Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Acts 8 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Saul approved of Stephen's killing. That day a great persecution erupted against the Jerusalem church, scattering everyone except the apostles through Judea and Samaria. Mme Saulo o ne a dumalana le gore Setefane a bolawe. Mme pogiso e kgolo ya badumedi ya simologa ka letsatsi leo, ya tlhasela, mme mongwe le mongwe a tshabela kwa Judea le Samaria kwa ntle ga baaposetoloi fela.
2 Devout men buried Stephen and mourned loudly over him. (Mme bangwe ba badumedi ba Bajuta ba tla go fitlha Setefane ka kutlo-botlhoko e kgolo).
3 But Saul was destroying the church, entering house after house, dragging off men and women, throwing them in prison. Mme Saulo o ne a nna jaaka setsenwa, a tsamaya gongwe le gongwe a nyeletsa badumedi, a tsena mo matlung a swatola banna le basadi a ba tsenya mo kgolegelong.
4 So those scattered went everywhere, proclaiming the good news of the word. Mme badumedi ba ba neng ba tshabile kwa Jerusalema ba ne ba tsamaya gongwe le gongwe ba rera Mafoko a a Molemo kaga Jesu!
5 Philip went down to the city of Samaria and proclaimed Christ to them. Jaaka Filipo, yo o neng a ya kwa Samaria go bolelela batho ka ga Keresete teng.
6 The crowds paid attention together to Philip's words, hearing and seeing the signs he did. Bontsintsi jo bogolo jwa batho bo ne jwa reetsa thata se o neng a tshwanetse go se bua ka ntlha ya go bona dikgakgamatso tse o neng a di dira.
7 Unclean spirits came out of many who were possessed, screaming loudly, and many paralyzed and lame were healed. Mewa e le mentsi e e maswe e ne ya ntshediwa kwa ntle, e goa fa e tswa mo bathong ba e neng e ba tsenye, mme ba le bantsi ba ba neng ba tetesela kgotsa ba ba neng ba golafetse ba fodisiwa,
8 So there was great joy in that city. mme ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo!
9 A man named Simon had already practiced magic in that city, amazing Samaria's people and claiming to be someone great. Mme monna mongwe yo o neng a bidiwa Simone o ne a kile a bo a dira boloi ka dingwaga di le dintsi; e ne e le monna yo o tlhotlheletsang thata, a bile a le boikgogomoso ka ntlha ya dikgakgamatso tse o neng a di dira mo e leng gore Basamaria ba ne ba tlwaetse go bua kaga gagwe ba re ke Mesia.
10 Everyone, from least to greatest, listened to him, saying, "This man is God's power, called Great." Not in this edition
11 They paid attention to him because for a long time he had amazed them with his magic. Not in this edition
12 But when they believed Philip's good news about the kingdom of our Father and the name of Jesus Christ, men and women were baptized. Mme jaanong ba ne ba dumela molaetsa wa ga Filipo gore Jesu e ne e le Mesia, le mafoko a gagwe kaga Bogosi jwa Modimo; mme go ne ga kolobediwa banna le basadi ba le bantsi.
13 Simon himself believed, was baptized, and stayed close to Philip, amazed at the signs and great miracles he saw. Mme Simone ka sebele a dumela a bo a kolobediwa jalo a simolola go sala Filipo morago gongwe le gongwe kwa a yang teng, mme o ne a hakgamadiwa ke dikgakgamatso tse (Filipo) o neng a di dira.
14 When the apostles in Jerusalem heard Samaria had received our Father's word, they sent Peter and John to them. Mme erile fa baaposetoloi kwa Jerusalema ba utlwa fa batho ba Samaria ba amogetse molaetsa wa Modimo, ba romela Petere le Johane.
15 When they arrived, they prayed for them that they might receive the Holy Spirit, Erile fela jaaka ba goroga ba simolola go rapelela Bakeresete ba basha ba, go amogela Mowa O O Boitshepo.
16 for the Holy Spirit had not yet fallen on any of them; they were only baptized into the name of the Lord Jesus. Gonne o ne o ise o tle mo go ope wa bone ka gonne ba ne ba kolobeditswe fela mo leineng la Morena Jesu.
17 Then they laid their hands on them, and they received the Holy Spirit. Jalo Petere le Johane ba baya diatla tsa bone mo badumeding ba, mme ba amogela Mowa O O Boitshepo.
18 When Simon saw the Spirit given through the apostles' laying on of hands, he offered them money, Erile Simone a bona se, gore Mowa O O Boitshepo o ne o fologela mo bathong fa Baaposetoloi ba ba baya diatla, a ntsha madi go reka nonofo e.
19 saying, "Give me this power too, so whoever I lay hands on receives the Holy Spirit." Mme o ne a re, “Le nna nnayang nonofo e, gore mongwe le mongwe yo ke mmayang diatla a amogele Mowa O O Boitshepo!”
20 Peter said to him, "May your silver perish with you, since you thought you could buy our Father's gift with money! Mme Petere a mo fetola a re, “A madi a gago a nyelele le wena gonne o gopola gore mpho ya Modimo e ka rekwa!
