Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

John 11 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 A man named Lazarus was sick, from Bethany, the village of Mary and her sister Martha. Mme jaana ga bo go le monna mongwe yo o neng a bidiwa Lasaro yo o neng a lwala. O ne a tswa Bethania motse wa ga gabo Marea Le Maratha mogolowe. Marea Kgaitsadia Lasaro, ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo a ba a se phimola mo dinaong tsa gagwe ka moriri.
2 Mary—whose brother Lazarus was sick—anointed the Lord with fragrant oil and dried his feet with her hair. Not in this edition
3 So the sisters sent word to him, saying, "Lord, the one you love is sick." Mme bokgaitsadie ba babedi ba romela molaetsa kwa go Jesu ba mo raya ba re, “Morena, tsala ya gago e e molemo e lwala thata thata.”
4 Hearing this, Jesus said, "This sickness won't end in death, but is for the glory of our Father, so the Son of our Father may be glorified through it." Mme erile fa Jesu a utlwa ka ga moo, a re, “Maikaelelo a bolwetse jwa gagwe ga se loso, mme ke maikaelelo a gore Modimo o tlo o galalediwe. Nna, Morwa Modimo, Ke tlaa galalediwa ka ga jone bolwetse jo.”
5 Now Jesus loved Martha and her sister and Lazarus. Lefa Jesu a ne a rata Maratha le Marea le Lasaro thata,
6 So when he heard Lazarus was sick, he stayed two more days where he was. o ne a nna fela kwa a neng a le teng malatsi a mabedi a a latelang a sa ye kwa go bone fa a sena go bolelelwa.
7 Then after this he said to the disciples, "Let us go back to Judea." Lwa bofelo morago ga malatsi a mabedi, a raya barutwa ba gagwe a re, “A re yeng kwa Judea.”
8 The disciples said to him, "Rabbi, the Jews just now tried to stone you, and you're going back there?" Mme barutwa ba gagwe ba gana ba re, “Morena, malatsinyana fela a a fetileng a se kae, baeteledipele ba Sejuta mo Judea ba ne ba leka go go bolaya. A o yo teng gape?”
9 Jesus answered, "Aren't there twelve hours in the day? Anyone who walks by day won't stumble - he sees the light of this world. Jesu a fetola a re, “Motshegare mongwe le mongwe o na le dioura di le lesome le bodedi, mme mo oureng nngwe le nngwe ya one motho o ka tsamaya a babalesegile a sa kgotswe.
10 But if anyone walks at night, he stumbles, because the light is not in him." Bosigo fela ke gone go nang le diphatsa tsa go kgotswa, ka ntlha ya lefifi.”
11 After this, he told them, "Our friend Lazarus has fallen asleep, but I'm going to wake him." Mme a bua a re, “Tsala ya rona Lasaro o robetse, mme jaanong ke ya go mo tsosa!”
12 So the disciples said to him, "Lord, if he has fallen asleep, he will get better." Erile ka barutwa ba ne ba gopola gore Jesu o raya gore Lasaro o robetse boroko fela jwa bosigo, ba re, “Moo go raya gore o nna botoka!” Mme Jesu o ne a raya gore Lasaro o sule.
13 Now Jesus had been speaking about his death, but they thought he meant natural sleep. Not in this edition
14 So then Jesus told them plainly, "Lazarus has died, Mme a ba bolelela sentle a re, “Lasaro o sule.
15 I'm glad for your sake I wasn't there, so you'll believe. But let's go to him." Mme ka ntlha ya lona, Ke a itumela, ka ke ne ke se fa go ene, mme mo go tlaa lo naya sebaka sa go dumela mo go nna. A re yeng kwa go ene.”
16 So Thomas, called the Twin, told the other disciples, "Let's go too, and die with him." Thomase yo o bidiwang “Lewelana” a raya barutwa ba bangwe ka ene a re, “A re tsamaeng le rona re ye go swa nae.”
17 So when Jesus arrived, he found that Lazarus had already been in the tomb four days. Mme ya re ba goroga kwa Bethania, ba bolelelwa gore Lasaro o setse a le mo phupung malatsi a le mane.
18 Bethany was near Jerusalem, about two miles away, Bethania o ne a le dimmaele di se kae fela ka tsela e e tswang Jerusalema,
19 and many of the Jews had come to Martha and Mary to console them about their brother. mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba tsile Maratha le Marea matshidiso.
20 When Martha heard Jesus was coming, she went to meet him; Mary stayed sitting in the house. Erile fa Maratha a utlwa gore Jesu o e tla, a ya go mo kgatlhantsha, mme Marea ene a sala mo lwapeng.
