Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Philippians 1 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Paul and Timothy, servants of Christ Jesus, to all the holy ones in Christ Jesus at Philippi, with the overseers and deacons: Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo le Timotheo batlhanka ba ga Jesu Keresete. Ba kwalela: Badisa ba diputhego le batiakone le Bakeresete botlhe mo Filipi.
2 Grace to you and peace from our Father and the Lord Jesus Christ. A Modimo o lo segofatse lotlhe. Ee, ke rapela gore Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete a neye mongwe le mongwe wa lona masego a magolo a gagwe, le kagiso ya gagwe mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona.
3 I thank my Father every time I remember you, Go lo rapelela ga me gotlhe go tletse go baka Modimo!
4 always praying for all of you with joy in every prayer, Fa ke lo rapelela, pelo ya me e tlala boitumelo,
5 because of your partnership in the gospel from the first day until now. Ka ntlha ya thuso ya lona e ntle mo go itsiseng Mafoko a a Molemo kaga Keresete go tloga nako e lo neng lo a utlwa ka yone go fitlha gompieno.
6 I'm confident of this very thing: the one who began a good work in you will complete it until the day of Christ Jesus. Mme ke tlhomamisa gore Modimo o o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tlaa lo thusa go gola mo tshegofatsong ya one go fitlhelela tiro e kgolo mo go lona e fela ka letsatsi la fa Jesu Keresete a boa.
7 I'm right to feel this about you—I hold you in my heart, all of you sharing with me in grace, in my chains and in defending and confirming the gospel. Go ntshiametse jang go ikutlwa jaaka ke ikutlwa kaga lona, gonne lo na le bonno jo bo faphegileng mo pelong ya me. Re abelanye masego a Modimo rotlhe, fa ke le mo kgolegelong le fa ke dule, ke femela boammaaruri ebile ke bolelela ba bangwe kaga Keresete.
8 For our Father is my witness, how I long for you all with Christ Jesus's deep affection. Ke Modimo fela o o itseng boteng jwa lorato lwa me le go lo tlhwaafalela, ka lorato lwa ga Jesu Keresete.
9 This is my prayer: that your love overflow more and more, with knowledge and all discernment, Thapelo ya me ka lona ke gore lorato lwa lona lo oketsegele ba bangwe, lo bo lo gole mo kitsong ya semowa le mo temogong.
10 so you can discern what is best, staying pure and blameless until the day of Christ. Gonne ke batla gore ka nako tsotlhe lo bone sentle pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, le gore lo bo lo nne phepa ka fa teng, go se ope yo o ka lo nyatsang go tloga jaanong go fitlhelela Morena wa rona a tla.
11 Filled with the fruit of righteousness through Jesus Christ, to our Father's glory and praise. Tswelelang ka go dira tshiamo ka nako tsotlhe, dilo tse di molemo tse di supang gore lo bana ba Modimo gonne se se tlaa tlisa pako e kgolo le kgalalelo mo Moreneng.
12 I want you to know, brothers and sisters, that my circumstances have actually advanced the gospel, Mme ke rata gore lo itse se, bakaulengwe ba ba rategang: sengwe le sengwe se se ntiragaletseng kwano e ne e le botswelelo pele jo bogolo mo go boleleng Mafoko a a Molemo kaga Keresete.
13 so my chains for Christ became known to the whole imperial guard and everyone else. Gonne mongwe le mongwe kwano, le kwa masole otlhe a nnang teng ba itse gore ke mo dikgoleng fela ka ntlha ya gore ke Mokeresete.
14 Most of the brothers and sisters, made confident in the Lord by my chains, now dare more to speak the word fearlessly. Mme ka ntlha ya go tshwarwa ga me Bakeresete ba le bantsi kwano ba bonala ba tlogetse letshogo la bone la go tshwarwa! Ka tsela nngwe bobelotelele jwa me bo ba kgothaditse mme ba pelokgale thata mo go boleleleng ba bangwe kaga Keresete.
15 Some, it is true, preach Christ out of envy and rivalry, but others out of goodwill. Ba bangwe, ee, ba rera Mafoko a a Molemo ka ntlha ya gore ba fufegela tsela e Modimo o ntirisang ka yone. Ba batla go kaiwa e le bareri ba ba senang poifo! Mme ba bangwe ba na le maikaelelo a a phepa,
16 These act from love, knowing I'm assigned to defend the gospel. ba rera ka ntlha ya gore ba a nthata, gonne ba itse gore Modimo o ntlisitse kwano go ntirisa go femela boammaaruri mme bangwe ba rerela go ntira gore ke fufege, ba gopola gore go fenya ga bone go tlaa ntsifatsa bohutsana jwa me mo kgolegelong!
