Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Acts 21 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Having torn ourselves away from them, we set sail and went straight to Cos, then the next day to Rhodes, then from there to Patara. Mme erile re sena go kgaogana le ba golwane ba Efeso, ra tlhamalalela kwa Kosa, letsatsi le le latelang ra goroga mo Rodesa ra ba ra tswelela ra ya Patara.
2 Finding a ship crossing over to Phoenicia, we went aboard and set sail. Mme foo ra tshwara sekepe se se yang kwa Siria mo kgaolong ya Finikia.
3 Sighting Cyprus and leaving it on our left, we sailed to Syria and landed at Tyre, where the ship was to unload its cargo. Re ne ra bona setlhake sa Kopero, mme ra se feta ka fa molemeng ra ema mo Ture, kwa Siria, kwa sekepe se neng sa ololelwa teng.
4 We found the disciples there and stayed seven days. Through the Holy Spirit they kept telling Paul not to set foot in Jerusalem. Mme re ne ra fologa mo sekepeng, ra bona badumedi, mme ra nna le bone selekanyo sa beke. Barutwa ba ba ne ba tlhagisa Paulo, Mowa O O Boitshepo o porofesa ka bone gore a seka a ya Jerusalema.
5 When our time there was up, we left and went on, all of them with wives and children walking with us out of the city. We knelt on the beach and prayed, Mme erile bofelo ja beke fa re boela kwa mokorong, phuthego yotlhe mmogo le basadi le bana ba ya le rona kwa lotshitshing kwa re neng ra rapela ra bo ra ba sadisa sentle.
6 and said farewell to one another. Then we went aboard the ship, and they returned home. Mme rona ra palama sekepe bone ba boela gae.
7 Finishing our voyage from Tyre, we arrived at Ptolemais, greeted the brothers, and stayed one day with them. Mme kwa re neng ra ema teng gape go tloga kwa Ture ke kwa Potolomaia kwa re neng ra dumedisa badumedi teng mme ra tlhola nabo le-tsatsi le le lengwe fela.
8 The next day we left for Caesarea and entered the house of Philip the evangelist, one of the seven, and stayed with him. Hong ra tswelela ra ya Kaesarea ra nna kwa lwapeng lwa ga Filipo wa Moefangele, mongwe wa batiakone ba ntlha ba ba supa.
9 He had four unmarried daughters who prophesied. O ne a na le bana ba basetsana ba le bane ba ba sa nyalwang ba ba neng ba na le mpho ya go porofesa.
10 While we were staying there for many days, a prophet named Agabus came down from Judea. Mme erile re santse re ntse malatsinyana, monna mongwe yo o neng a bidiwa Agabo, yo le ene o neng a na le mpho ya go porofesa, o ne a goroga a tswa Judea,
11 He came to us, took Paul's belt, tied his own feet and hands, and said, "The Holy Spirit says this: the Jews in Jerusalem will tie up this belt's owner the same way, then hand him over into Gentile hands." mme a re etela. O ne a tsaya moitlamo wa ga Paulo, a ipofa maoto le mabogo ka one mme a re, “Mowa O O Boitshepo ware, mme fela jalo mong wa moitlamo o, o tlaa bofiwa ke Bajuta kwa Jerusalema a bo a isiwa Roma!”
12 When we heard this, we and the local people begged Paul not to go up to Jerusalem. Mme erile re utlwa mo, rona rotlhe badumedi ba mo gae le bapati ba gagwe ba o tsamayang nabo, ra kopa Paulo gore a seka a ya Jerusalema.
13 Paul answered, "Why weep and break my heart? I'm ready not only to be bound but to die in Jerusalem for the name of the Lord Jesus." Mme ene a re, “Lo lelelang? Lo mphatlola pelo! Gonne ke ipaakanyeditse gore ke se ka ka tshwarwa fela kwa Jerusalema, mme le gore ke swe ka ntlha ya Morena Jesu.”
14 And since he would not be persuaded, we fell silent and said, "The Lord's will be done." Mme erile fa re bona gore ga a ka ke a rapelesega, ra itlhoboga mme ra re, “A go rata ga Morena go diragadiwe.”
