Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Luke 14 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 One Sabbath, when he went to eat in the house of one of the leaders of the Pharisees, they were watching him closely. Mme ka Sabata nngwe ya re a le mo lwapeng lwa leloko lengwe la Lekgotla la Sejuta, Bafarasai ba bo ba mo lebeletse thata jaaka bophakalane go bona gore a o tlaa fodisa monna yo o neng a le foo a lwala go tlala metsi mo ditokololong.
2 And there in front of him was a man whose body was swollen with fluid. Not in this edition
3 Jesus said to the experts in the law and the Pharisees, "Is it lawful to heal on the Sabbath, or not?" Mme Jesu a raya Bafarasai le bomaitseanape ba ba neng ba le foo a re, “A go kafa molaong go fodisa motho ka letsatsi la Sabata, kgotsa nnyaa?”
4 But they stayed silent. So he took hold of the man, healed him, and sent him on his way. Mme ya re ba gana go mo araba, Jesu a tshwara monna yo o lwalang ka letsogo a mo fodisa a mo rebola go tsamaya.
5 Then he said to them, "If one of you has a son or an ox that falls into a well on the Sabbath day, will you not immediately pull him out?" Hong a retologela kwa go bone: A botsa a re, “Ke ofe wa lona yo o sa direng ka letsatsi la Sabata? Fa kgomo ya gago e wela mo sedibeng, a ga o ka ke wa tswelela pele go e ntsha ka bonako?”
6 And they had no answer to give to this. Gape ba tlhoka karabo.
7 When he noticed how the guests chose the places of honor, he told them a parable: Mme erile fa a lemoga fa batho botlhe ba ba tsileng dijong ba leka go nna gaufi le lomati lwa bojelo, a ba gakolola a re:
8 "When someone invites you to a wedding feast, do not take the place of honor, because a more distinguished guest than you may have been invited. “Fa lo laleditswe modiro wa nyalo, lo se ka lwa aga lo lwela go nna kwa mannong a a botoka. Gonne fa mongwe yo o tlotlegang thata go lo gaisa a goroga,
9 Then the one who invited you both will come and say to you, 'Give this person your place,' and in disgrace you will have to take the lowest place. ene yo o laleditseng o tlaa mo lere fa o ntseng gone mme a re, ‘A monna yoo a nne fa mo boemong jwa gago’. Mme wena, ka ditlhong o tlaa tshwanelwa ke go nna mo setilong se se setseng kwa morago ga lomati lwa bojelo!
10 But when you are invited, go and take the lowest place, so that when your host comes he will say to you, 'Friend, move up higher.' Then you will be honored in front of all who are at the table with you. “Jaanong dira se mo boemong jwa seo, simolola kwa morago; mme fa yo o go laleditseng a go bona, o tlaa tla a go raya a re, ‘Tsala, re go bonetse bonno jo bo botoka go na le jo! Hong o tlaa tlotlega fa pele ga balalediwa ba bangwe botlhe!
11 For all who exalt themselves will be humbled, and those who humble themselves will be exalted." Gonne mongwe le mongwe yo o lekang go itlotla o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ikokobetsang o tlaa tlotlwa.’ ”
12 Then he said to the man who had invited him, "When you give a lunch or a dinner, do not invite your friends or your brothers or your relatives or your rich neighbors. If you do, they may invite you back, and you would be repaid. Hong a retologela kwa go yo o mo laleditseng a re, “E re fa o dira dijo, o se ka wa laletsa ditsala, bomorwarrago, bagaeno, le bahumi! Gonne le bone ba tlaa go laletsa.
13 But when you give a banquet, invite the poor, the crippled, the lame, the blind, Mme mo boemong jwa mo, o laletse bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu.
14 and you will be blessed. Since they have no way to repay you, you will be repaid at the resurrection of the righteous." Hong e tlaa re ka tsogo ya basiami, Modimo o tlaa go duelela go laletsa ba ba se ka keng ba go laletsa.”
15 When one of those at the table with him heard this, he said to him, "Blessed is the one who will eat at the feast in the kingdom of our Father!" Erile monna mongwe yo o neng a ntse fa lomating lwa bojelo le Jesu a utlwa dilo tse a goa a re, “Go tlaa nna boitumelo jo bo kae go tsena mo Bogosing jwa Modimo!”
16 Jesus replied, "A certain man was giving a great banquet, and he invited many guests. Mme Jesu a fetola ka setshwantsho se: “Monna mongwe o kile a baakanya modiro o mogolo mme a dira ditaletso tse dintsi.
17 "When the time came for the banquet, he sent his servant to tell those who had been invited, 'Come, for everything is now ready.' Erile fa gotlhe go siame, a roma motlhanka wa gagwe go itsise balalediwa gore ke nako ya gore ba tle.
