Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

2 John 1 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 The elder, to the chosen lady and her children, whom I love in truth—not only I, but all who know the truth, Lokwalo lo lo tswa kwa go: Nna Johane Mogolwane wa phuthego. Ke lo kwalela: Siria mosadi yo o rategang, mongwe wa ba e leng ba Modimo tota, le bana ba gagwe ba ke ba ratang thata, jaaka mongwe le mongwe a ba rata mo phuthegong.
2 because of the truth that lives in us and will be with us forever. Ere ka boammaaruri bo le mo dipelong tsa rona ka bosakhutleng,
3 Grace, mercy, and peace will be with us from our Father and from Jesus Christ, our Father's Son, in truth and love. Modimo Rara le Jesu Keresete Morwaone ba tlaa re segofatsa ka kutlwelo botlhoko e kgolo le kagiso, le ka boammaaruri le lorato.
4 I was overjoyed to find some of your children walking in truth, as our Father commanded us. Ke itumela thata jang go bona bangwe ba bana ba gago fano, le go ba bona ba tshela jaaka ba tshwanetse, ba setse boammaaruri morago, ba obamela taolo ya Modimo.
5 Now I ask you, dear lady: not a new command, but one we've had from the start—love one another. Mme jaanong ke batla go lo gakolola ka bofefo ditsala tse di rategang, ka molao o mogologolo o Modimo o saleng o o re naya go tswa tshimologong, gore Bakeresete ba tshwanetse go ratana.
6 This is love: that we walk by his commands. This is the command, as you heard from the beginning: that you walk in love. Fa re rata Modimo, re tlaa dira sengwe le sengwe se o se re bolelelang. Mme o sale o re bolelela go tswa tshimologong gore re ratane.
7 For many deceivers have gone out into the world, denying that Jesus Christ came in the flesh. This is the deceiver and the antichrist. Itlhokomeleng mo baeteledingpele ba e seng ba boammaaruri, mme go na le ba le bantsi ba bone mo tikologong, ba ba sa dumeleng gore Jesu Keresete o tsile mo lefatsheng e le motho a na le mmele o o tshwanang le wa rona. Batho ba ba ntseng jalo ba kgatlhanong le boammaaruri le Keresete.
8 Watch yourselves, so that you don't lose what we have worked for, but receive a full reward. Itlhokomeleng mo go nneng jaaka bone, lo bo lo latlhegelwa ke sekgele se lona le nna re ntseng re fufulela go se tsaya. Tlhomamisang gore lo amogela tuelo ya lona e e tletseng e e tswang kwa Moreneng.
9 Anyone who oversteps, not remaining in Christ's teaching, lacks our Father; whoever remains in the teaching has both our Father and the Son. Gonne fa lo tlolela kwa pele go feta thuto ya ga Keresete, lo tlaa tlogela Modimo kwa morago; mme fa lo ikanyega mo dithutong tsa ga Keresete, lo tlaa nna le Modimo. Mme lo tlaa nna le Rara le Morwa.
10 If someone comes to you without this teaching, don't welcome them into your home or greet them, Fa mongwe a tla go lo ruta, mme a sa dumele se Keresete a se rutileng, lo se ka lwa bo lwa mo laletsa kwa malapeng a lona. Lo se ka lwa mo kgothatsa ka gope.
11 for whoever greets him shares in his evil deeds. Fa lo ka mo laletsa kgotsa lwa mo kgothatsa lo tlaa bo lo tlhakanetse nae boikepo jwa gagwe.
12 I have much to write, but I'd rather not use paper and ink. I hope to come and speak with you face to face, so our joy may be complete. Ke ne ke eletsa go bua tse dingwe, mme ga ke batle go di bua mo lokwalong lo, gonne ke solofela go tla go lo bona ka bofefo mme ke gone re tlaa buisanyang ka tsone re bo re nna le nako ya boitumelo.
13 The children of your chosen sister greet you. Bana ba ga kgaitsadio ba a go dumedisa, yo e leng mongwe wa ba ba itshenketsweng ke Modimo. Wa lona ruri, Johane.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]