Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Acts 22 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 "Brothers and fathers, listen now to my defense before you." “Bagaetsho le borara ntheetsang fa ke bolela boiphemelo jwa me.”
2 When they heard him speaking to them in Hebrew, they grew even more quiet. And he said: (Erile fa ba utlwa a bua Sehebera, ga nna tidimalo e kgolo).
3 "I am a Jew, born in Tarsus of Cilicia, raised in this city, trained at Gamaliel's feet in the strict law of our ancestors, as eager for God as all of you are today. A ba raya a re, “Ke Mojuta, yo o tsaletsweng kwa Tareso, motse o o mo Kilikia, mme ke ithutile fano mo Jerusalema mo go Gamaliele yo ke ithutileng mo go ene go sala morago sentle melao le dingwao tsa Sejuta. Ke ne ka tlhoafalela go tlotla Modimo mo go sengwe le sengwe se ke neng ke se dira, fela jaaka lo lekile go dira gompieno.
4 I persecuted this Way to the death, binding and delivering to prison both men and women, Mme ke ne ke bogisa Bakeresete, ke ba beletsa go swa, ke bofa banna le basadi ke ba tsenya mo kgolegelong.
5 as the high priest and the whole council of elders can testify. From them I received letters to the brothers in Damascus, and went to bring those there as prisoners to Jerusalem for punishment." Moperesiti yo mogolo kgotsa mongwe wa bagolwane o ka ntshupela. Gonne ke ne ka kopa tetlelelo ya dikwalo tse di yang kwa baeteledipeleng ba Sejuta ba ba kwa Damaseko, tse di nang le ditaelo go ntetla go bofa Bakeresete bangwe ba ke ba bonang go ba isa kwa Jerusalema gore ba otlhaiwe.
6 "Traveling and nearing Damascus about noon, a great light from heaven suddenly flashed around me." “Mme erile ke le mo tseleng, ke le gaufi le Damaseko, go le motshegare, ka tshoganetso lesedi le le galalelang thata le tswa legodimong la phatshima mo tikologong ya me.
7 I fell to the ground and heard a voice say to me, "Saul, Saul, why are you persecuting me?" Ke ne ka wela fa fatshe mme ka utlwa lentswe le nthaya le re, ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang?’
8 I answered, "Who are you, Lord?" He replied, "I am Jesus of Nazareth, whom you're persecuting." “Mme ke ne ka re, ‘Ke mang yo o buang le nna Morena?’ Mme a fetola a re ‘Ke nna Jesu wa Nasaretha, yo o mmogisang!’
9 "Those with me saw the light but didn't understand the voice of the one speaking to me." Banna ba ke neng ke na nabo ba ne ba bona lesedi mme ba ne ba sa tlhaloganye se se neng se buiwa.
10 I said, "What should I do, Lord?" The Lord replied, "Get up and go into Damascus. There you'll be told all you've been appointed to do." “Mme ke ne ka re, ‘Ke direng Morena?’ Mme Morena o ne a nthaya a re, ‘Tsoga o tsene mo Damaseko, mme koo o tlaa bolelelwa se se go letetseng mo dingwageng tse di kwa pele.’
11 "Since that light's brightness blinded me, my companions led me by the hand into Damascus." Ke ne ka foufadiwa ke lesedi le legolo, mme ka tshwanelwa ke go gogelwa mo Damaseko ke bapati ba me.
12 "A man named Ananias, devout by the law, well spoken of by all the Jews living there, Mme koo ga bo go na le monna yo o bidiwang Ananiase, monna yo o neng a boifa Modimo ka fa molaong, a bile a bolelwa bo-molemo ke Bajuta botlhe ba Damaseko,
13 came and stood by me and said, 'Brother Saul, receive your sight.' At that very hour I looked up and saw him." o ne a tla kwa go nna, mme ya re a eme fa thoko ga me a re, ‘Mokaulengwe Paulo, foufologa!’ Mme ka yone nako eo ka foufologa ka mmona!
14 "He said, 'The God of our fathers appointed you to know his will, to see the Righteous One, and to hear a voice from his mouth; “Mme a nthaya a re, ‘Modimo wa borraa rona o go tlhophile go itse go rata ga One le go bona Mesia le go mo utlwa a bua.
15 for you will be his witness to everyone of what you have seen and heard. Mme o tshwanetse go tsamaisa molaetsa wa gagwe gongwe le gongwe, o bolela se o se bonyeng le se o se utlwileng.
16 And now, why wait? Get up, be baptized, wash away your sins, calling on his name." Mme jaanong o diegelang? Tsamaya o ye go kolobediwa, o bo o tlhatswiwe mo dibeng tsa gago, o bitse leina la Morena.’