18 But one after another they all began to make excuses. The first said to him, 'I have bought a field, and I must go and see it. Please excuse me.' Mme botlhe ba simolola go dira diipato. Mongwe a re, ke gone fela o neng a reka tshimo mme o batla go ya go e bona, mme a kopa go itshwarelwa.
19 Another said, 'I have bought five pairs of oxen, and I am on my way to try them out. Please excuse me.' Yo mongwe a re ke gone fela a neng a reka sepane sa dipholo tse some mme o batla go di lekeletsa.
20 And another said, 'I have just married a wife, and so I cannot come.'" Yo mongwe e ne e le gone fela a neng a nyala, ka lebaka leo ga aa ka a tla.
21 So the servant came back and reported this to his master. Then the master of the house became angry and said to his servant, 'Go out quickly into the streets and alleys of the town, and bring in the poor, the crippled, the blind, and the lame.' “Motlhanka a boa a ya go bolelela mong wa gagwe se ba se buileng. Mong wa gagwe a gakatsega thata mme a mo raya a re, itlhaganelele mo mebileng le mo dikgorong tsa motse o laletse bakopi, digole, batlhotsi le difofu.
22 "'Master,' the servant said, 'what you ordered has been done, and still there is room.' Mme ga bo go santse go na le phatlha.
23 Then the master told the servant, 'Go out to the roads and country lanes and compel them to come in, so that my house will be full. “Mong wa gagwe a re, ‘Go siame, jaanong tswela mo diferwaneng tsa motse le mo morago ga dikgoro o kope mongwe le mongwe yo o mmonang go tla, gore ntlo e tle e tlale.
24 For I tell you, not one of those who were invited will taste my banquet.'" Gonne ga go ope mo go ba ke ba laleditseng pele yo o tlaa itatswang mo go se ke se ba baakanyeditseng.’ ”
25 Large crowds were traveling with him, and turning to them he said, Mme batho ba bantsi ba ne ba mo setse morago. Hong a retologa a ba raya a re,
26 "If anyone comes to me and does not hate his own father and mother and wife and children and brothers and sisters—yes, even his own life—he cannot be my disciple. “Fa mongwe a batla go nna molatedi wa me o tshwanetse go nthata bogolo go gaisa rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, bomonnawe kgotsa bokgaitsadie-ee, go gaisa le jone tota botshelo jwa gagwe, kwa ntle ga moo ga a ka ke a nna morutwa wa me.
27 Whoever does not carry his own cross and follow me cannot be my disciple. Ebile ga go na ope yo o ka nnang morutwa wa me fa a sa sikare mokgoro wa gagwe a ntshala morago.
28 Suppose one of you wants to build a tower. Will he not first sit down and count the cost, to see whether he has enough to finish it? “Mme lo se ka lwa simolola go fitlhelela lo bala tlhwatlhwa. Gonne e mang yo o ka simololang kago, kwa ntle ga go bona pele tekanyo le go bona gore a o na le madi a a lekanyeng go duela melato.
29 Otherwise, if he lays the foundation and is not able to finish, everyone who sees it will begin to ridicule him, E seng jalo, o ka kgona go fetsa motheo pele ga a tlhaelelwa ke madi. Mme ka ntlha ya moo mongwe le mongwe o ka mo tshega jang!
30 saying, 'This person began to build and was not able to finish.' “Mme ba tlaa mo sotla ba re, ‘A lo bona motho yo o fa yole? O simolotse kago ele mme o tlhaeletswe ke madi pele ga a e fetsa!’
31 Or suppose a king is about to go to war against another king. Will he not first sit down and consider whether he is able with 10,000 men to face the one coming against him with 20,000? “Kgotsa ke efe kgosi e e ka lorang go ya ntweng pele ga e nna fa fatshe le bagakolodi ba yone ba buisanya gore a masole a selekanyo sa dikete tse di lesome a itekanetse go ka fenya a a dikete tse di masome a mabedi a a kgatlhanong nae?
32 And if he cannot, he will send a delegation while the other is still far off and ask for terms of peace. Mme fa mogopolo o sa kgonege, e re fa masole a mmaba a sa le kgakala, e rome batsereganyi go buisanya ka mafoko a kagiso.
33 In the same way, any one of you who does not give up everything he has cannot be my disciple. Jalo ga go na ope yo o ka nnang morutwa wa me fa a sa nna fa fatshe pele ga a bala masego a gagwe, mme a a latlhela otlhe mo go nna.
34 "Salt is good, but if it loses its saltiness, how can it be made salty again? Tshiamo ya letswai ke eng fa le latlhegetswe ke molodi?
35 Fit for neither soil nor manure pile, it's thrown out. Whoever has ears to hear, let them hear." Letswai le le senang molodi ga le na tiro le fa e le go nna monontshane. Ga le na tiro mme le tshwanetse go latlhelwa kwa ntle. Reetsang sentle, fa lo batla go tlhaloganya phuthololo ya me.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]