Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Romans 14 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Now accept the one who is weak in faith, but not to argue about their opinions. Amogelang ka boitumelo mokaulengwe mongwe le mongwe yo o batlang go dirisanya le lona, le fa tumelo ya gagwe e le bokoa. Se mo tshwayeng diphoso ka go nna le megopolo e e farologanyeng le ya lona ka se se siameng le se se sa siamang.
2 One person has faith to eat anything, while the one who is weak eats only vegetables. Sekai ke se, se ngangisanyeng nae kaga gore a go tshwanetse kgotsa ga go a tshwa-nela go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa. Wena o ka ne kgotsa o dumela gore ga go na sekgopi mo go e jeng, mme tumelo ya ba bangwe e bokoa; ba gopola gore ga go a siama, mme ba tlaa tswelela ba ikitsa nama eo gotlhelele, ba je merogo fela go na le go ja nama e e ntseng jalo.
3 The eater must not look down on the non-eater, and the non-eater must not judge the eater, for our Father has accepted him. Ba ba bonang go ba siametse go ja nama e e ntseng jalo, ba seka ba nyatsa ba ba sa e jeng. Mme fa o le mongwe wa ba ba sa e jeng, se tshwaye phoso ba ba e jang. Gonne Modimo o ba amogetse go nna bana ba one.
4 Who are you to judge another's servant? Before his own master he stands or falls; he will stand—the Lord can make him stand. Ke batlhanka ba Modimo, ga se ba gago. Ba tlaa ikarabela mo go one, e seng mo go wena. A Modimo o ba bolelele ka bo one gore a ba siame kgotsa ga ba a siama. Gonne Modimo o nonofile go ba dira gore ba dire ka fa ba tshwanetseng go dira ka teng.
5 One judges a day above another; another, every day alike. Each must be fully convinced in his own mind. Bangwe ba gopola gore Bakeresete ba tshwanetse go tshegetsa malatsi a Sejuta a boikhutso e le malatsi a a tlhophegileng go obamela Modimo. Mme bangwe ba re ga go a siama go itshwenya ka dilo tse di ntsengjaana, gonne malatsi otlhe ka go tshwana ke a Modimo. Malebang le dipotso tse di ntsengjaana, mongwe le mongwe o tshwanetse go ikakanyetsa.
6 Whoever observes the day observes it for the Lord. Whoever eats, eats for the Lord, since he thanks our Father; whoever abstains, abstains for the Lord, and thanks our Father. Fa o na le malatsi a a tlhophegileng a go obamela Morena, o leka go mo tlotla; o dira selo se se molemo. Le motho yo o jang nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa o ntse fela jalo; o leboga Morena ka yone; le ene o dira sentle. Mme le motho yo o sa batleng go ama nama eo, le ene o gakaletse go itumedisa Morena gape o a leboga.
7 For none of us lives for himself, and none of us dies for himself. Ga re itaolele go tshela le go swa jaaka rona re ne re ka itlhophela.
8 If we live, we live for the Lord; if we die, we die for the Lord. Living or dying, we belong to the Lord. Gonne le fa re tshela, re tshelela Morena, le fa ree swa re swela Morena. Re ba Morena ntlheng tsotlhe.
9 Christ died and lived again for this: to be Lord of both the dead and the living. Gonne Keresete o ne a swela a bo a rulela one mogopolo o, gore a nne Morena wa rona rotlhe fa re santse re tshela le fa ree swa.
10 But you—why do you judge your brother? Or you—why do you despise your brother? We'll all stand before our Father's judgment seat. Ga o na tshwanelo ya go tshwaya wa gaeno diphoso kgotsa go mo nyatsa. Gakologelwa gore, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela fa pele ga setilo sa tshekelo sa Modimo.
11 For it's written: "As I live, says our Father, every knee bows to me, every tongue confesses to me." Gonne Jehofa o kwadile a re, “Jaaka ke tshedile, mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.”
12 So then, each of us will give an account of himself to our Father. Ee, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela mo Modimong.
13 So stop judging each other. Instead decide never to put a stumbling block or trap before your brother. Jalo he, lo seka lwa tlhola lo nyatsana. Mo boemong jwa moo, leka go tshela ka tsela e e leng gore ga o kitla o dira gore wa gaeno a kgopiwe ka go dira gore a bone o dira se ene a ithayang a re ga se a siama.
14 I know, persuaded in the Lord Jesus, that nothing is unclean in itself; but to one who thinks it unclean, it is unclean. Tota fela nna, ke tlhomamisa sentle fela thata mo taolong ya Morena Jesu gore, ga go na molato ope mo go jeng dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa. Mme fa mongwe a dumela gore go phoso, hong a seka a e ja ka ntlha ya gore mo go ene ke molato.
15 If food hurts your brother, you're no longer walking in love. Don't destroy someone Christ died for with your food. Mme fa mokaulengwe wa gago a tshwenyega ka se o se jang, ga o dire ka fa loratong fa o tswelela ka go se ja. Se dire gore se o se jang se koafatse mongwe yo Keresete o mo swetseng.
16 So do not let what you regard as good be spoken of as evil. Se dire sepe se se tlaa go iteisang letswalo le fa tota o itse gore se o se dirang se tlhamaletse.
17 The kingdom of our Father isn't eating and drinking, but righteousness and peace and joy in the Holy Spirit. Gonne tota fela, sa botlhokwa mo go rona re le Bakeresete, ga se se re se jang kgotsa se re se nwang fa e se go dira bomolemo le kagiso le boitumelo jo bo tswang mo Moweng O O Boitshepo.
18 Whoever serves Christ in this way is pleasing to our Father and approved by people. Fa o letla Keresete go nna Morena mo dilong tse, Modimo o tlaa itumela; fela jalo le ba bangwe ba tlaa itumela.
19 So then, let us pursue whatever brings peace and builds each other up. Ka yone tsela e, ikaeleleng go agisanya ka kagiso mo phuthegong lo bo lo leke go agelelana ka go godisanya mo tumelong.
20 Don't destroy our Father's work over food. All things are clean, but eating that makes someone stumble is wrong. Lo seka lwa senya tiro ya Modimo ka ntlha ya dijo. Gakologelwang gore, ga go na sepe se se molato mo nameng, mme go phoso go e ja fa e kgopisa yo mongwe.
21 Good is not eating meat, drinking wine, or anything that makes your brother stumble. Selo se se siameng go dirwa ke go tlogela go ja nama kgotsa go nwa mofine kgotsa go dira sengwe se se kgopisang mokaulengwe wa gago kgotsa se mo leofisa.
22 Keep your faith to yourself before our Father. Blessed is the one who doesn't judge himself by what he approves. O ka itse gore ga go na molato mo go se o se dirang, le ka fa BoModimong, mme se ipolokele mo pelong; se supe tumelo ya gago ka boikgogomoso fa pele ga ba bangwe, ba e ka reng kgotsa ya ba kgopisa. Ka mabaka a a ntseng jaana, go sego motho yo o sa leofeng ka go dira se a itseng gore se siame.
23 Whoever doubts is condemned if he eats, since not from faith; whatever isn't from faith is sin. Mme le fa e le mang yo o dumelang gore selo se o batlang go se dira ga se a tshwanela, a seka a se dira. Fa a se dira o a leofa, gonne o akanya gore ga se a siama, jalo he, mo go ene ga se a tshwanela. Le fa e le eng se se dirwang kwa ntle ga se a bonang se siame, ke sebe.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]