Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Romans 11 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 So I ask: has our Father rejected his people? Never—I too am an Israelite, from Abraham's line, tribe of Benjamin. Jaanong ke a botsa, A Modimo o ganne ebile o latlhile batho ba one Bajuta? Nnyaa, le goka! Gakologelwang gore nna ke Mojuta, wa losika lwa ga Aberahame, wa lotso lwa ga Benjamine.
2 Our Father didn't reject his people, whom he foreknew. Or don't you know what Scripture says of Elijah, how he pleads with our Father against Israel? Nnyaa, Modimo ga o a latlha batho ba e leng ba one ba o saleng o ba itlhophela go tsweng tshimologong. A lo gakologelwa se Dikwalo di se buang ka ga se? Elija moporofiti o ne a ngongorega mo Modimong kaga Bajuta, a bolelela Modimo ka fa ba bolaileng baporofiti ka teng ba bo ba rutlolola dibeso tsa Modimo; Elija o ne a bua gore e ne e le ene fela yo o setseng mo lefatsheng lotlhe a santse a rata Modimo, mme le ene ba ne ba leka go mmolaya.
3 "Father, they killed your prophets, tore down your altars; I alone remain, and they seek my life." Not in this edition
4 God's reply: "I've kept 7,000 men for myself who haven't bowed the knee to Baal." A mme lo gakologelwa ka fa Modimo o neng wa mo fetola ka teng? Modimo o ne wa re, “Nnyaa, ga se wena o le nosi yo o setseng. Ke na le ba bangwe ba le dikete tse di supang kwa ntle ga gago, ba ba santseng ba nthata le gone ga ba ise ba ke ba obamele medimo ya disetwa.”
5 So too at the present time there is a remnant, chosen by grace. Go ntse jalo le gompieno. Ga se Bajuta botlhe ba ba furaletseng Modimo; go na le ba se kae ba ba bolailweng ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya Modimo ka go ba itshenkela.
6 But if by grace, no longer by works; otherwise grace would no longer be grace. Mme fa e le gore ke ka kutlwelo-botlhoko ya Modimo, mme ga se ka ntlha ya tshiamo ya bone. Gonne ka lebaka leo, neo ya mahala e ne e tlaa bo e sa tlhole e le mahala. Fa e direlwa ga e tlhole e le mahala.
7 What then? Israel didn't get what it sought; the chosen did, but the rest were hardened. Jalo, he, seemo ke se: Bajuta ba le bantsi ga ba a bona kutlwelobotlhoko ya Modimo e ba e batlang. Ba se kae ba e bonye, bone ba Modimo o ba itlhophetseng, mme matlho a ba bangwe a foufaditswe.
8 As it is written: "Our Father gave them a dulled spirit, eyes that can't see and ears that can't hear, to this day." Ke sone se Dikwalo tsa rona di se rayang fa di re Modimo o ba robaditse, o tswetse matlho le ditsebe tsa bone gore ba seka ba tlhaloganya se re se buang fa re ba bolelela Keresete. Nako kgolo ke eno ba ntse ba ntse fela jalo.
9 And David says, "Let their table become a snare, a trap, a stumbling block, and payback for them. Kgosi Dafide o ne a bua kaga sone selo se fa a re, “A dijo tsa bone tse di monate le masego a mangwe e nne seru mo go bone mo go itheyeng ga bone ba re gotlhe go siame fa gare ga bone le Modimo. A dilo tse di siameng tse di boele mo go bone di bo di ba wele mo ditlhogong go ba ripitla kwa ntle ga patiko.
10 Let their eyes be darkened so that they cannot see, and bend their backs forever." A matlho a bone a fifale gore ba seka ba bona, o bo o ba obe mekwatla ka mokgweleo o o bokete ka bosakhutleng.”
11 So I ask: did they stumble to fall completely? By no means! Rather, their failure brought salvation to the Gentiles, to make Israel jealous. A mo go raya gore Modimo o latlhetse ruri batho ba one Bajuta? Nnyaa, ga go a nna jalo! Maikaelelo a one e ne e le go dira gore poloko ya one e bonwe ke Badichaba, gonne Bajuta ba ne ba tlaa fufega ba bo ba simolola go ipatlela poloko ya Modimo ka bo bone.
