Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

John 13 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Now, before the Passover festival, Jesus knew his hour had come to leave this world to his Father. Having loved his own in the world, he loved them to the end. Jesu o ne a itse mo maitseboeng a tsatsi la Tlolaganyo gore ke bosigo jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng pele ga a boela kwa go Rraagwe. Erile go jewa dijo tsa maitseboa Diabolo a bo a setse a feditse mogopolo wa ga Judase Isekariota, morwa Simone, gore jo ke bosigo jwa gore a dirise leano la gagwe la go oka Jesu. Jesu o ne a itse gore Rara o mo neetse sengwe le sengwe le gore o ne a tswa kwa Modimong le gore o tlaa boela kwa Modimong. Le ka fa a neng a rata barutwa ba gagwe ka teng!
2 During supper, the devil had already put into Judas son of Simon Iscariot's heart the plan to betray Jesus. Not in this edition
3 Jesus, knowing that the Father had given everything into his hands, and that he had come from him and was returning to him, Not in this edition
4 rose from supper, took off his outer clothes, picked up a towel, and tied it around his waist. Mme a tswa fa lomating lwa bojelo, (tafole) a apola seaparo sa gagwe, a thathelela toulo (taole) mo lothekeng,
5 Then he poured water into a basin and began washing the disciples' feet, drying them with the towel tied around him. a tshela metsi mo mogotswaneng mme a simolola a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao a ba a di phimola ka taole e a neng a ithathile ka yone.
6 He came to Simon Peter, who said to him, "Lord, are you going to wash my feet?" Erile a tla fa go Simone Petere, Petere a mo raya a re, “Morena, ga o a tshwanela o ka bo o re tlhapisa dinao!”
7 Jesus answered him, "You do not realize now what I am doing, but later you will understand." Jesu a fetola a re, “Ka nako e ga o tlhaloganye se ke se dirang, mme o tlaa tlhaloganya ka letsatsi lengwe.”
8 "You will never wash my feet," Peter said. Jesus answered, "Unless I wash you, you share nothing with me." Petere a gana a re, “Nnyaa, ga o kitla o ntlhapisa dinao gope!” Mme Jesu a fetola a re, “Kana fa ke sa di tlhapise, ga o kake wa nna mopati wa me.”
9 Simon Peter said to him, "Lord, not only my feet, but also my hands and head!" Simone Petere a mo raya a re, “Mme tlhapisa diatla tsa me le tlhogo, e seng dinao fela!”
10 Jesus told him, "One who has bathed needs only to wash his feet—he is fully clean. You are clean, but not all of you." Jesu a fetola a re, “Yo o setseng a tlhapile mmele otlhe o tlhoka go tlhapisiwa dinao fela gore a nne phepa gotlhelele. Jaanong o phepa, mme ga go a nna jalo mo go mongwe le mongwe yo o fano.”
11 He knew who would betray him; that's why he said, "Not all of you are clean." Gonne Jesu o ne a itse gore o tlaa okwa ke mang. Ke sone se a neng a se raya fa a re, “Ga lo phepa lotlhe.”
12 After washing their feet and dressing, he reclined again and said to them, "Do you understand what I have done for you? Erile a sena go ba tlhapisa dinao, a apara seaparo sa gagwe gape mme a nna fa fatshe a botsa potso a re, “A lo tlhaloganya se ke neng ke se dira?
13 You call me Teacher and Lord, and rightly so, for that is what I am. Lo mpitsa ‘Moruti’ le ‘Morena’, mme lo dira sentle go bua jalo, gonne ke boammaaruri.
14 So if I, your Lord and Teacher, washed your feet, you too must wash each other's feet. Mme ka nna, Morena, le Moruti, ke lo tlhapisitse dinao, lo tshwanetse go tlhapisanya dinao fela jalo.
15 For I have given you an example, that you should do as I have done for you. Ke lo neile sekai se lo tshwanetseng go se sala morago: dirang jaaka ke lo diretse.
16 Truly, truly, I say to you, a servant isn't greater than his master, nor a messenger greater than his sender. Go boammaaruri thata jang gore motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe. Le fa e le morongwa ga a mogolo go motho yo o mo romang.
17 If you know these things, you are blessed if you do them. Lo itse dilo tse, jaanong di direng! Ke yone tsela ya matlhogonolo.
18 "I don't mean all of you—I know those I've chosen. But Scripture must be fulfilled: 'The one eating my bread has raised his heel against me.' “Ga ke lo reye lotlhe; ke itse mongwe le mongwe wa lona yo ke mo tlhophileng sentle. Lokwalo lo bua jaana lwa re, ‘Ene yo o jang dijo le nna o tlaa nkoka’ mme se ke se buang se tlaa tloga se diragala.
19 I tell you now, before it happens, so you'll believe, once it happens, that I AM. Mme ke lo bolelela selo se jaanong jaana gore e re fa se diragala, lo dumele mo go nna.
