Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Luke 13 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Just then some people told him about Galileans whose blood Pilate mixed with their sacrifices. Mme ya re ka lone lobaka lo a itsisiwe fa Pilatwe a bolaile Bajuta bangwe ba ba neng ba tswa kwa Galalea fa ba ntsha ditlhabelo kwa Tempeleng mo Jerusalema.
2 He replied, "Do you think these Galileans were worse sinners than all other Galileans because they suffered these things? Mme a ba botsa a re, “A lo akanya gore e ne e le baleofi ba bagolo go feta batho botlhe ba ba tswang Galalea? A ke gone ka fa ba sotlegileng ka gone?
3 No, I tell you; but unless you repent, you will all perish as well. Ga go a nna jalo! A ga lo lemoge gore le lona lo tlaa nyelela fa lo sa tlogele ditsela tsa lona tse di bosula lwa sokologela mo Modimong?
4 Or those eighteen killed when the tower in Siloam fell on them—do you think they were more guilty than everyone else in Jerusalem? “Mme lwa reng kaga batho ba ba lesome le bofera-bobedi ba ba neng ba a swa fa kago e e godileng ya Siloama e ba wela. A e ne e le baleofi ba bagolo mo Jerusalema?
5 No, I tell you; but unless you repent, you will all perish in the same way." Ga go a nna jalo! Mme le lona lo tlaa nyelela fa lo sa ikwatlhae.”
6 Then he told this parable: "A man had a fig tree planted in his vineyard. He came looking for fruit on it and found none. Hong a dirisa setshwantsho se: “Monna mongwe o kile a tlhoma setlhare sa mofeige mo tshimong mme a tla gangwe le gape go tlhola gore a ga a ka ke a bona loungo lope mo go sone, mme o ne a aga a sa fitlhele sepe.
7 He told the gardener, 'Look, for three years I've come seeking fruit on this fig tree and found none. Cut it down—why let it drain the ground?' Mme ya re kwa bofelong a raya motlhokomedi wa tshimo ya gagwe a re a se reme. A mo raya a re, ‘Ke letile dingwaga di le tharo ga go ise nke go nne le fa e le feige e le nngwe! Ke eng fa o se ngongoregela? se tsere phatlha e re ka bong re e dirisetsa sengwe gape.’
8 But he replied, 'Sir, leave it this year too, until I dig around it and add manure. “Mme motlhokomedi wa tshimo a araba a re, ‘Se neye lobaka lo longwe gape. Se lese ngwaga e le nngwe, ke tlaa se tlhokomela ka go se tshela monontshane.
9 Then if it bears fruit next year, good; if not, you can cut it down.'" Fa re ka bona difeige ngwaga e e tlang go siame, mme fa go sa nne jalo ke tlaa se rema.’ ”
10 Now he was teaching in one of the synagogues on the Sabbath. Mme ka Sabata mongwe ya re a ruta mo senagogeng,
11 Just then, a woman weakened by a spirit for eighteen years was bent over, unable to straighten up at all. ga bo go na le sekoa sa mosadi yo o neng a obegile selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi mme a sa kgone go itlhamalatsa.
12 Seeing her, Jesus called her over and said, "Woman, you are freed from your disability." Mme Jesu a mmitsa a re, “Mosadi o fodisitswe mo bolwetseng jwa gago!”
13 He laid hands on her, and immediately she straightened up and glorified our Father. A mo ama mme a akofa a inamologa. Hong mosadi a leboga a ba a galaletsa Modimo!
14 But the synagogue leader, angry that Jesus had healed on the Sabbath, told the crowd, "There are six days for work. Come be healed on those days, not on the Sabbath." Mme motlhokomedi wa ntlo ya thuto ya Sejuta a gakala thata ka gonne Jesu o ne a fodisitse mosadi yoo ka letsatsi la Sabata. A goa a raya batho a re, “Go na le malatsi a le marataro mo bekeng a go dirwang ka one, ao ke one malatsi a go ka fodisiwang ka one eseng go le Sabata!”
15 The Lord answered him, "Hypocrites! Doesn't each of you untie your ox or donkey from its stall on the Sabbath and lead it out to water it? Mme Morena a mo fetola a re, “Moitimokanyi ke wena! O dira go le Sabata! A ga o ko o golola dikgomo tsa gago mo marakeng a tsone go le Sabata o di kgweeletsa kwa metsing.
16 Shouldn't this daughter of Abraham, bound by Satan for eighteen years, be freed from that bond on the Sabbath?" Jaanong a go phoso mo go nna, fela ka ntlha ya gore e re ka letsatsi la Sabata ke golole mosadi yo wa Mojuta mo bokgobeng jwa ga Satane selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi?”
17 As he said these things, all his opponents were humiliated, and all the crowd celebrated all the glorious things he was doing. Mo ga tlhabisa baba ba gagwe ditlhong. Mme batho botlhe ba itumelela tiro e ntle e o e dirileng.