12 If their sin enriches the world, and their failure enriches the Gentiles, how much more their full inclusion! Jaanong fa e le gore lefatshe lotlhe le humisitswe ka ntlha ya neo ya Modimo ya poloko, erile fa Bajuta ba kgotswa mo go yone ba bo ba e itatola, akanyang gore lefatshe le le tlaa nna le seabe sa lesego le legolo thata jang motlhang Bajuta le bone ba tlang kwa go Keresete.
13 I say this to you Gentiles: since I am apostle to the Gentiles, I honor my ministry, Jaaka lo itse, Modimo o ntlhophetse go nna morongwa wa botlhokwa mo go lona badichaba. Ke gatelela selo se, ebile ke gakolola Bajuta kaga sone gangwe le gape fela ka fa ke ka kgonang ka teng,
14 in the hope that I may somehow make my own people jealous and save some of them. gore e re fa go kgonega ke tle ke ba ratise se lona Badichaba lo nang naso mme ka yone tsela eo ke boloke bangwe ba bone.
15 If their rejection reconciled the world, what will their acceptance bring but life from the dead? Mme go tlaa nna go ntle thata jang fa ba nna Bakeresete! Erile fa Modimo o ba furalela go bo go raya gore o retologetse kwa go Badichaba go ba naya poloko ya one; mme jaanong ebile go go ntle thata fa Bajuta ba tla mo go Keresete. Go tlaa bo go tshwana le batho ba ba suleng ba boela mo botshelong.
16 If the firstfruit is holy, so is the batch; if the root is holy, so are the branches. Mme ka Aberahame le baporofiti e le batho ba Modimo, le bana ba bone e tlaa nna bana ba Modimo. Gonne fa medi ya setlhare e le boitshepo, dikala le tsone di tlaa nna fela jalo.
17 If some branches were broken off, and you, a wild olive shoot, were grafted in among them, sharing the olive tree's rich root, Mme dingwe tsa dikala tse, tse di tswang mo setlhareng sa ga Aberahame, dingwe tsa Bajuta, di kgaotswe. Mme lona Badichaba ba lo foo lo le dikala, a re re kgotsa, lo ditlhare tse di neng di kgaotswe mo motlhwareng wa naga, lwa lomelelwa mo go one. Jaanong le lona, lo amogela lesego le Modimo o le solofeditseng Aberahame le bana ba gagwe, lo tlhakanela go ja dikotla tsa Modimo.
18 don't boast over the branches. If you do, you don't support the root—the root supports you. Mme o ikele tlhoko o seka wa ipelafatsa ka go lomelelwa ga gago mo motlhwareng go emisetsa dikala tse di neng di kgaotswe. Gakologelwa gore o botlhokwa fela ka ntlha ya gore jaanong o kala ya setlhare sa Modimo; o kala fela, e seng modi.
19 Then you will say, "Branches were broken off so that I might be grafted in." Mme o ka ne o re, “Hei, dikala tsele di ne di kgaolelwa gore ke tle ke lomelelwe, jalo, he, mo go raya gore ke tshwanetse ka be ke siame tota.”
20 True. They were broken off for lack of faith; you stand by faith. Don't be proud—fear instead. Tlhokomelang Gakologelwang gore dikala tseo, ebong Bajuta ba lomolotswe ka ntlha ya gore ba ne ba sa dumele Modimo, mme wena o foo fela ka gore o a dumela. Se nne le boikgogomoso, nna le boingotlo le go leboga gape o ikele tlhoko.
21 For if our Father did not spare the natural branches, neither will he spare you. Gonne fa Modimo o ise o ke o rekegele dikala tse o neng wa di tlhogisa pele, le wena ga o na go go rekegela.
22 So see our Father's kindness and severity: severity to the fallen, kindness to you—if you continue in it; otherwise you too will be cut off. Lemoga ka fa Modimo o leng pelonomi le pelo-e-thata ka teng. O pelo e thata mo go maswe mo go ba ba sa o reetseng, mme o molemo thata mo go wena fa o tswelela ka go o rata le go o ikanya. Mme fa o sa dire jalo, le wena o tlaa kgaolwa.
23 And if they don't remain in lack of faith, they too will be grafted in—our Father can graft them in again. Gape, fa Bajuta ba kgaogana le go tlhoka go dumela ga bone mme ba boela kwa Modimong, Modimo o tlaa ba lomelela gape mo setlhareng. O na le nonofo go dira jalo.
