Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Mark 3 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Once again Jesus entered the synagogue, and a man with a withered hand was there. Erile Jesu a sa ntse a le mo Kaperanama a ya kwa Tempeleng gape, mme a bona teng monna yo o neng a omeletse letsogo.
2 They watched closely to see if he'd heal the man on the Sabbath, to accuse Jesus. Ka e ne e le letsatsi la Sabata, baba ba ga Jesu ba mo tlhoma matlho thata gore a o tlaa fodisa letsogo la monna yo? Fa a ne a ka dira jalo, ba ne ba ikaeletse go mo tshwara!
3 Jesus said to the man with the withered hand, "Stand up and come forward." Hong Jesu a raya monna a re a tle go ema fa pele ga phuthego.
4 Then he asked them, "Is it lawful on the Sabbath to do good or to do harm, to save life or to kill?" But they stayed silent. Mme a retologela kwa babeng ba gagwe a ba botsa a re, “A go siame go dira ditiro tse di molemo ka malatsi a Sabata? Kgotsa a ke letsatsi la go utlwisa botlhoko? A ke letsatsi la go boloka matshelo kgotsa go a senya?” Mme ga ba ise ba ke ba mo arabe.
5 He looked around at them in anger, grieved by their hardness of heart, and told the man, "Stretch out your hand." He stretched it out, and his hand was restored. Erile a ba leba ka kgalefo gonne o ne a tshwentswe ke go tlhoka kelotlhoko ga bone mo ditlhokong tsa batho, a raya monna a re, “Otlolola letsogo la gago.” A le otlolola mme ka bofefo letsogo la gagwe la fola.
6 Then the Pharisees went out and immediately began plotting with the Herodians how they might destroy him. Mme e rile fela ka yone nako eo Bafarasai ba tsamaya ba ya go kopana le Baherodia ba loga maano a go mmolaya.
7 Jesus withdrew with his disciples to the sea; a large crowd from Galilee followed, and from Judea, Erile ka lobakanyana, Jesu, le barutwa ba gagwe ba ya kwa lotshitshing lwa lewatle, ba setswe morago ke bontsintsi jwa batho go tswa mo tikologong yotlhe ya Galalea, Judea Jerusalema, Idumea le kwa moseja ga Noka ya Jorodane, le go tswa bokgakala jo bo kanang ka Ture le Sidona. Gonne dikgang ka ga dikgakgamatso tsa gagwe di ne di utlwetse kwa kgakala le ka bophara mme batho ba le bantsi ba tla go iponela ka matlho.
8 from Jerusalem, Idumea, beyond the Jordan, and the region around Tyre and Sidon—hearing all he was doing, a great crowd came to him. Not in this edition
9 He told his disciples to keep a small boat ready, because of the crowd, so they wouldn't crush him. Mme a laela barutwa ba gagwe go tlisa mokoro le go o baakanyetsa gore o tle o mo namole fa a ka pitlaganyediwa ke batho mo lotshitshing.
10 For he had healed so many that all who had diseases were pressing forward to touch him. Gonne go ne ga diragala diphodiso di le dintsi ka letsatsi leo, mme ya re ka ntlha ya moo balwetse ba le bantsi ba mo dikaganyetsa, ba leka go mo ama.
11 Whenever the unclean spirits saw him, they fell before him, shouting, "You are the Son of God!" E ne e tle e re ka dinako tsotlhe fa ba ba tsenweng ke mewa e e maswe ba mmona ba wele fa fatshe fa pele ga gagwe ba goele kwa godimo ba re, “O Morwa Modimo!”
12 But he firmly warned them not to reveal him. Mme a ba laya thata gore ba seka ba mo utlwatsa.
13 Jesus went up the mountain and called those he wanted; they came to him. Erile morago ga moo a tlhatlogela kwa godimo ga dithaba mme a bitsa bangwe ba ene o ba tlhophileng, a ba laletsa go tsamaya nae; mme ba dira jalo.
14 He appointed twelve, named apostles, so they could be with him and he could send them out to preach, Hong a tlhopha ba le lesome le bobedi mo go bone go nna bapati ba gagwe ba malatsi otlhe le go tswela kwa ntle nae go ya go rera le go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle.
15 and to have authority to drive out demons. Not in this edition
16 These are the twelve he appointed: Simon, to whom he gave the name Peter; A ke maina a ba ba lesome le bobedi ba o ba tlhophileng: Simone (yo o neng a mmitsa Petere) Jakobe le Johane (bomorwa Sebede, Jesu a ba bitsa barwa Tumo ya Maru). Anterea, Filipo, Baretholomea, Mathaio, Thomase, Jakobe, (Morwa Alefaio) Thadaeo, Simone (yo o neng e le wa leloko la lekgotla la dipolotiki le le neng le ikemiseditse go menola puso ya Roma.) Judase Isekariota, (yo e leng ene yo o mo okileng).