21 Martha said to Jesus, "Lord, if you had been here, my brother would not have died. Maratha a raya Jesu a re, “Morena, fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa.
22 But even now I know that whatever you ask of our Father, he will give you." Mme le jaanong ga go ise go fete nako e telele thata, gonne ke itse gore Modimo o tlaa lere kgaitsadiake mo botshelong gape, fa o ka mo kopa gore a dire jalo.”
23 Jesus said to her, "Your brother will rise again." Jesu a mo raya a re, “Kgaitsadio o tlaa rula.”
24 Martha said to him, "I know he'll rise again in the resurrection on the last day." Maratha a re, “Ee, fa mongwe le mongwe a rula mo Letsatsing la Tsogo.”
25 Jesus told her, "I am the resurrection and the life. Whoever believes in me will live, even though he dies, Mme Jesu a mo raya a re, “Ke nna yo ke tsosang baswi ke bo ke ba naya botshelo gape. Le fa e le mang yo o dumelang mo go nna, le mororo a a swa jaaka mongwe le mongwe, o tlaa tshela gape.
26 and everyone who lives and believes in me will never die. Do you believe this?" O neelwa botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya go dumela mo go nna mme ga a kitla a nyelela, A o dumela se Maratha?”
27 She said to him, "Yes, Lord; I believe you are the Christ, the Son of our Father, the one coming into the world." Mme Maratha a re, “Ee, Morena, ke dumela gore o Mesia, Morwa Modimo, ene tota yo re sa bolong go mo letela.”
28 After saying this, she went and called her sister Mary privately: "The Teacher is here—he's calling for you." Mme a mo tlogela a boela kwa go Marea, mme a feta a mmiletsa kwa thoko ga ba ba tsileng ma-tshidiso, a mo raya a re, “Jesu o fano o batla go go bona.”
29 When Mary heard this, she rose quickly and went to him. Mme Marea a itlhaganelela kwa go ene.
30 Jesus had not yet entered the village; he was still where Martha met him. Ka nako eo Jesu o ne a ntse ka kwa ntle ga motse, kwa lefelong le Maratha a neng a rakana le ene teng.
31 The Jews with her in the house, comforting her, saw Mary rise quickly and leave; they followed, thinking she was going to the tomb to weep there. Fa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba le mo tlung ba leka go gomotsa Marea ba bona a nanoga ka bofefo, ba ne ba gopola gore o ya kwa phupung ya ga Lasaro go lela; jalo ba mo sala morago.
32 Mary came to Jesus, saw him, fell at his feet, and said, "Lord, if you had been here, my brother would not have died." Erile fa Marea a goroga kwa Jesu a leng teng, a wela ka mangole fa pele ga dinao tsa gagwe a mo raya a re, “Morena, fa o ne o le fano, kgaitsadiake o ka bo a sa ntse a tshela.”
33 When Jesus saw her weeping, and the Jews who came with her also weeping, he groaned in spirit and was troubled. Erile fa Jesu a mmona a lela, le baeteledipele ba Sejuta ba lela nae a hohomoga mo moweng a huduega.
34 And he said, "Where have you laid him?" They said to him, "Lord, come and see." Mme a ba botsa a re, “O fitlhilwe kae?”, “Tla o bone.”
35 Jesus wept. Jesu a lela.
36 So the Jews said, "See how he loved him!" Mme baeteledipele ba Sejuta ba re, “Ba ne ba le ditsala tse di ratanang thata. Bonang gore o ne a mo rata jang.”
37 But some of them said, "Could this man who opened the blind man's eyes not have kept him from dying?" Mme bangwe ba re, “Motho yo o foufolotse monna wa sefofu, ke eng a ne a sa dire gore Lasaro a seka a swa?” Mme gape Jesu a hohomoga mo moweng. Mme ba tla kwa lebitleng. Lebitla leo e ne e le logaga lo lo tswalwang ka lentswe le legolo thata.
38 So Jesus, again deeply moved in himself, came to the tomb—a cave with a stone against it. Not in this edition
39 Jesus said, "Take away the stone." Martha, the dead man's sister, said to him, "Lord, he must smell by now—he's been dead four days." Jesu a ba raya a re, “Pitikololelang lentswe kwa thoko.” Mme Maratha, kgaitsadia moswi, a re, “Ka nako eno monkgo wa gagwe o tlaa nna maswe thata, gonne o na le malatsi a le mane a sule.”
40 Jesus said to her, "Didn't I tell you: if you believe you'll see our Father's glory?" Jesu a mmotsa a re, “A mme ga ke a go raya ka re o tlaa bona kgakgamatso e e tswang Modimong fa o dumela?”