15 After these days we got ready and went up to Jerusalem. Mme ya re morago ga moo ra phutha dilwana tsa rona ra ya kwa Jerusalema.
16 Some disciples from Caesarea also went with us, bringing us to stay with Mnason, a Cypriot and early disciple. Barutwa bangwe kwa Kaesarea ba tsamaya le rona, mme fa re goroga re ne re le baeng kwa lwapeng lwa ga Monasone; mongwe wa badumedi ba pele, yo o tlholegileng a tswa Kupero
17 When we arrived in Jerusalem, the brothers welcomed us gladly. mme le badumedi botlhe kwa Jerusalema ba re amogela ka boitumelo.
18 On the following day Paul went with us to see James, and all the elders were present. Letsatsi la bobedi Paulo o ne a re tsaya go ya go kopana le Jakobe le bagolwane ba phuthego ya Jerusalema.
19 He greeted them, then related one by one what our Father had done among the Gentiles through his ministry. Mme morago ga re dumedisana, Paulo a bolela gape dilo tse dintsi tse Modimo o di diretseng Badichaba ka tirelo ya gagwe.
20 Hearing this, they praised our Father, then told him, "You see, brother, how many thousands of Jews have believed, and all are passionate for the law. Ba ne ba galaletsa Modimo mme ba re, “O a itse, mokaulengwe yo o rategang, gore go dumetse Bajuta ba le dikete tse kae. Mme ba gatelela thata gore Bajuta ba badumedi ba tshwanetse go sala ngwao ya bone morago.
21 They were told you teach all Jews among the nations to abandon Moses, telling them not to circumcise their children or follow our customs. Bakeresete ba rona ba Sejuta mono Jerusalema ba setse ba boleletswe gore lo kgatlhanong le melao ya ga Moshe, le ngwao ya rona ya Sejuta, le gore lo itsa bana ba bone go rupa.
22 So what should we do? They will certainly hear that you have come. Mme jaanong go ka dirwang? Gonne ba tlaa utlwa gore lo tsile.
23 So do what we tell you. We have four men who are under a vow. “Rona re akanya jaana: Re na le banna ba le bane fano ba ba ipaakanyeditseng go ipeola le go ikana.
24 Take these men, purify yourself with them, and pay their expenses so they may shave their heads. Then everyone will know the reports about you are false, and that you yourself keep the law. Tsamayang le bone kwa Tempeleng le lona lo fete lo ipeole, mme lo ba duelele go ipeola. Mme mongwe le mongwe o tlaa itse gore lo dumalana le Bakeresete ba Sehebera le gore le lona lo obamela melao ya Sejuta mme lo akanya jaaka rona mo dilong tse.
25 As for the Gentiles who have believed, we already wrote our decision: avoid food offered to idols, blood, strangled animals, and sexual immorality." Mme mo Bakereseteng ba Badichaba ga re ba laolele gore ba sale dingwao tse tsa Sejuta morago gotlhelele, fa e se tse re di ba kwaletseng kaga gore ba seka ba a ja dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa, ba seka ba a ja nama e e sa tshololwang madi ya diphologolo tse di kgamilweng, le gore ba seka ba dira boaka.”
26 So Paul took the men, and the next day, having purified himself with them, entered the temple, announcing when the purification days would end and the offering would be made for each of them. Mme jalo Paulo o ne a dumalana le kopo ya bone mme letsatsi le le latelang a tsamaya le banna a ya kwa Tempeleng, a dira gore maikano a gagwe a itsege ka go ntsha setlhabelo morago ga malatsi a supa le ba bangwe. Malatsi a supa a ne a tloga a fela fa Bajuta bangwe ba ba tswang Asia ba mmona mo Tempeleng mme ba tsosa mokubukubu mo bathong kgatlhanong nae. Ba ne ba mo tshwara,
27 As the seven days were ending, Jews from Asia saw him in the temple, stirred up the whole crowd, and grabbed him, Not in this edition
28 shouting, "Men of Israel, help! This is the man teaching everyone everywhere against our people, the law, and this place. He's even brought Greeks into the temple, making this holy place unclean." ba goa ba re, “Banna ba Iseraele! Thusang! Monna yo ke ene yo o rerang kgatlhanong le batho ba rona a ba raya a re ba tlole melao ya Sejuta. Ebile o bua kgatlhanong le Tempele ebile a e leswafatsa ka go tsenya Badichaba mo teng.”
