoga mme a biletsa badumedi botlhe le batlholagadi mo teng, a ba mo neela!
42 And it became known throughout all Joppa, and many believed in the Lord. Dikgang tsa anama le motse, mme ba le bantsi, ba dumela mo Moreneng.
43 And he stayed in Joppa for many days with a man named Simon, a tanner. Mme Petere a nna lobaka lo loleele mo Jopa, a nna le Simone, wa mosuga matlalo.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]