Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Romans 16 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 I commend to you our sister Phoebe, who is a servant of the church at Cenchreae, Febe, Mokeresete wa mosadi yo o rategang yo o tswang kwa motseng wa Kenkerea, o tlaa bo a tla go lo bona mo bogautshwaneng. O dirile ka bonatla mo phuthegong teng. Mo amogeleng jaaka kgaitsadia-lona mo Moreneng, lo mo amogele ka boitumelo jwa Sekeresete. Mo thuseng fela thata ka fa lo ka kgonang ka teng, gonne o thusitse ba le bantsi mo go tse ba di tlhokang, le nna tota o nthusitse.
2 so that you may welcome her in the Lord as befits our Father's people, and help her with whatever she needs from you—she has supported many, myself included. Not in this edition
3 Greet Prisca and Aquila, my fellow workers in Christ Jesus, Ntumedisetsang Peresila le Akhwila. Ba ntse ba le badiri ka nna mo ditirong tsa ga Keresete Jesu.
4 who risked their own necks for my life—not only I thank them, but all the Gentile churches do too. Tota ba ne ba nntshetsa matshelo a bone setlhabelo; mme ga se nna fela ke le nosi yo ke ba lebogang: diphuthego tsotlhe tsa Badichaba le tsone di a ba leboga.
5 Greet also the church gathering in their home. Greet my dear Epaenetus, firstfruit of Asia for Christ. Tswee-tswee ntumedisetsang botlhe ba ba phuthaganelang go obamela mo tlung ya bone. Dumedisang Epaeneto tsala ya me e e molemo. Ke ene motho wa ntlha go nna Mokeresete mo Asia.
6 Greet Mary, who has worked hard among you. Ntumedisetsang le Maria, yo o dirileng ka bonatla jotlhe jwa gagwe go re thusa.
7 Greet Andronicus and Junia, my fellow Jews and fellow prisoners, notable among the apostles and in Christ before me. Ntumedisetsang Andoronikase le Juniase, ba losika lwa me ba ke neng ke le mo kgolegelong nabo. Ba tlotlwa ke baaposetoloi, ebile ba ne ba fetoga Bakeresete pele ga me. Tswee-tswee ba ntumedisetseng.
8 Greet Ampliatus, my beloved in the Lord. Dumedisang Ampeliato, yo ke mo ratang jaaka mongwe wa bana ba e leng ba Modimo tota,
9 Greet Urbanus, our fellow worker in Christ, and my beloved Stachys. le Urebano, modiri ka rona, le Setakese yo o rategang.
10 Greet Apelles, who is approved in Christ. Greet those who belong to the household of Aristobulus. Gape go na le Apelese, monna yo o molemo yo Morena o mo ratang; mo ntumedisetseng. Lo bo lo ntumedisetse ba ba dirang kwa tlung ya ga Arisetobulo.
11 Greet Herodion, my fellow Jew. Greet those in the household of Narcissus who are in the Lord. Ntumedise-tsang Herodione wa losika lwa me. Dumedisang magolegwa a ga Keresete kwa tlung ya ga Narekiso.
12 Greet Tryphaena and Tryphosa, workers in the Lord. Greet my beloved Persis, who has worked hard in the Lord. Dumedisang Teraefina le Teraefosa, badiredi ba Morena le Peresise moratwa yo o diretseng Morena ka natla yotlhe.
13 Greet Rufus, chosen in the Lord, and his mother and mine. Ntumedisetsang Rufase yo o itshenketsweng ke Morena go nna wa gagwe tota; le mmaagwe yo o rategang yo le nna a neng a ntsaya fela jaaka ngwana wa gagwe.
14 Greet Asyncritus, Phlegon, Hermes, Patrobas, Hermas, and the brothers and sisters who are with them. Gape tswee-tswee ntumedisetsang Asenkerithase, Felogone, Heremese, Petorabase le bakaulengwe ba bangwe ba ba nang nabo.
