Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Acts 18 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 After this, Paul left Athens and went to Corinth. Morago ga mo Paulo a tswa mo Athena a ya kwa Korintha.
2 There he found a Jew named Aquila, native of Pontus, newly arrived from Italy with his wife Priscilla since Claudius had ordered all Jews out of Rome. Paul visited them, Mme koo a feta a tlwaelana le Mojuta yo o bidiwang Akwila, yo o tsaletsweng kwa Ponto, yo o neng a sa tswa go goroga a tswa kwa Itale le mosadi wa gagwe Peresila. Ba ne ba kobilwe mo Itale ka ntlha ya taolo ya ga Kalaodio Kaesarea ya gore Bajuta botlhe ba lelekwe mo Roma, Paulo o ne a nna nabo a ba a dira le bone, gonne e ne e le badiri ba megope (ditante) fela jaaka ene.
3 since they shared a trade, he stayed and worked with them—tentmakers by trade. Not in this edition
4 Every Sabbath he reasoned in the synagogue, trying to persuade Jews and Greeks. Sabata mongwe le mongwe Paulo o ne a fetolana le batho mo tlung ya thuto, a leka go tlhalosetsa Bajuta le Bagerika.
5 When Silas and Timothy came from Macedonia, Paul was consumed by the word, testifying to the Jews that the Christ was Jesus. Mme erile Silase le Timotheo ba sena go goroga ba tswa kwa Masedonia, Paulo a dirisa nako ya gagwe yotlhe a rera ebile a bolelela Bajuta gore Jesu ke Mesia.
6 When they resisted and insulted him, he shook out his clothes and said, "Your blood is on your own heads! I'm clean of it. From now on I'll go to the Gentiles." Mme erile fa Bajuta ba mo ganetsa ba kgala se a se buang, ba tlhapatsa Jesu, Paulo a tlhotlhora lorole mo seaparong sa gagwe a re, “A madi a lona a nne mo ditlhogong tsa lona, nna ga ke na molato, go tloga gompieno ke tlaa rerela Badichaba.”
7 He left the synagogue and went to the house of Titius Justus, a worshiper of our Father, next door to the synagogue. Morago ga moo o ne a nna le Tito Jeseto, Modichaba yo o neng a obamela Modimo a nna gaufi le ntlo ya thuto.
8 Crispus, the synagogue leader, believed in the Lord with his whole household; many Corinthians who heard Paul believed and were baptized. Mme le fa go ntse jalo, Kerisepo, moeteledipele wa senagoge, le botlhe ba ntlo ya gagwe ba ne ba dumela mo Moreneng mme ba kolobediwa le Bakorintha ba le bantsi ba ba mo utlwileng ba dumela ba bo ba kolobediwa.
9 One night the Lord told Paul in a vision, "Don't be afraid; keep speaking, don't stay silent, Bosigo bongwe Morena o ne a bua le Paulo ka ponatshegelo a re, “O seka wa boifa! Bua! Se didimale!
10 for I am with you, and no one will attack you to harm you, for I have many people in this city." Gonne ke na le wena mme ga go na ope yo o ka go utlwisang botlhoko. Batho ba le bantsi mo motseng o ke ba me.”
11 So Paul stayed for a year and six months, teaching the word of our Father among them. Mme Paulo a nna moo ngwaga e e lateleng le sephatlo, a ruta boammaaruri jwa Modimo.
12 While Gallio was proconsul of Achaia, the Jews united against Paul and brought him before the tribunal, Mme erile Galeo a nna molaodi wa Akaia, Bajuta ba tsogologela Paulo mme ba mo isa fa pele ga molaodi gore a sekisiwe.
13 saying, "This man is persuading people to worship God in ways contrary to the law." Ba ne ba re, “Paulo o molato wa go raya batho a re ba obamele Modimo ka mekgwa e e leng gore e kgatlhanong le molao wa Ba-Roma.”
14 As Paul was about to speak, Gallio told the Jews, "If this were some wrong or vicious crime, Jews, I'd have reason to put up with you. Mme erile fela jaaka Paulo a simolola go ikarabela, Galeo a retologela kwa go ba ba pegang Paulo molato a re, “Reetsang, lona Bajuta ke lona, fa mo e ka bo e ne e le molato wa borukhutlhi, ke ne ke tlaa tlamega go lo reetsa,
15 Since this is a dispute about words, names, and your own law, settle it yourselves. I won't judge such matters. mme e re ka e le dipotso fela tse di mabapi le mafoko a lo a ipopetseng, le melao ya lona ya Sejuta ya boeleele, lo tlaa nna lo ipona. Ga ke na kgatlhego mo kgannyeng eo ebile ga ke e ame.”