29 They had earlier seen Trophimus the Ephesian with Paul in the city and assumed Paul had brought Trophimus into the temple. (Gonne mo motseng letsatsi leo, ba ne ba mmonye a na le Terofimo wa Modichaba yo o tlholegileng kwa Efeso, mme ba gopola gore o tsentswe ke Paulo mo Tempeleng.)
30 The whole city was stirred; people ran together, seized Paul, dragged him out of the temple, and at once the gates were shut. Baagi ba motse otlhe ba ne ba shakgadiwa thata ke melato e a e pegwang mme ga tsoga mokubukubu o mogolo. Paulo o ne a gogelwa kwa ntle ga Tempele, mme ga tswalwa mabati ka bonako a sena go tsena.
31 As they tried to kill him, word reached the cohort commander that all Jerusalem was in turmoil. Erile fa ba ntse ba leka go mmolaya, lentswe la tla mo molaoding wa mophato wa masole a Roma gore motse otlhe wa Jerusalema o feretlhegile.
32 He immediately took soldiers and centurions and ran down to them. Seeing the commander and soldiers, the crowd stopped beating Paul. Mme a akofa a laola masole a gagwe le baeteledipele gore ba tsene fa gare ga boidiidi. Erile fa baferetlhi ba bona mephato e tla, ba khutlisa go betsa Paulo.
33 The commander came, seized him, ordered him bound with two chains, then asked who he was and what he'd done. Mme molaodi wa mephato a tshwara Paulo mme a laola gore a bofiwe gabedi ka dikeetane. Mme a botsa boidiidi jwa batho gore ke mang le gore o dirileng.
34 In the crowd some shouted one thing, some another. Unable to learn what was true because of the uproar, he ordered Paul brought into the barracks. Bangwe ba ne ba bua se, ba bangwe le bone ba bua se sele. Mme erile fa a sa tlhaloganye se ba mo pegang molato ka sone, a laola gore Paulo a isiwe kwa kagong ya ditlhabano.
35 When Paul reached the steps, soldiers had to carry him because of the crowd's violence, Mme erile fa ba fitlha fa mapalamong ga nna pheretlhego e kgolo thata mo e leng gore masole a ne a tsholetsa Paulo a mmaya mo magetleng a bone go mmabalela,
36 for the mob kept following, shouting, "Away with him!" mme boidiidi jwa batho jwa salela kwa morago bo goa bo re, “A a bolawe! A a bolawe!”
37 As Paul was about to be led into the barracks, he asked the commander, "May I say something to you?" He replied, "Do you know Greek?" Mme erile fa Paulo a tloga a tsenngwa mo teng a raya molaodi a re, “A nka bua nao?” Molaodi a botsa ka kgakgamalo a re, “A o itse Segerika? A ga o Moegepeto yo o neng a eteletse pele ditsuulodi dingwaganyana tse di fetileng a bo a tsaya maloko a babolai a le dikete tse nne a ya nabo kwa sekakeng?”
38 Aren't you the Egyptian who stirred up a revolt earlier and led 4,000 Assassins into the wilderness? Not in this edition
39 Paul answered, "I am a Jew, from Tarsus in Cilicia, a citizen of no insignificant city. I beg you, let me speak to the people." Paulo o ne a fetola a re, “Nnyaa, Nna ke Mojuta kwa Tareso mo Kilikia, motse o o seng mmotlana. Ke kopa tetlelelo go bua le batho ba.”
40 With permission granted, Paul stood on the steps and motioned to the people with his hand. When deep silence fell, he spoke to them in Hebrew: Mme molaodi o ne a dumela, jalo Paulo a ema mo mapalamong mme a gwetlha batho ka seatla gore ba didimale; ka bofefo ga nna tidimalo mo bathong, mme a bua le bone ka Sehebera a re:
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]