Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Romans 13 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Everyone must submit to ruling authorities, since no authority exists except from our Father, and those that exist are placed there by our Father. Obamelang mmuso, gonne o tlhomilwe ke Modimo, ga go na mmuso le fa e le kae o o sa tlhongwang ke Modimo go laola.
2 So whoever opposes authority opposes what our Father has established, and opposers bring judgment on themselves. Jalo ba ba ganang go obamela melao ya mmuso ba gana go obamela Modimo, mme kwatlhao e tlaa nna teng.
3 Rulers aren't a threat to good actions, only bad ones. Want to not fear authority? Do good, and you'll earn its approval. Gonne lepodisi ga se setshosa mo go ba ba dirang tshiamo; mme ba ba dirang bosula ba tlaa aga ba le boifa. Jalo fa o sa batle go tshelela mo poifong, tshegetsa melao mme o tlaa tswelela sentle.
4 He is our Father's servant, for your good. But if you do wrong, be afraid—he doesn't carry the sword for nothing. He is our Father's servant, an avenger who brings wrath on the wrongdoer. Lepodise le romilwe ke Modimo go go thusa. Mme fa o dira sengwe se se bosula, ee, o tshwanetse go tshoga, gonne le tlaa go tshwara gore o otlhaiwe. Le rometswe ke Modimo go dira yone tiro eo.
5 Therefore you must submit, not only to avoid punishment but also for the sake of conscience. Obamela melao, mme ka ntlha ya mabaka a mabedi a: lebaka la ntlha ke go go dibela gore o seka wa otlhaiwa, mme lebaka la bobedi ke fela ka gore o itse gore o tshwanetse go o obamela.
6 That's also why you pay taxes, for the authorities are our Father's ministers, devoted to this very thing. Duelang le makgetho a lona, ka ntlha ya one mabaka a mabedi a. Gonne badiredi ba mmuso ba tlhoka go duelwa gore ba tle ba nne ba tswelele ba dira tiro ya Modimo, ba lo direla.
7 Pay all what's owed: tax to whom tax, tolls to whom tolls, respect to whom respect, honor to whom honor. Duelang mongwe le mongwe ka se a tshwanetseng go duelwa ka sone: Duelang makgetho a lona ka boitumelo lo bo lo duele goromente makgetho a dithoto tse di tsenang mo lefatsheng ka phuthologo, ikobeleng ba ba lo okametseng, lo bo lo tlotle ba ba tshwanetseng go tlotlwa,
8 Owe no one anything except to love one another, for loving another fulfills the law. Duelang melato yotlhe fa e se fela molato wa lorato mo go ba bangwe, se khutlise go o duela! Gonne fa lo ba rata, lo tlaa bo lo obamela gotlhe ga melao ya Modimo, lo diragatsa tsotlhe tse di batlwang.
9 For the commandments—"Don't commit adultery, don't murder, don't steal, don't covet"—and any other commandment, are summed up in one word: "Love your neighbor as yourself." Fa o rata mongwe ka wena fela jaaka o ithata, ga o na go rata go mo utlwisa botlhoko kgotsa go mo tsietsa, kgotsa go mmolaya kgotsa go mo utswela. Gape ga o na go dira boleo le mosadi wa gagwe, kgotsa go batla se e leng sa gagwe, kgotsa go dira le fa e le eng se melao e e some e reng ga se a siama Yotlhe ka bosome jwa yone e akareditswe mo molaong o o reng, “Rata mongwe ka wena jaaka o ithata.”
10 Love does no wrong to a neighbor; therefore love is the fulfillment of the law. Lorato ga lo direle ope bosula. Ke sone se e leng gore lo diragatsa gotlhe mo go batlwang ke Modimo. Ke one molao o le nosi fela o lo o tlhokang.
11 Do this, knowing the time: the hour has already come for you to wake from sleep—salvation is nearer now than when we first believed. Lebaka le lengwe la go tshela ka tlhamalalo ke le: lo itse gore nako e setse e fetile thata jang: nako e a fela. Tsogang, gonne go tla ga Morena go gautshwane jaanong, go na le jaaka re ne re dumela lwa ntlha.
12 Night is nearly gone, day is near. So let's shed the deeds of darkness and put on the armor of light. Bosigo bo setse bo fetile, letsatsi la go bowa ga gagwe le tlaa tloga le goroga. Jalo latlhang ditiro tse di bosula tsa lefifi lo apare seaparo sa tshiamo sa go tshela ka tlhamalalo, jaaka rona ba re nnang mo leseding re tshwanetse go dira! Nnang molemo le boammaaruri mo go sengwe le sengwe se lo se dirang gore botlhe ba tle ba dumelane le maitseo a lona. Se diriseng nako ya lona mo medirong e e sa siamang, le mo go tagweng kgotsa mo kgokafalong le dithato tsa nama, kgotsa mo ntweng, kgotsa mo lefufeng.
13 Let us live decently, as in daylight: not in orgies and drunkenness, not in sexual sin and indecency, not in conflict and envy. Not in this edition
14 Instead, dress yourselves in the Lord Jesus Christ; make no plan to satisfy the sinful nature's desires. Mme kopang Morena Jesu go lo thusa go tshela jaaka lo tshwanetse, le gone lo se ka lwa etleeletsa nama go diragatsa dithato tsa yone.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]