Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

3 John 1 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 The elder, to the beloved Gaius, whom I love in truth. Lokwalo lo lo tswa kwa go: Nna Johane, mogolwane wa phuthego. Ke lo kwalela: Gaeyo yo ke mo ratang ka boammaaruri.
2 Beloved, I pray you prosper in every way and stay healthy, as your soul prospers. Tsala e e rategang, ke rapelela gore o segofale mo dilong tsotlhe le gore mmele wa gago o itekanele fela jaaka ke itse ka fa mowa wa gago o itekanetseng ka teng.
3 I rejoiced greatly when brothers arrived and testified about your faithfulness to the truth—for you truly are walking in it. Bangwe ba bakaulengwe ba ba kileng ba tla kwano ba intumedisitse thata ka go mpolelela gore botshelo jwa gago bo phepa ebile bo boammaaruri ka nako tsotlhe, le gore o tshela kafa Mafokong a a Molemo.
4 I have no greater joy than this: to hear that my children are walking in the truth. Go ne go se na boitumelo bope jo ke neng ka nna najo go gaisa go utlwa dikgang tse di ntseng jalo ka bongwanake.
5 Beloved, you act faithfully in all you do for the brothers, even strangers. Tsala e e rategang, o direla Modimo tiro e e molemo ka go tlhokomela baruti ba e leng batsamai le bareri ba ba fetang.
6 They testified to your love before the church. Send them on in a way worthy of our Father. Ba boleletse phuthego kwano ka botsalano jwa lona le ditiro tsa gago tsa lorato. Ke itumela fa e a re ba tsamaya o ba fe dimpho ka bopelotshweu.
7 For they went out for the sake of the Name, accepting nothing from the Gentiles. Gonne ba tsamaela Morena, mme ga ba tseye dijo, diaparo, mogope (tante) le fa e le madi mo go ba e seng Bakeresete, le fa tota ba ba reretse.
8 Therefore we ought to support such people, so that we may be fellow workers for the truth. Jalo rona ka sebele re tshwanetse ra ba tlhokomela gore re tle re nne badiri le bone mo tirong ya Morena.
9 I wrote something to the church, but Diotrephes, who loves being first among them, does not receive us. Ke romeletse phuthego lokwalo lo lo khutshwane ka selo se, mme Dioterefese wa moikgantshi, yo o ratang go itshusumeletsa kwa pele go nna moeteledipele wa Bakeresete teng koo, ga a batle ke mo laola ebile o gana go ntheetsa.
10 So if I come, I'll expose what he's doing—slandering us with malicious words. Not satisfied with that, he refuses to welcome the brothers, stops those who want to, and throws them out of the church. E tlaa re ke tsena koo ke tlaa go bolelela dingwe tsa dilo tse a di dirang le ka dilo tse di sa siamang tse a buang kaga me le ka puo e e tlhapatsang. Ga a gane fela go amogela batsamaisi ba Lefoko la Modimo, mme o raya ba bangwe a re ba seka ba ba amogela, mme fa ba dira jalo o leka go ba kgaola mo phuthegong.
11 Beloved, don't imitate evil, but good. Whoever does good is from our Father; whoever does evil hasn't seen our Father. Tsala e e rategang, o seka wa letla sekao se se maswe se go go tlhotlheletsa. Sala morago fela se se molemo. Gakologelwa gore ba ba dirang tshiamo ba supa gore ke bana ba Modimo; mme ba ba tswelelang ba dira bosula ba supa gore ba kgakala le Modimo.
12 All speak well of Demetrius, and so does the truth. We testify too, and you know our testimony is true. Mme batho botlhe, le Boammaaruri tota ba bua ka Demeterio. Le nna ka sebele ke ka bua jalo kaga gagwe, mme oa itse gore ke bua boammaaruri.
13 I had much to write to you, but I would rather not write with pen and ink. Ke na le go le gontsi mo ke ka go buang mme ga ke batle go go kwala,
14 I hope to see you soon, and we will talk face to face. gonne ke solofela go go bona mo bogautshwaneng mme ke gone re tlaa buang go le gontsi re le mmogo.
15 Peace to you. The friends send their greetings. Greet each of the friends by name. Ke gone salang sentle. Ditsala kwano di a lo dumedisa, mme tswee-tswee o ntumedisetse mongwe le mongwe koo. Wa lona ruri, Johane.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]