Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

2 Corinthians 2 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 So I made up my mind not to make another painful visit to you. Ke ne ka ithaya ka re “Nnyaa, ga nke ke go dira. Ga ke na go ba utlwisa botlhoko ka loeto lo longwe lo lo botlhoko”.
2 For if I hurt you, who is left to cheer me but the one I hurt? Gonne fa ke lo utlwisa botlhoko, ke mang yo o tlaa intumedisang? Ke lona ba lo tshwanetseng go go dira, mme lo ka intumedisa jang fa ke lo utlwisa botlhoko?
3 I wrote this so that when I came those who should make me rejoice would not pain me, confident in all of you that my joy is the joy of you all. Ke gone ka moo ke kwadileng jaaka ke ne ka kwala mo lokwalong lwa bofelo, gore lo tle lo tlhamalatse dilo pele ga ke tla. Mme fa ke tla, ga ke na go utlwisiwa botlhoko ke ba ba tshwanetseng go intumedisa thata. Ke ne ka tlhomamisa gore boitumelo jwa lona ke selo se le sengwe fela le jwa me gore ga lo kitla lo itumela fa e se ke tla ka boitumelo.
4 Out of deep distress and anguish of heart I wrote to you with many tears, not to grieve you but to show you the overflowing love I have for you. Oo, kana ke ne ke sa rate jang go kwala lokwalo lole! Go batlile go mphatlola pelo thata mo ebileng ke lo bolelela ka boammaaruri gore ke ne ka lela. Ke ne ke sa batle go lo utlwisa botlhoko, mme ke ne ke tshwanetse go lo bontsha gore ke lo rata go le kae le go lo tlhokomela kaga se se neng se lo diragalela.
5 But if anyone has caused pain, he has not so much pained me as, in part, all of you—I don't want to be too hard on him. Gakologelwang gore monna yo ke neng ke kwala kaga gagwe, yo o tsositseng matshwenyego otlhe, ga a nkhutsafatsa jaaka lona lotlhe, ntswa ke na le seabe mo go sone le nna. Ga ke batle go nna thata mo go ene go feta jaaka ke tshwanetse. O otlhailwe thata ke go mo gana ga lona.
6 For such a person, this punishment by the majority is enough. Not in this edition
7 So now instead you should forgive and comfort him, or he may be overwhelmed by excessive sorrow. Jaanong ke nako ya go mo itshwarela le go mo gomotsa. Fa go sa nne jalo o ka galakega thata a bo a ngodiega mo a se ka keng a fola.
8 So I urge you to reaffirm your love for him. Tsweetswee, mmontsheng gore lo santse lo mo rata thata.
9 This is also why I wrote: to test you and know whether you are obedient in everything. Ke lo kwaletse jaaka ke ne ka dira gore ke tle ke bone go re go ka lo tsaya lobaka lo lo kae go nkutlwa.
10 Anyone you forgive, I forgive too. What I have forgiven—if anything—I forgave for your sake before Christ, Fa lo itshwarela mongwe, ke a mo itshwarela le nna. Mme le fa e le eng se ke se itshwaretseng, (mo e leng gore le nna go nkamile) go itshwaretswe ka tetlelelo ya ga Keresete le gone go lo solegela molemo.
11 so that we would not be outwitted by Satan—for we are not unaware of his schemes. Lebaka le lengwe la boitshwarelo ke go ikgapha mo go tsiediweng ke Satane; gonne re itse se o lekang go se dira.
12 When I came to Troas to preach the gospel of Christ, a door opened for me in the Lord, Jalo e rile ke fitlha bokgakaleng jwa motse wa Terase, Morena a nnaya dinako tse di ntle tsa go rera Efangele.
13 yet my spirit had no rest, for I did not find my brother Titus there. So I said goodbye and went on to Macedonia. Mme Tito, Mokaulengwe wa me yo o rategang, o ne a seyo go nkgatlhantsha, mme ka se ka ka nna le boiketlo mo pelong, ke hakgamatse gore o kae le gore o diragaletswe ke eng. Mme ka laela ka tlhamalalela kwa Masedonia go leka go mmona.
14 But thanks to our Father, who always leads us in triumph in Christ and through us spreads everywhere the fragrance of knowing him. Mme a go lebogwe Modimo! ka se Keresete a se dirileng, ka go re naya phenyo gore gongwe le gongwe fa re tsamayang teng a re dirise go bolelela ba bangwe kaga Morena le go anamisa Efangele jaaka setlolo se se monate.
15 For we are the aroma of Christ to our Father among those being saved and those perishing, Ka ntlha ya Modimo go na le monko o o monate mo matshelong a rona. Ke monko o o monate wa ga Keresete mo go rona, monko o o monate mo go ba ba bolokilweng le ba ba sa bolokwang mo tikologong yotlhe ya rona.
16 to one, a fragrance from death to death; to the other, a fragrance from life to life. And who is sufficient for this? Mo go ba ba sa bolokwang, re bonala jaaka monko o o boitshegang wa loso le tshenyego fa mo go ba ba itseng Keresete re le setlolo se se nayang botshelo. Mme ke mang yo o nonofetseng tiro e e ntseng jaaka e.
17 For we're not, like so many, peddlers of our Father's word, but in sincerity, as from him, in his sight, we speak in Christ. Ke bao fela ba ba tshwanang le rona, batho ba ba itekanetseng ba ba romilweng ke Modimo, ba bua ka nonofo ya ga Keresete, le leitlho la Modimo le re okame. Ga re tshwane le ba ba bapalang ka Lefoko la Modimo, ebile ba bantsi thata, ba megopolo ya bone mo go tsamaiseng Efangele e leng ipapalelo ka yone.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]