Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Romans 10 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Brothers and sisters, my heart's desire and prayer to our Father for Israel is for their salvation. Bagaetsho ba ba rategang, keletso ya pelo ya me le thapelo ya me ke gore Bajuta ba bolokwe.
2 I testify about them: they have zeal for our Father, but not according to knowledge. Ke itse ka fa ba tlhwaafaletseng go tlotla Modimo ka teng, mme le fa go ntse jalo ke tlhwaafalo e e seng ka fa mokgweng.
3 Ignorant of our Father's righteousness, seeking to establish their own, they did not submit to our Father's righteousness. Gonne ga ba tlhaloganye gore Keresete o swetse go ba siamisa mo Modimong. Mo boemong jwa go tlhaloganya ba leka go itira tshiamo go gapa maikutlo a Modimo ka go tshegetsa melao ya Sejuta le ngwao, mme moo ga se tsela ya Modimo ya poloko.
4 For Christ is the law's goal, so all who believe receive righteousness. Ga ba tlhaloganye gore Keresete o neela ba ba mo ikanyang sengwe le sengwe se ba lekang go nna naso ka go tshegetsa melao ya gagwe. O khutlisa gotlhe moo.
5 For Moses writes about the righteousness that is based on the law: "The one who does these things will live by them." Gonne Moshe o kwadile gore fa motho a ne a ka nna molemo mo go senang le fa e le selabe, a ba a itisa mo thaelong yotlhe a sa ntse a tshela, a ba a sa leofe le fa e le gangwe, ke gone fela ka fa a ka itshwarelwang a bo a bolokwa.
6 But faith-based righteousness says: "Don't say in your heart, 'Who will go up to heaven?'" (that is, to bring Christ down). Mme poloko e e tlang ka tumelo ya re, “Ga go tlhokege go puruputsha magodimo o batla Jesu Keresete o bo o mo folosa go tla go go thusa,” ebile,
7 "or 'Who will descend into the abyss?'" (that is, to bring Christ up from the dead). “ga go tlhokege gore o ye kwa baswing go lere Keresete mo botshelong gape.”
8 But what does it say? "The word is near you, in your mouth and in your heart"—meaning the word of faith we proclaim: Gonne poloko e e gautshwane mo go mongwe le mongwe wa rona; tota e gautshwane fela jaaka dipelo tsa rona le melomo.
9 If you confess with your mouth Jesus is Lord and believe in your heart that our Father raised him from the dead, you will be saved. Gonne fa o bolelela ba bangwe ka molomo wa gago gore Jesu Keresete ke Morena wa gago, o bo o dumela mo pelong ya gago gore Modimo o mo tsositse mo baswing, o tlaa bolokwa.
10 For with the heart you believe and are made right with our Father, with the mouth you confess and are saved. Gonne ke ka go dumela mo pelong ya gagwe gore motho o siama mo Modimong; mme ka molomo wa gagwe o bolelela ba bangwe kaga tumelo ya gagwe, a tlhomamisa kaga poloko ya gagwe.
11 For the Scripture says, "Everyone who believes in him will not be put to shame." Gonne Dikwalo di re bolelela gore ga go na ope yo o dumelang mo go Keresete yo o tlaa tlhabisiwang ditlhong.
12 No difference between Jew and Greek: the same Lord is Lord of all, generous to all who call on him. Mojuta le Modichaba ba tshwana fela mo lobakeng lo: Botlhe ba na le Morena a le mongwe yo ka bopelotshweu ja gagwe o abelang botlhe dikhumo tse ba di mo kopang.
13 For "everyone who calls on the name of our Lord Jesus will be saved." Le fa e le mang yo o bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.
14 So how can they call on one they haven't believed in? How can they believe in one they haven't heard of? How can they hear without someone preaching? Mme ba tlaa mo kopa jang go ba boloka fa ba sa dumele mo go ene? Le gone ba ka dumela jang mo go ene fa ba ise ba ke ba bo ba utlwalele kaga gagwe? Gape ba ka utlwa jang kaga gagwe fa go sena ope yo o ba bolelelang?
15 How can they proclaim him unless they're sent? As written: "How beautiful are the feet of those bringing good news!" Le gone mongwe o tlaa tsamaya jang a ya go ba bolelela fa mongwe a sa mo rome? Ke sone se Dikwalo di buang kaga sone fa di re, “Ana go go ntle jang dinao tsa ba ba rerang Mafoko a kagiso le Modimo, ba bo ba lere mafoko a a itumedisang a dilo tse di molemo.” Ka mafoko a mangwe ke gore, go amogelesega thata jang ba ba tlang ba rera Mafoko a Modimo a a Molemo!
16 But not all obeyed the good news, for Isaiah says, "Our Father, who believed our message?" Mme ga se mongwe le mongwe yo e a reng a utlwa Mafoko a a Molemo a a amogele, gonne Isaia moporofiti o rile, “Morena, ke mang yo o ntumetseng fa ke ba bolelela?”
17 So faith comes from hearing, and hearing through the word about Christ. Mme le fa go ntse jalo tumelo e tla ka go reetsa Mafoko a a Molemo a, Mafoko a a Molemo kaga Keresete.
18 But I ask: did they not hear? Yes, they did: "Their sound went out to all the earth, their words to the ends of the world." Mme re tlaa reng ka Bajuta? A ba utlwile molaetsa wa Modimo? Ee, gonne molaetsa o ile gongwe le gongwe kwa ba leng teng, Mafoko a a Molemo a boletswe go ya khutlong tsa lefatshe.
19 But I ask, did Israel not know? First Moses says: "I will make you jealous by those not a nation, angry by a nation without understanding." Mme a ba ne ba tlhaloganya (gore Modimo o tlaa neela ba bangwe poloko fa ba gana go e amogela)? Ee, gonne le mo malatsing a bogologolo a lobaka lwa ga Moshe, Modimo o ne wa re o tlaa dira batho ba one go nna lefufa o bo o leka go ba tsosa ka go naya poloko ya one dichaba tsa dieleele tsa baheitane.
20 Isaiah is bold enough to say, "I was found by those not seeking me; I appeared to those not asking for me." Mme moragonyana Isaia a bua ka bopelokgale a re “Modimo o tlaa bonwa ke batho ba ba neng ba sa o batle.”
21 But about Israel he says, "All day long I stretched out my hands to a disobedient, defiant people." Mo lobakanyaneng lo, Modimo o tsweletse ka go otlololela mabogo a one mo Bajuteng, mme ba tsweletse ka go tatalala ba gana go tla mo go one.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]