17 "When I had returned to Jerusalem and was praying in the temple, I fell into a trance," “Mme erile letsatsi lengwe ke sena go boela kwa Jerusalema, fa ke santse ke rapela mo Tempeleng, ka nna jaaka ekete ke a lora mme ka bona ponatshegelo ya Modimo o nthaya o re, ‘Akofa! Tswa mo Jerusalema, gonne batho ba ba fano ga ba na go go dumela fa o ba neela molaetsa wa me.’
18 and saw him saying to me, "Hurry and leave Jerusalem quickly, because they won't accept your testimony about me." Not in this edition
19 I said, "Lord, they themselves know that I went from synagogue to synagogue imprisoning and beating those who believed in you. Mme ka re, ‘Morena, ba itse sentle gore ke ne ka betsa ka bo ka tsenya mo kgolegelong ba ba neng ba dumela mo go wena, mo tlung ya thuto nngwe le nngwe.
20 When the blood of your witness Stephen was being shed, I stood by, approving and guarding the cloaks of those killing him.'" Le ka nako e mosupi wa gago Setefane o neng a bolawa ka yone, ke ne ke eme teng foo ke dumalana nabo, ke tshotse diaparo tse ba neng ba di beetse fa thoko fa ba mmolaya.’
21 "And he said to me, 'Go, for I will send you far away to the Gentiles.'" Mme Modimo o ne wa nthaya wa re, ‘Tswa mo Jerusalema, gonne ke tlaa go roma kgakala kwa go Badichaba!’ ”
22 Up to that point they listened, then they raised their voices and shouted, "Erase such a man from the earth! He shouldn't be allowed to live!" Mme boidiidi jwa batho bo ne jwa reetsa go fitlhelela Paulo a tla mo lefokong leo, mme ka lentswe le le lengwe ba goa ba re, “A motho yoo a tlosiwe! Mmolaeng! Ga a tshwanela go tshela!”
23 And as they were shouting and throwing off their cloaks and flinging dust into the air, Ba ne ba goa ba latlhela diaparo tsa bone kwa godimo ba kubuela lorole.
24 the commander ordered him taken into the barracks and whipped, to learn why they were shouting against him like this. Mme molaodi o ne a mo tlisa mo teng ga kago ya batlhabani mme a laola gore a itewe ka dithupa gore a tle a ipolele bosula jwa gagwe. O ne a batla go itse gore ke eng fa batho ba ne ba galefa thata!
25 As they stretched him out for the straps, Paul said to the centurion standing there, "Is it legal for you to whip a Roman citizen who hasn't been condemned?" Mme ya re ba bofa Paulo gore ba mmetse, Paulo a raya moeteledipele mongwe wa mophato a re, “A go siame ka molao gore o betse Mo-Roma a ise a bo a sekisiwe?”
26 Hearing this, the centurion went to the commander and reported it: "What are you about to do? This man is a Roman citizen." Moeteledipele wa mophato a ya kwa go molaodi le ene a re, “O dirang? Monna yo ke Mo-Roma!”
27 So the commander came and asked, "Tell me, are you a Roman citizen?" "Yes," he said. Mme molaodi a ya kwa go Paulo a mmotsa a re, “A ko o mpolelele, a o Mo-Roma!” Mme Paulo a fetola a re, “Ee, ke Mo-Roma!”
28 The commander said, "I paid a large sum for this citizenship." But Paul said, "I was born a citizen." Mme molaodi le ene a re, “Le nna ke Mo-Roma, le gone go ntopile tlhwatlhwa e kgolo go nna Mo-Roma!” Mme Paulo ene a re, “Nna ke tsetswe ke le Mo-Roma!”
29 So those about to question him withdrew at once; the commander was afraid, realizing he had bound a Roman citizen. Masole a a neng a ipaakanyeditse go mo itaya, a nyelela ka bonako fa ba utlwa gore Paulo ke Mo-Roma, mme molaodi le ene o ne a tshoga ka gore o ne a laotse gore a bofiwe a bo a itewe.
30 The next day, wanting to know exactly why the Jews accused him, the commander freed Paul, ordered the chief priests and the whole council to assemble, brought Paul down, and set him before them. Mme erile letsatsi le le latelang molaodi a golola Paulo mo dikeetaneng mme a laela baperesiti ba bagolo gore ba kopane le lekgotla la Sejuta. O ne a laola gore Paulo a tlisiwe fa pele ga bone go leka go bona gore molato ke eng.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]