18 He said therefore, "What is the kingdom of our Father like? What should I compare it to? Jaanong a simolola go ba ruta kaga Bogosi jwa Modimo; A ba botsa a re, “Bogosi jwa Modimo bo ka tshwantshiwa le eng? Ke ka bo tshwantsha le eng?
19 It's like a mustard seed a man took and planted in his garden, growing into a tree where the sky's birds nested in its branches." Bo tshwana le peo e nnye ya mosetara e e jetsweng mo tshimong; ya akofa ya gola ya tswa setlhare, mme dinonyane tsa nna mo gare ga dikala tsa sone.
20 And again he said, "What should I compare the kingdom of our Father to? Bo tshwana le sebediso se se dubetsweng mo boupeng, se se dirang se sa bonwe go fitlhelela boupe bo gogomoga bo bo bo nna motlhofo.”
21 It is like yeast a woman took and hid in three measures of flour until it all yeasted." Not in this edition
22 He went on his way through towns and villages, teaching and journeying toward Jerusalem. Hong a tsamaya metse le metsana, a ruta fa a ntse a tsamaela kwa Jerusalema.
23 Someone asked him, "Lord, are the saved few?" He said to them, Mongwe a mmotsa a re, “A go tlaa bolokwa ba se kae fela?” Mme a mo fetola a re,
24 "Struggle to enter through the narrow door—many, I tell you, will try to enter and fail. “Kgoro e e yang legodimong e tshesane. Lekang thata go tsena mo go yone, gonne boammaaruri ke gore ba le bantsi ba tlaa leka go tsena mme fa mong wa ntlo a setse a tswetse kgoro, nako e tlaa bo e setse e fetile. Mme e tlaa re fa lo eme kwa ntle lo kokota lo re, ‘Morena re bulele,’ o tlaa fetola a re, ‘Ga ke lo itse’. Hong lo tlaa re,
25 Once the homeowner rises and shuts the door, you'll stand outside knocking, saying, 'Lord, open for us.' He'll answer, 'I don't know where you're from.' Not in this edition
26 Then you'll begin to say, 'We ate and drank before you; you taught in our streets.' “Mme re jele le wena ebile o rutile mo mebileng ya rona.”
27 But he'll say, 'I tell you, I don't know where you're from. Get away from me, all you who do evil!' “Mme o tlaa fetola a re, ‘Ke a lo bolelela, ga ke lo itse. Ga lo ka ke lwa tla fa lo le molato jaana. Tsamayang.’
28 There will be weeping and teeth grinding, when you see Abraham and Isaac and Jacob and all the prophets in the kingdom of our Father, while you yourselves are thrown out. “Mme go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno fa lo eme kwa ntle lo bona Aberahame, Isake le Jakobe le baporofiti botlhe mo Bogosing jwa Modimo,
29 People will come from east and west, from north and south, and sit down to eat in our Father's kingdom. gonne batho ba tlaa tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe go tla go tsaya manno a bone.
30 And indeed, some are last who will be first, and some are first who will be last." Mme tlhokomelang se: Ba ba nyatsegang gompieno ba tlaa tlotlwa thata, ba ba tseetsweng kwa godimo gompieno ba tlaa ngotlafadiwa.”
31 At that same hour some Pharisees came, telling him, "Get out, leave here—Herod wants to kill you." Mme ya re morago ga metsotso e se kae Bafarasai bangwe ba mo raya ba re, “Tloga fano fa o batla go tshela, gonne Kgosi Herode o go tsomile!”
32 And he said to them, "Go tell that fox: Look, I drive out demons and complete healings today and tomorrow, and on the third day I am finished. Jesu a ba fetola a re, “Tsamayang lo reye phokoje yoo lo re ke tlaa tswelela ke ntshetsa mewa e e maswe ntle, ke dira dikgakgamatso tsa phodiso gompieno le ka moso; mme ka letsatsi la boraro ke tlaa fitlha kwa ke yang teng.
33 Still, I must travel today, tomorrow, and the next day, since no prophet can die outside Jerusalem. Ee, gompieno, ka moso le ka letsatsi le le latelang! Gonne ga go ka ke ga direga gore moporofiti wa Modimo a bolawe ka kwa ntle ga Jerusalema!
34 Jerusalem, Jerusalem, killing the prophets, stoning those sent to her! How often I longed to gather your children as a hen gathers her brood under her wings—but you refused! “Jerusalema wee! Jerusalema! Motse o o bolayang baporofiti. Motse o o kgobotletsang ka maje ba ba rometsweng go o thusa. Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago jaaka koko e e sireletsang dikokwana tsa yone ka fa diphukeng, mme ga o aka wa ntetla.
35 Look, your house is left to you. I tell you: you won't see me until you say, 'Blessed is the one who comes in the name of our Father!'" Mme jaanong, ntlo ya gago e tlogetswe e le letlotla. Ga o kitla o mpona gape go fitlhelela o re, ‘A go bakwa yo o tlang mo leineng la Morena.’ ”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]