Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

1 John 4 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Beloved, don't believe every spirit, but test the spirits to see if they're from our Father, for many false prophets have gone out into the world. Ditsala tse di rategang, se dumeleng sengwe le sengwe se lo se utlwang fela ka gore mongwe a re ke molaetsa o o tswang kwa Modimong. O sekasekeng go bona gore a ke one tota. Gonne go setse go na le baruti ba le bantsi ba e seng ba boammaaruri,
2 By this you know the Spirit of our Father: every spirit confessing that Jesus Christ has come in the flesh is from our Father, mme tsela ya go bona gore a molaetsa wa bone o tswa mo Moweng O O Boitshepo ke go botsa potso e e reng, “A go dumelesega tota gore Jesu Keresete, Morwa Modimo, o ne a nna motho a le mo mmeleng wa setho fela jaaka rona?” Fa e le gore go ntse jalo, mme molaetsa o tswa kwa Modimong.
3 and every spirit that does not confess Jesus is not from our Father. This is the antichrist's spirit, which you heard was coming, and is already in the world now. Fa e le gore ga go a nna jalo, molaetsa ga o tswe kwa Modimong, o tswa kwa go yo o tlhabantshang Keresete, jaaka “Moganetsa-Keresete” yo lo utlwileng ka ga gagwe yo o tlaa tlang mme mokgwa wa gagwe wa bobaba o o tlhabantshang ba ba kgatlhanong le Keresete,
4 You are from our Father, little children, and have overcome them, because greater is the one in you than the one in the world. gonne go na le mongwe mo dipelong tsa lona yo o nonofileng go gaisa moruti mongwe le mongwe yo o bosula mo lefatsheng leno la boikepo.
5 They are from the world; therefore they speak from the world, and the world listens to them. Batho ba ke ba lefatshe leno, jalo ka tlholego ba beile megopolo fela mo dilong tsa lefatshe ebile lefatshe le a ba reetsa.
6 We are from our Father. Whoever knows him hears us; whoever is not from him does not hear us. This is how we know the Spirit of truth and the spirit of error. Mme rona re bana ba Modimo; ke sone se e leng gore ba ba tsamayang le Modimo ba bo ba bua le One ke bone fela ba ba tlaa re reetsang. Ba bangwe ga ba kitla ba re reetsa, ke yone tsela e nngwe ya go itse gore a molaetsa o tswa kwa Modimong tota; gonne fa e le gore go ntse jalo, lefatshe ga le na go o reetsa.
7 Beloved, let us love one another, for love is from our Father, and all who love are born of him and know him. Ditsala tse di rategang, a re itlwaetseng go ratana, gonne lorato lo tswa kwa Modimong mme ba ba ratang ebile ba le pelonomi ba supa gore ke bana ba Modimo, le gore ba simolola go o tlhaloganya botoka.
8 Whoever does not love does not know our Father, because our Father is love. Mme fa motho a sena lorato le bopelonomi, go supa gore ga a itse Modimo, gonne Modimo ke lorato.
9 This is how our Father's love was shown among us: our Father sent his one and only Son into the world so we might live through him. Modimo o supile ka fa o re ratang ka teng ka go roma Morwaone yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng leno la boikepo go re leretse botshelo ja bosakhutleng ka loso lwa gagwe.
10 This is love: not that we loved our Father, but that he loved us and sent his Son as the atoning sacrifice for our sins. Ka tiro e, re bona gore lorato lwa boammaaruri ke eng: ga se ka fa re ratang Modimo ka teng, mme ke lorato lwa One mo go rona go simolola ka nako e o neng o roma Morwaone go tla go nna setlhabelo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.
11 Beloved, if our Father so loved us, we also ought to love one another. Ditsala tse di rategang, ere ka Modimo o re ratile mo go kalo, re tshwanetse go ratana le rona.
12 No one has ever seen our Father; if we love one another, our Father remains in us and his love is made complete in us. Gonne le fa re ise re ke re bone Modimo, fa re ratana Modimo o nna mo go rona, le lorato lwa One mo go rona lo a nonofa.
13 By this we know we live in him and he in us: he has given us his Spirit. Ebile o tsentse Mowa wa One O O Boitshepo mo dipelong tsa rona e le sesupo mo go rona gore re nna le One mme le One o nna le rona.
14 We have seen and testify that our Father sent the Son as Savior of the world. Ebile gape, re bonye ka matlho a rona mme jaanong re bolelela lefatshe lotlhe gore Modimo o romile Morwaone go nna Mmoloki wa bone.
15 Whoever confesses Jesus is the Son of our Father, our Father remains in him, and he in our Father. Le fa e le mang yo o dumelang gore Jesu ke Modimo, Modimo o nna mo go ene le ene mo go One.
16 We have known and believed the love our Father has for us. Our Father is love, and whoever remains in love remains in him, and he in them. Re itse gore Modimo o re rata go le kae gonne re ikutlwetse lorato lwa one, ebile re a o dumela fa o re bolelela gore o re rata thata. Modimo ke lorato, mme le fa e le mang yo o nnetseng ruri mo loratong o nnetse ruri mo Modimong le Modimo o nnetse ruri mo go ene.
17 This is how love is made complete in us, so we may have confidence on judgment day, because as he is, so are we in this world. Mme ka re nna le Keresete, lorato lwa rona lo gola sentle thata ka boitekanelo; jalo he ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re swaba ka letsatsi la tshekiso, mme re tlaa lebagana nae ka tshepo le ka boitumelo, gonne o a re rata mme le rona re a mo rata.
18 In love there is no fear; perfect love drives out fear, since fear involves punishment, and whoever fears is not complete in love. Ga re a tshwanela go boifa motho yo o re ratang ka lorato lo lo itekanetseng, lorato lwa gagwe lwa boammaaruri lo nyeletsa pelaelo yotlhe ka bosula jo re bo mo gopolelang go bo dira mo go rona, mme mo go supa gore ga re dumele ka botlalo gore o re rata e le ruri.
19 We love because our Father first loved us. Jalo a lo lemoga gore go mo rata ga rona go dirwa ke go bo a re ratile pele.
20 If anyone says, "I love our Father," yet hates his brother, he is a liar. For whoever does not love his brother, whom he has seen, cannot love our Father, whom he has not seen. Fa mongwe a re, “Ke rata Modimo,” mme a tswelela ka go ila mogagabo ke moaki; gonne fa a sa rate mogagabo yo o mmonang ka matlho, o ka rata jang Modimo o a iseng a ke a o bone?
21 And this commandment we have from him: whoever loves our Father must also love his brother. Mme Modimo ka sebele o rile motho a seka a rata Modimo fela, mme a rate le mogagabo.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]