24 If you were cut from an olive wild by nature and grafted, against nature, into a cultivated one, how much more will natural branches be grafted back into their own olive tree? Gonne fa Modimo o ne wa lo tsaya lona ba lo neng lo le kgakala nao, lo le dikala tsa motlhware wa naga, wa ba wa lo lomelela mo setlhareng sa one se se molemo, a ga lo bone gore o tlaa bo o ipaakanyeditse go lomelela Bajuta ba ba neng ba le foo lwa ntlha?
25 Brothers and sisters, I don't want you unaware of this mystery, so you aren't wise in your own eyes: Israel is partly hardened, until the full number of Gentiles comes in. Ke batla gore lo itse kaga boammaaruri jo, jo bo tswang kwa Modimong, bakaulengwe ba ba rategang, gore lo tlo lo seka lwa ikgogomosa lwa simolola go belafala. Ee, ke boammaruri gore jaanong bangwe ba Bajuta ba itirile go nna kgatlhano le Mafoko a a Molemo, mme mo go tlaa nna fela jalo go fitlhelela lona Badichaba lo tla mo go Keresete.
26 So all Israel will be saved, as it is written: "The rescuer will come from Zion and remove evil from Jacob, Mme hong Chaba yotlhe e tlaa bolokwa. A lo gakologelwa se baporofiti ba se buileng kaga se? “Go tlaa tswa Mogolodi mo Siona, mme o tlaa sokolola Bajuta mo boikepong jotlhe.
27 and this will be my covenant with them, when I take away their sins." Ka nako eo ke tlaa tlosa dibe tsa bone tsotlhe, fela jaaka ke solofeditse.”
28 In the gospel, they are enemies for your sake; in election, beloved because of the fathers. Jaanong bontsi jwa Bajuta ke baba ba Mafoko a a Molemo. Ba a a ila. Mme mo go lo solegela molemo, gonne go dirile gore Modimo o lo neye dineo tsa one lona Badichaba. Legale Bajuta ba sa ntse ba ratwa ke Modimo ka ntlha ya ditsholofetso tsa one mo go Aberahame, Isake le Jakoba.
29 For the gifts and the calling of our Father are irrevocable. Gonne Modimo ga o ke o busetsa morago dineo le pitso ya one; ga o kitla o boela kwa morago mo ditsholofetsong tsa one.
30 For just as you once disobeyed our Father, but now have received mercy through their disobedience, Lo kile lwa bo lo le batsuulodi ba Modimo, mme erile fa Bajuta ba gana dineo tsa one, Modimo mo boemong jwa go gana ga bone wa nna kutlwelo botlhoko mo go lona.
31 so they too now disobeyed, so that by the mercy shown you, they too may now receive mercy. Mme jaanong Bajuta ke batsuulodi, legale letsatsi lengwe le bone ba tlaa balelwa mo kutlwelong botlhoko ya Modimo fela jaaka lona.
32 For our Father has bound everyone over to disobedience, that he may have mercy on all. Gonne Modimo o ba dirile baleofi botlhe gore o tle o ba utlwele botlhoko botlhe ka go tshwana.
33 Oh, the depth of the riches and the wisdom and the knowledge of our Father! How unsearchable are his judgments and how untraceable his ways! Ana re na le Modimo O O molemo jang? Botlhale jwa one le kitso le dikhumo tsa one di dikgolo jang! Ga go kgonege jang mo go rona go tlhaloganya maikaelelo a One le ditsela tsa One.
34 "For who has known the mind of our Father, or who has been his counselor? Gonne ke ofe mo go rona yo o ka itseng mogopolo wa Morena? Ke mang yo o ka itseng sentle go ka nna mogakolodi le mogogi wa one?
35 Or who has given a gift to him that he might be repaid?" Gape ke ofe yo o ka abelang Morena sengwe se se lekanyeng pele go mo tlhotlheletsa gore le ene a tle a mo direle sengwe?
36 For from him and through him and to him are all things. To him be the glory forever. Amen. Gonne sengwe le sengwe se ntse ka nonofo ya one. A kgalalelo e nne mo go one ka bosakhutleng.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]