20 Truly, truly, I tell you, whoever welcomes someone I send welcomes me, and whoever welcomes me welcomes the one who sent me." “Ammaaruri, le fa e le mang yo o amogelang Morongwa wame, yo ke tlaa mo romang, o amogela nna. Mme go nkamogela ke go amogela Rara yo o nthomileng.”
21 After saying this, Jesus, troubled in spirit, testified, "Truly, truly, I tell you, one of you will betray me." Mme jaanong Jesu o ne a huduegile thata mo moeng mme a re, “Ee, go boammaaruri, mongwe wa lona o tlaa nkoka.”
22 The disciples looked at one another, at a loss to know which of them he meant. Barutwa ba lebana, ba hakgamala gore o ka ne a raya mang.
23 One of his disciples, the one Jesus loved, was reclining at his side. E re ka ke ne ke ntse go bapa le Jesu fa lomating lwa bojelo (tafole) ke le tsala ya gagwe e tona thata,
24 So Simon Peter motioned to him to ask which one Jesus meant. Simone Petere a tla kwa go nna go mpotsa gore ke mang yo o tlaa dirang tiro e e setlhogo eo ya go mo oka.
25 Leaning back against Jesus, he asked him, "Lord, who is it?" Mme ka retologa ka mmotsa ka re, “Morena, ke mang?”
26 Jesus answered, "It's the one I'll give this bread to, once I've dipped it." Then he dipped the bread and gave it to Judas, son of Simon Iscariot. A mphetola a re, “Ke yo ke mo tlotlang ka go mo neela senkgwe se innwe mo morong.” Mme erile a sena go se ina, a se inola a se neela Judase, morwa Isekariota.
27 After Judas took the bread, Satan entered into him. So Jesus told him, "Do quickly what you're doing." Mme ya re Judase a sena go se ja, Satane a tsena mo go ene. Mme Jesu a mo raya a re, “Itlhaganele, dira se o se ikaeletseng jaanong jaana.”
28 But no one reclining at the table understood why he said this to him. Go ne go sena le fa e le ope wa ba ba fa lomating lwa bojelo yo o neng a itse se Jesu o se rayang.
29 Since Judas held the money bag, some thought Jesus meant, 'Buy what we need for the feast,' or, 'Give something to the poor.' Bangwe ba gopola gore ka Judase e ne e le mmei wa madi a bone Jesu o ne a mmolelela gore a ye go duelela dijo kgotsa a ye go abela bahumanegi madi mangwe.
30 As soon as Judas had taken the bread, he went out. And it was night. Judase a nanoga ka bofefo, a ralala lefifi.
31 After Judas left, Jesus said, "Now the Son of Man is glorified, and my Father is glorified in him. Erile fela Judase a tswa mo tlung, Jesu a re, “Lobaka lwa me lo gorogile; kgalalelo ya Modimo e tlaa tloga e ntikaganyetsa, mme Modimo o tlaa amogela kgalaletso e tona ka ntlha ya gotlhe mo go ntiragalelang.
32 If my Father is glorified in him, my Father will also glorify the Son in himself and glorify him immediately. Mme Modimo o tlaa nnaya kgalalelo ya one, fela jaanong jaana.
33 Dear children, I'm with you a little longer. You'll look for me, and as I told the Jewish leaders, so I tell you now: where I'm going, you can't come. Bana ba ba rategang, kana nako e khutshwane jang pele ga gore ke tsamaye ke lo tlogele! Mme, le fa lo ka ntshenka ga lo ka ke lwa tla kwa go nna, fela jaaka ke boleletse baeteledipele ba Sejuta.
34 I give you a new command: love one another. As I have loved you, so you must love one another. “Jaanong ke lo naya taolo e ncha ka re, ‘Ratanang fela jaaka ke lo ratile.’
35 By this everyone will know that you are my disciples, if you love one another." Go ratana ga lona mo go kitlaneng go tlaa supegetsa lefatshe gore lo barutwa ba me.”
36 Simon Peter said to him, "Lord, where are you going?" Jesus answered, "Where I'm going you can't follow me now, but you'll follow later." Simone Petere a re, “Morena o ya kae?” Mme Jesu a fetola a re, “Ga o ka ke wa tsamaya le nna jaanong jaana; mme e tlaa re morago, o ntatele.”
37 Peter asked, "Lord, why can't I follow you now? I'll lay down my life for you." Mme Simone Petere a mmotsa a re, “Mme ke kganelwa ke eng go tla jaanong jaana gonne ke ipaakanyeditse go go swela?”
38 Jesus replied, "You will lay down your life for me? Truly, truly, I tell you: the rooster won't crow until you have denied me three times." Jesu a araba a re, “O ntshwela? Nnyaa e tlaa re pele ga mokoko o lela gararo ka moso o tlaa bo o intatotse o re ga o nkitse.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]