15 Greet Philologus, Julia, Nereus and his sister, and Olympas, and all our Father's people with them. Ntumedisetsang Filologase, Julisa Nerease le kgaitsadie, le Olimpase, le Bakeresete botlhe ba ba nang nabo.
16 Greet one another with a holy kiss. All the churches of Christ greet you. Dumedisanyang ka boitumelo ka diatla. Diphuthego tsotlhe fano di a lo dumedisa.
17 Brothers and sisters, I urge you: watch for those causing division and obstacles, against the teaching you learned, and turn away from them. Mme legale go santse go na le sengwe se ke batlang go se bua pele ga ke fetsa lokwalo lo. Tswang mo go ba ba dirang dikgaogano ebile ba senya tumelo ya boammaaruri ya batho, ba ruta dilo kaga Jesu tse di kgatlhanong le se lo se rutilweng.
18 For such people do not serve our Lord Christ but their own appetites, deceiving the unsuspecting's hearts with smooth talk and flattery. Baruti ba ba ntseng jalo ga ba direle Morena wa rona Jesu, mme ba fufulela dimpa tsa bone fela. Ke dibui tse di itseng go bua mme batho ba ba bopegileng senyana mo tlhaloganyong ba tle ba tsiediwe ke bone ka puo ya bone e e borethe.
19 Your obedience has reached everyone, so I rejoice over you; but I want you wise about what is good, innocent about what is evil. Mme mongwe le mongwe o itse gore lo eme ka boikanyego le ka boammaaruri mo go intumedisang fela thata. Ke batla gore lo age lo le botlhale ka go itse bomolemo le go nna le poifo mo go se se bosula.
20 Our Father of peace will soon crush Satan under your feet; our Lord Jesus Christ's grace be with you. Modimo wa kagiso o tlaa tloga o ripitla Satane ka fa tlase ga dinao tsa lona. A masego a a tswang kwa go Morena wa rona Jesu Keresete a nne le lona.
21 Timothy, my fellow worker, greets you; so do Lucius, Jason, and Sosipater, my fellow Jews. Timotheo modiri ka nna, le Lukio le Jasone le Sosipatere, ba losika lwa me, ba lo eleletsa matlhogonolo.
22 I, Tertius, who wrote down this letter, greet you in the Lord. Nna, Teretio, yo ke kwalelang Paulo lokwalo lo, ke romela ditumediso tsa me le nna, ke le mokaulengwe mo Sekereseteng.
23 Gaius, host to me and the whole church, greets you. Erastus, the city treasurer, and our brother Quartus also greet you. Gaio a re ke lo dumedise. Ke moeng wa gagwe, phuthego le yone e tshwarelwa fano mo lwapeng lwa gagwe. Eraseto, motlhokomedi wa matlotlo a motse, o a lo dumedisa fela jalo le Kwaretose mokaulengwe o a lo dumedisa.
24 Not in this edition Salang sentle. A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe.
25 Now to him who can strengthen you—by my gospel and the proclamation of Jesus Christ, by the revealing of the mystery hidden for long ages past, Ke lo neela mo Modimong, o o kgonang go lo nonotsha le go lo pepetletsa mo Moreneng, fela jaaka Mafoko a a Molemo a bua, le jaaka ke lo boleletse. Se ke leano la Modimo la poloko ya lona badichaba, le le neng le fitlhegile go tsweng kwa tshimologong ya metlha. Mme jaanong fela jaaka baporofiti ba sale ba bolela le jaaka Modimo o laotse molaetsa o o rerwa gongwe le gongwe, gore batho mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba tle ba nne le tumelo mo go Keresete ba mo obamele. A Kgalalelo e nne go Modimo ka osi o o leng botlhale, ka Jesu Keresete Morena wa rona. Amen. Ke nna wa boammaaruri, Paulo
26 but now revealed and made known through prophetic writings, by command of our eternal Father, to bring all nations to the obedience of faith, Not in this edition
27 to our only wise Father, through Jesus Christ, be the glory forever! Amen. Not in this edition
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]