17 The others proclaim Christ out of selfish ambition, not sincerely, thinking to stir up trouble for me in my chains. Not in this edition
18 What then? Only that in every way—whether in pretense or truth—Christ is proclaimed, and I rejoice in this. Yes, I will keep rejoicing. Mme le fa maikaelelo a bone e ka ne e le eng, boammaaruri ke gore Mafoko a a Molemo kaga Keresete a a rerwa ebile ke a itumela.
19 For I know this will result in my rescue, through your prayers and the help of Jesus Christ's Spirit. Ke tlaa nna ke ntse ke itumela, gonne ke itse gore fa lo nthapelela, le Mowa O O Boitshepo o nthusa, mo gotlhe go tlaa fetoga polokego ya me.
20 My eager expectation and hope: I will never be ashamed, but with full courage, now as always, Christ will be praised in my body, whether by life or by death. Gonne ke tshela mo tebelelong ya tlhwaafalo le tsholofelo ya gore ga ke kitla ke dira sepe se se tlaa dirang gore ke itlhabelwe ke ditlhong mme ke tlaa nna ke ipaakanyeditse go bua kaga Keresete ka bopelokgale fa ke santse ke tsweletse mo ditekong tse kwano; fela jaaka ke ne ke ntse mo lobakeng lo lo fetileng; mme ke tlaa aga ke tlotlega mo go Keresete, e ka ne e le ka botshelo kgotsa ka loso.
21 For to me, to live is Christ, and to die is gain. Gonne mo go nna, go tshela go raya dipako tsa ga Keresete, mme go swa, go siame bogolo!
22 If I am to go on living in the body, this will mean fruitful work for me. Yet I don't know which to choose. Mme fa go tshela go ka nnaya lobaka lo lo ntsi go gapela batho mo go Keresete, foo, tota ga ke itse gore go botoka eng, go tshela kgotsa go swa!
23 Torn between the two, I want to leave and be with Christ—far better, Ka dinako tse dingwe ke batla go tshela mme ka dinako tse dingwe ga ke batle, gonne ke tlhwaafalela go ya go nna le Keresete. Go ka nna boitumelo jang mo go nna go na le go nna kwano!
24 but to remain in the body is more necessary for your sake. Mme boammaaruri ke gore ke ka nna le thuso thata mo go lona fa ke nna!
25 Convinced of this, I know I'll remain and stay with you all, for your progress and joy in the faith, Ee, ke santse ke tlhokega mo lefatsheng leno, mme jalo ke ikutlwa ke tlhomamisa gore ke tlaa nama ke le mo lefatsheng go se kae, go lo thusa go gola lo bo lo itumela mo tumelong ya lona.
26 so your boasting in Christ Jesus may overflow because of me, when I come to you again. Go nna kwano ga me go tlaa lo itumedisa go ba go lo naya mabaka a go galaletsa Keresete Jesu ka go mpabalela, fa ke lo etela gape.
27 Just live worthy of the gospel of Christ, so that whether I come and see you, or am absent, I hear you stand firm in one spirit, contending together with one mind for the gospel's faith, Mme le fa e le eng se se ka ntiragalelang, gakologelwang ka nako tsotlhe go tshela jaaka Bakeresete ba tshwanetse go tshela, gore, fa ke ka lo bona gape kgotsa ke se kake ka lo bona, ke tlaa nna ke utlwa dipego tse di siameng gore lo eme ka maikaelelo a le mangwe fela a a nonofileng, go bolela Mafoko a a Molemo,
28 and not scared of your opponents at all—proof to them of their destruction, but of your salvation, and that from our Father. lo sa boife sepe, go sa re sepe gore baba ba lona ba ka dirang. Ba tlaa bona se e leng sesupo sa gore ba fentswe, mme mo go lona e tlaa nna sesupo se se bonalang sentle se se tswang kwa Modimong gore o na le lona, le gore o lo neile botshelo jo bo sa khutleng ka ene.
29 For it has been graciously granted to you, for Christ's sake, not only to believe in him but also to suffer for him, Gonne lona lo neilwe tshwanelo e seng ya go mo ikanya fela mme e leng go mmogela.
30 going through the same struggle you saw me face, and now hear that I still face. Re mo ntweng e mmogo. Lo mponye ke mmogela mo lobakeng lo lo fetileng; mme le gompieno ke santse ke le fa gare ga ntwa e kgolo e e boitshegang, jaaka lo itse sentle.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]