41 So they removed the stone. Jesus looked up and said, "Father, I thank you that you heard me. Mme ba pitikololela lentswe fa thoko. Jesu a leba kwa legodimong mme a re, “Rara, ke lebogela go nkutlwa ga gago.
42 I knew you always hear me, but I said this for the crowd standing here, so they may believe you sent me." (O nkutlwa ka gale, ee, mme ke ipoeleditse ka ntlha ya batho ba botlhe ba ba emeng fano, gore ba tle ba dumele fa o nthomile).”
43 When he had said this, he cried out with a loud voice, "Lazarus, come out!" Mme a goa a re, “Lasaro, tswela kwa ntle!”
44 The dead man came out, feet and hands bound with strips of linen, and his face wrapped in cloth. Jesus said to them, "Untie him; let him go." Mme Lasaro a tswa a fapilwe ka matsela a phitlho, sefatlhogo sa gagwe se fapilwe ka tuku. Jesu a ba raya a re, “Mmofololeng lo mo lese a tsamaye!”
45 So many of the Jews who came to Mary and saw what Jesus did believed in him. Mme jalo lwa bofelo fa baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba neng ba na le Marea ba bona tiragalo eo, ba dumela ene!
46 But some of them went to the Pharisees and told them what Jesus had done. Mme bangwe ba ya kwa Bafarasaing go ba bolelela ka ga gone.
47 So the chief priests and Pharisees convened the council and said, "What are we doing? For this man performs many signs. Mme ditlhogo tsa baperesiti tsa bitsa lekgotla go buisanya ka ga tiragalo e. Mme ba botsanya ba re, “Re dirang ka ga tiragalo e, gonne monna yo tota o dira dikgakgamatso?
48 If we leave him alone, everyone will believe in him, and the Romans will come and take away both our place and our nation." Fa re mo lesa fela, sechaba sotlhe se tlaa mo sala morago, mme masole a Roma a tlaa tla go re bolaya a bo a tsaya mmuso wa Sejuta.”
49 But one of them, Caiaphas, high priest that year, told them, "You know nothing at all. Mme mongwe wa bone ebong Kaeafase, yo a neng a le Moperesiti yo Mogolo mo ngwageng eo, a re, “Dieleele ke lona,
50 Don't you see it's better for you that one man die for the people than the whole nation perish?" tlogelang monna yo a swele batho botlhe, ke eng fa sechaba sotlhe se ka nyelela ka ntlha ya motho a le nosi?”
51 He didn't say this on his own; as high priest that year, he prophesied Jesus would die for the nation, Seporofeto se sa gore Jesu o tshwanetse go swela Sechaba sotlhe, se dule mo go Kaefase a le mo maemong a gagwe jaaka a ne a le Moperesiti yo mogolo, e ne e se ene a se ikakanyeditseng mme o ne a tlhotlhelediwa ke mowa go bua jalo.
52 not only for the nation, but also to gather into one the scattered children of our Father. E ne e le polelo pele gore loso lwa ga Jesu e tlaa bo e se lwa Iseraele fela, mme e tlaa bo e le lwa bana ba Modimo ba ba anameng mo lefatsheng lotlhe.
53 So from that day on they plotted to put him to death. Jalo go simolola nako eo baeteledipele ba Sejuta ba simolola go tsoma Jesu.
54 So Jesus no longer moved about openly among the Jews, but withdrew to a town called Ephraim near the wilderness, and stayed there with his disciples. Mme Jesu a khutlisa dithuto tsa gagwe mme a tswa mo Jerusalema, a ya kwa lotshitshing lwa sekaka, kwa motseng wa Eferaima; mme a nna teng le barutwa ba gagwe.
55 The Jews' Passover was near, and many went up from the country to Jerusalem before it to purify themselves. Tlolaganyo, e e leng letsatsi la Sejuta la boitapoloso, e ne e le gaufi, mme batho ba le bantsi ba ba tswang kwa dikgaolong ba goroga mo Jerusalema malatsinyana a sa le kwa pele gore ba tle ba tsene mo modirong wa bontlafatso pele ga Tlolaganyo e simolola.
56 So they looked for Jesus, asking each other as they stood in the temple, "What do you think? Surely he won't come to the feast?" Ba ne ba batla go bona Jesu, mme ka ba ne ba sebaseba mo Tempeleng, ba be ba botsanya ba re, “Lo akanya jang? A o tlaa tla kwa Tlolaganyong?”
57 The chief priests and Pharisees had ordered that anyone who knew his whereabouts must report it, so they could arrest him. Ka lone lobaka loo, ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai di ne di anamisitse phatlalatsa gore yo o tlaa bonang Jesu a ba bolelele gore ba tle ba mo tshware.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]