16 And he drove them away from the tribunal." Hong a ba ntshetsa kwa ntle ga ntlo ya tshekelo.
17 So they all grabbed Sosthenes, the synagogue leader, and beat him before the judgment seat, but none of it concerned Gallio. Mme batho ba tshwara Sosethenese, moeteledipele yo mosha wa tempele, mme ba mo iteela kwa ntle ga ntlo ya tshekelo! Mme Galeo ene o ne a sena sepe.
18 Paul stayed on in Corinth for many more days. Then he said farewell to the brothers and sisters and sailed for Syria, accompanied by Priscilla and Aquila. At Cenchreae he had his hair cut off, for he was keeping a vow. Mme Paulo o ne a nna mo motseng malatsi a le mantsinyana morago ga moo a sadisa Bakeresete sentle, a bo a tshwara mokoro a leba kwa Siria a tsamaya le Peresila le Akwila. Mme kwa Kenkerea Paulo o ne a ipeola ka ngwao ya Sejuta, ka gonne o ne a ikanne.
19 They reached Ephesus, where Paul left Priscilla and Aquila, but he himself entered the synagogue and reasoned with the Jews. Erile fa a goroga kwa boemelong jwa mekoro jwa Efeso, a ba tlogela mo mokorong a ya kwa tempeleng go buisanya le Bajuta.
20 When they asked him to stay longer, he declined. Mme ba ne ba mo kopa go nna malatsi a se kae, mme a bona a sena nako epe e o ka e senyang nabo.
21 But he left, saying, "I will come back to you if our Father is willing," and sailed from Ephesus. Mme a re, “Ke tshwanetse ka bo ke le kwa Jerusalema ka malatsi a boikhutso.” Mme o ne a solofetsa go boela kwa Efeso fa Modimo o mo letla; mme jalo a tswelela le loeto gape.
22 Landing at Caesarea, he went up, greeted the church, then went down to Antioch. Lefelo le le latelang le go neng ga engwa mo go lone e ne e le Kaesarea kwa o neng a etela phuthego [ya Jerusalema] go tswa foo a ya kwa Antioka.
23 After some time there, he set out through Galatia and Phrygia, strengthening all the disciples. Morago ga sebaka koo, a tsamaya mo Galatia le mo Feregia a etela badumedi botlhe, a ba kgothatsa ebile a ba thusa go re ba gole mo Moreneng.
24 A Jew named Apollos, born in Alexandria, came to Ephesus—a learned man, well versed in the Scriptures. Mme ka nako eo Mojuta mongwe yo o neng a bidiwa Apolose, moruti le moreri wa Baebele yo o tumileng, e ne e le gone fela a gorogang mo Efeso a tswa kwa Alekesanderia mo Egepeto.
25 He had been taught the way of the Lord, and, spirit boiling over, spoke and taught accurately about Jesus—though he knew only John's baptism. Erile fa a sa ntse a le mo Egepeto, mongwe o ne a mmoleletse ka ga Johane wa Mokolobetsi le se Johane o se buileng ka ga Jesu, mme moo e ne e le gone fela mo a go itseng. O ne a ise a ke a utlwe polelo yotlhe! Jalo o ne a rera ka bopelokgale le ka botlhaga mo tlung ya thuto a re, “Mesia o e tla! Ipaakanyetseng go mo amogela!” Peresila le Akwila ba ne ba le teng mme ba mo utlwa, mme e ne e le thero e e nonofileng. Morago ga moo ba kopana nae mme ba mo tlhalosetsa se se diragaletseng Jesu go tloga ka nako ya ga Johane, le gore mo gotlhe go raya eng!
26 He spoke boldly in the synagogue. Priscilla and Aquila heard him, took him aside, and explained the way of our Father more accurately. Not in this edition
27 When Apollos wanted to cross to Achaia, the brothers and sisters encouraged him and wrote to the disciples to welcome him; arriving, he greatly helped those who had believed by grace, Mme Apolose o ne a kile a akanya go ya Gerika, badumedi le bone ba mo kgothatsa go dira jalo. Ba ne ba kwalela bakaulengwe ba bone koo, ba ba raya ba re ba mo amogele. Mme erile fa a goroga kwa Gerika, a dirisiwa ke Modimo go nonotsha Phuthego,
28 for he forcefully refuted the Jews in public, proving from the Scriptures that the Christ was Jesus. gonne o ne a ganetsa Bajuta mo pepeneneng a supa ka dikwalo gore Jesu ka boammaaruri ke Mesia.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]