21 You have no part or share in this matter, for your heart is not right before our Father. Ga o ka ke wa nna le seabe mo go se, gonne pelo ya gago ga e a siama fa pele ga Modimo.
22 So turn from this evil, and pray to our Father that, if possible, your heart's intent may be forgiven you. Sokologa mo tshiamololong e, mme o rapele. Gongwe Modimo o tlaa itshwarela dikakanyo tsa gago tse di bosula,
23 I see you poisoned by bitterness and bound by evil." gonne ke bona fa go na le lefufa le boleo mo pelong ya gago.”
24 Simon answered, "Pray to God for me, that nothing you have said may come upon me." Mme Simone a re, “Nthapelela gore dilo tse di maswe tse di se ntiragalele.”
25 So, having testified and spoken our Lord Jesus's word, they returned to Jerusalem, preaching the good news in many Samaritan villages. Morago ga bosupi le thero mo Samaria, Petere le Johane ba ne ba boela Jerusalema, mme ba tla ba ema mo metsaneng ya Samaria mo tseleng go rera Mafoko a a Molemo.
26 Then an angel of our Father told Philip, "Get up and go south to the road going down from Jerusalem to Gaza"—a desert road. Mme Filipo ene, moengele wa Morena a mo raya a re, “Ya kwa tseleng e e tswang Jerusalema e e ralalang sekaka sa Gasa, o goroge motshegare.”
27 He got up and went. There was an Ethiopian eunuch, a court official of Candace, queen of the Ethiopians, in charge of all her treasury, who had come to Jerusalem to worship, Mme o ne a dira jalo, mme ya re mo tseleng ga bo go tla mang fa e se motshola madi wa Itopia, moopa wa taolo kgolo ka fa tlase ga Kgosigadi ya Itopia. O ne a ile Jerusalema go rapela kwa Tempeleng,
28 and was returning, seated in his chariot and reading the prophet Isaiah. mme o ne a bowa a le mo kareng ya gagwe a balela kwa godimo mo lokwalong lwa ga moporofiti Isaia.
29 And the Holy Spirit said to Philip, "Go over and catch up with that chariot." Mowa O O Boitshepo wa raya Filipo wa re, “Tsamaya o ye gaufi le kara!”
30 Philip ran up, heard him reading the prophet Isaiah, and asked, "Do you understand what you're reading?" Filipo a taboga mme a utlwa se o neng a se bala mme jalo a botsa a re, “A o tlhaloganya se o se balang?”
31 He said, "How can I, unless someone guides me?" and invited Philip up to sit with him. Mme monna a fetola a re, “Tota ga ke tlhaloganye! Nka tlhaloganya jang go sena yo o ntlhalosetsang?” Jalo a kopa Filipo go palama kara gore a tle go nna nae.
32 Now the passage of Scripture he was reading was this: "Like a sheep he was led to the slaughter, and like a lamb silent before its shearer, so he did not open his mouth. Se o neng a se bala mo lokwalong se ne se balega jaana. “O ne a gogwa jaaka nku e isiwa kwa matlhabelong, le jaaka kwanyana e e didimetseng fa pele ga babeodi ba yone, ga a ka a tswa molomo;
33 In his humiliation justice was denied him. Who can describe his generation? For his life is taken away from the earth." mo go sotlweng ga gagwe, ga a ka a direlwa tshiamo; mme ke mang yo o ka ranolang bomaswe jwa losika lwa gagwe? Gonne botshelo jwa gagwe bo tlositswe mo lefatsheng.”
34 The eunuch said to Philip, "Tell me, of whom does the prophet say this—himself, or someone else?" Mme moopa a botsa Filipo a re, “A Isaia o ne a bua ka ga gagwe kgotsa ka mongwe?”
35 Philip opened his mouth and, starting from this Scripture, told him the good news about Jesus. Mme jaana Filipo a simolola ka lokwalo lo, le tse dingwe di le dintsi go mmolelela kaga Jesu.
36 Traveling the road, they reached water, and the eunuch said, "Look, water! What stops me from being baptized?" Erile ba ntse ba tsamaya ka koloi, ba fitlha fa metsing mangwe, moopa a re, “Metsi ke a, ke eng fa ke sa kolobediwe?”
37 Not in this edition Filipo o ne a mo araba a re, “O ka kolobediwa fa o dumela ka pelo ya gago yotlhe.” Mme moopa a fetola a re, “Ke dumela gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo.”
38 He ordered the chariot to stop; both went down into the water, Philip and the eunuch, and Philip baptized him. Mme a emisa kara ya gagwe ba fologela mo teng ga metse mme Filipo a mo kolobetsa.
39 When they came up out of the water, the Spirit of our Father snatched Philip away; the eunuch never saw him again, but went on his way rejoicing. Mme erile fa ba tswa mo metsing, Mowa wa Modimo wa tsaya Filipo, mme moopa a seka a tlhola a mmona gape, mme a tswelela mo tseleng ya gagwe a itumetse.
40 Philip found himself at Azotus. He traveled through, announcing the good news in every town until he reached Caesarea. Mme ka nako eo Filipo ene a ipona a le kwa Asoto. O ne a rera Mafoko a a Molemo gone koo le mo motseng mongwe le mongwe mo tseleng, fa a ya Kaesara.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]