Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

2 Corinthians 3 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Are we starting to recommend ourselves again? Or do we, like some, need letters of recommendation to you or from you? A re simolola go nna jaaka baruti bao ba lona ba ba maaka ba ba tshwanetseng go lo bolelela gotlhe kaga bone le go tla le dikwalo tse di telele tsa go itshupa? Ke dumela gore ga lo tlhoke lwa ga ope go lo bolelela ka ga rona, a ga go a nna jalo! Mme ga re tlhoke kgakololo epe mo go lona!
2 You yourselves are our letter, written on our hearts, known and read by everyone. Lokwalo loo lo ke lo batlang fela, ke lona ka bolona! Ka go leba phetogo e e molemo mo dipelong tsa lona, mongwe le mongwe o ka bona gore re dirile tiro e ntle mo go lona.
3 You show yourselves to be a letter from Christ, delivered by us—written not with ink but with the Spirit of our living Father, not on stone tablets but on tablets of human hearts. Ba ka bona gore lo lokwalo lo lo tswang kwa go Keresete, lo lo kwadilweng ke rona, ga se lokwalo lo lo kwadilweng ka pene le enke, fa e se ka Mowa wa Modimo o o tshedileng; e seng lo lo gabilweng mo lefikeng, fa e se mo dipelong tsa batho.
4 Such is the confidence we have through Christ toward our Father. Re bua dilo tse di siameng tse kaga rona fela ka ntlha ya tshepho ya rona e kgolo mo Modimong ka Keresete, gore o tlaa re thusa go nna boammaaruri mo go se re se buang,
5 Not that we're competent in ourselves to claim anything as our own, but our competence is from our Father. mme e seng ka ntlha ya gore re gopola re ka dira sengwe le sengwe se se sa feleng ka borona. Nonofo le phenyo ya rona e tswa fela mo Modimong.
6 He made us competent to serve a new covenant—not of the letter but of the Spirit. For the letter kills, but the Spirit gives life. Ke one o o re thusitseng go bolelela ba bangwe Kgolagano e ncha go ba boloka. Ga re ba bolelele gore ba tshwanetse go utlwa molao mongwe le mongwe wa Modimo kgotsa ba swe; mme re ba bolelela gore ba na le botshelo mo Moweng O O Boitshepo. Tsela ya bogologolo ya go leka go bolokwa ka go tshegetsa Ditaolo tse di Lesome, e felela mo losong; mo tseleng e ncha, Mowa O O Boitshepo o ba naya botshelo.
7 If the ministry of death, carved in letters on stone, came with such glory that Israelites could not gaze at Moses' face because of its glory—a glory that was fading, Le fa tsamaiso ya molao wa bogologolo o o neng o isa losong e simologile ka kgalalelo e e kalo mo batho ba neng ba ka se ka ba leba sefatlhogo sa ga Moshe. Gonne jaaka a ne a ba neile melao ya Modimo go e utlwa, sefatlhogo sa gagwe se ne se phatsima ka kgalalelo e le nngwe le ya Modimo, le fa phatsimo e ne e setse e fifala.
8 will not the ministry of the Spirit come with even greater glory? A ga re kitla re lebelela kgalalelo e kgolo mo malatsing a no fa Mowa O O Boitshepo o naya botshelo?
9 For if the ministry of condemnation had glory, how much more does the ministry of righteousness overflow with glory! Fa e ne e le gore leano le le isang tshenyegong le ne le galalela, kgalalelo e kgolo ke leano le le dirang batho go nna tshiamo le Modimo
10 What was glorious has no glory now, outshined by surpassing glory. Mme tota, kgalalelo eo ya ntlha e e phatsimileng mo sefatlhogong sa ga Moshe ga e na mosola gotlhelele fa e tshwantshiwa le kgalalelo e e feteletseng ya Kgolagano e Ncha.
11 For if what was fading came with glory, how much greater is the glory of what endures! Jalo fa mokgwa wa bogologolo o o nyeletseng o ne o tletse kgalalelo ya legodimo, kgalalelo ya leano le lesha la Modimo la poloko ya rona le legolo thata, gonne le ka bosakhutleng.
12 Since we have such a hope, we act with great boldness. Ere ka re itse gore kgalalelo e ncha e, ga e kitla e nyelela, re ka ruta ka bopelokgale jo bogolo,
13 We are not like Moses, who put a veil over his face so the Israelites couldn't stare at the end of what was fading. mme e seng jaaka Moshe a ne a dira, yo o neng a baya letsela mo sefatlhogong sa gagwe gore Baiseraele ba se ka ba bona kgalalelo e tloga.
14 But their minds were hardened. To this day, the same veil remains when the old covenant is read—unlifted, since only in Christ is it removed. Ga se sefatlhogo sa ga Moshe fela se se neng sa bipiwa, mme megopolo ya batho ba gagwe le ditlhaloganyo tsa bone le tsone di ne tsa bipiwa tsa ba tsa fifadiwa. Le jaanong fa lokwalo lo balwa go lebega e ka re dipelo tsa Bajuta le megopolo ya bone di bipilwe ka sesiro se se bokete, gonne ga ba kgone go bona ba bo ba tlhaloganya tlhaloso tota ya Dikwalo. Gonne sesiro se sa go tlhoka go tlhaloganya se ka tlosiwa fela ke go dumela mo go Keresete.
15 Yes, to this day, whenever Moses is read, a veil lies over their hearts. Ee, le gompieno fa ba bala mekwalo ya ga Moshe dipelo tsa bone di fifetse ebile ba akanya gore go obamela Melao e e lesome ke yone tsela ya poloko.
16 But whenever anyone turns to our Lord Jesus, the veil is taken away. Mme le fa e le leng mongwe a sokologela mo Moreneng a tswa mo dibeng tsa gagwe, hong sesiro se a tlosiwa.
17 Our Lord Jesus is the Spirit, and where the Spirit of our Lord Jesus is, there is freedom. Morena ke Mowa o o ba nayang botshelo, mme fa ene a leng teng go na le kgololesego (mo go lekeng go bolokwa ka go tshegetsa melao ya Modimo.)
18 We all, faces unveiled, gazing at the glory of our Lord Jesus, are transformed into that same image, from glory to glory, as from our Lord Jesus, the Spirit. Mme rona Bakeresete ga re na sesiro mo difatlhogong tsa rona; re ka nna diipone tse di bonatsang kgalalelo ya Morena sentle. Mme e re ka Mowa wa Morena o dira mo go rona, re tswelela thata re nna jaaka ene.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]