17 James son of Zebedee, and John his brother, whom he named Boanerges, meaning Sons of Thunder; Not in this edition
18 Andrew, Philip, Bartholomew, Matthew, Thomas, James son of Alphaeus, Thaddaeus, Simon the Zealot, Not in this edition
19 and Judas Iscariot, who betrayed him. Not in this edition
20 He went home; the crowd gathered again, so he and his disciples couldn't even eat. Mme e rile a boela kwa ntlung e o neng a nna mo go yone, boidiidi jwa batho jwa simolola go phuthega gape, mme ya re ka bofefo ntlo ya tlala baeng ba le bantsi mo o neng a tlhoka le yone nako ya go ja.
21 When his family heard, they went out to restrain him, for they said, "He's out of his mind." Erile fa ditsala tsa gagwe di utlwa se se neng se diragala tsa tla go leka go mo tsaya tsa mo isa kwa di nnang teng. “Tsa re, O tlhakanye tlhogo.”
22 The scribes who came down from Jerusalem said, "He has Beelzebul," and, "By the prince of demons he drives out demons." Mme baruti ba tumelo ya Sejuta ba ba neng ba tsile ba tswa Jerusalema ba re, “Molato wa gagwe ke gore o tsenwe ke Satane kgosi ya Mewa e e maswe. Ke ka moo mewa e e maswe e mo reetsang.”
23 So Jesus called them to him and spoke in parables: "How can Satan drive out Satan? Hong Jesu a bitsa banna ba, mme a ba botsa (A dirisa diane tse botlhe ba neng ba di tlhaloganya), a re, “Satane o ka kgoromeletsa Satane ntle jang?
24 If a kingdom is divided against itself, that kingdom cannot stand. Bogosi jo bo ikgaogantseng ka bo jone bo tlaa swa.
25 And if a house is divided against itself, that house will not be able to stand. Lolwapa lo lo tletseng dikgogakgogano le dikgaogano lo inyeletsa ka bo lone.
26 And if Satan opposes himself and is divided, he cannot stand; his end has come. Mme fa Satane a itwantsha, o ka dira eng? Ga a kitla a ema.
27 No one can enter a strong man's house and take his goods without first tying up the strong man—then he can plunder the house. [Satane o tshwanetse go golegwa pele ga mewa e e maswe e kgoromelediwa ntle]. Fela jaaka monna yo o nonofileng a tshwanetse go golegwa pele ga ntlo ya gagwe e ka thujwa a ba a gapelwa dilwana.
28 Truly I tell you, all sins and insults against God will be forgiven children of mankind, whatever they say, “Mme ke lo tlhomamisetsa gore boleo bongwe le bongwe jwa motho bo ka itshwarelwa, le e leng go ntlhapatsa tota.
29 but whoever blasphemes against the Holy Spirit never has forgiveness; they are guilty of an eternal sin," Mme go tlhapatsa Mowa o o Boitshepo ga go kake ga itshwarelwa, ke sebe sa bosakhutleng.”
30 for they were saying, "He has an unclean spirit." O ne a ba raya jalo ka ntlha ya gore ba ne ba re o dira dikgakgamatso ka nonofo ya ga Satane. (Mo boemong jwa gore ba dumele gore e ne e le ka nonofo ya Mowa o o Boitshepo).
31 His mother and brothers arrived and, standing outside, sent to him, calling him. Hong mmaagwe le bomonnawe ba tla mo ntlung e bontsi jwa batho bo neng bo kgobokanetse mo go yone, fa a neng a rutela teng, ba romela mongwe gore a ba mmiletse. Ba mo raya ba re, “Mmago le bomonnao ba kwa ntle ba batla go go bona.”
32 A crowd sat around him and said to him, "Look, your mother and your brothers are outside, asking for you." Not in this edition
33 He answered them, "Who are my mother and my brothers?" Hong Jesu a araba a re, “Mme ke mang? Bonnake ke bo mang?”
34 Looking around at those sitting in a circle around him, he said, "Here are my mother and my brothers! A leba ba ba mo dikologileng a re, “Mme le bonnake ke ba!
35 Whoever does the will of our Father is my brother and sister and mother." Mongwe le mongwe yo o dirang go rata ga Modimo ke nnake, ke kgaitsadiake, ke mme.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]