Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 2 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 After Jesus was born in Bethlehem, Judea, in the days of King Herod, magi from the east arrived in Jerusalem, Jesu o na a tsalelwa mo motseng wa Bethelehema, mo Judea metlheng ya puso ya ga Kgosi Herode. E rile ka yone nako eo balepi ba dinaledi bangwe ba goroga mo Jerusalema ba tswa mafatshing a botlhabatsatsi, mme ba botsa ba re,
2 saying, "Where is the one born king of the Jews? For we saw his star in the east and have come to worship him." “E fa kae Kgosi e ncha e e tsetsweng ya Bajuda? Ka gore re bonye naledi ya gagwe mo mafatshing a a kgakala a botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela”.
3 When Herod the king heard this, he was troubled, and all Jerusalem with him. Kgosi Herode o ne a tshwenyega thata ka potso ya bone, le batho botlhe ba motse wa Jerusalema ba ne ba tlala khuduego.
4 He gathered all the people's chief priests and scribes, asking where the Christ was to be born. A bitsa phuthego ya baeteledipele ba tumelo ya Sejuda, a ba botsa a re, “A baporofiti ba kile ba re bolelela kwa Mesia o tsalelwang teng?”
5 They told him, "In Bethlehem of Judea, for this is what was written through the prophet: Mme ba mo araba ba re, “Ee, mo Bethelehema, ka gore mo ke mo moporofiti Mika o go kwadileng a re,
6 'Yet you, Bethlehem, in Judah's land, are certainly not the least among Judah's rulers; for from you a ruler will emerge who will shepherd Israel, my people.'" ‘Wena motsana wa Bethelehema, ga o legae la Juda le le nyatsegang, gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi yo o busang batho ba me ba Iseraele.’ ”
7 Then Herod secretly summoned the magi and learned from them the exact time the star had appeared. Hong Herode a romela molaetsa ka sephiri kwa baleping ba dinaledi, a ba kopa gore ba tle go mmona, e rile mo phuthegong e, a ba tlhotlhomisa go mmolelela nako tota e ba simolotseng go bona naledi ka yone. Mme a ba raya a re
8 He sent them to Bethlehem, saying, "Go, search carefully for the child. When you find him, come back and tell me, so that I too may go and worship him." “Tsamayang lo yeng kwa Bethelehema lo fete lo senke ngwana. E re lo sena go mmona lo boele kwano go nkitsise gore le nna ke tle ke ye go mo obamela.”
9 After hearing the king, they set out; the star they had seen in the east went ahead of them until it stopped over where the child was. E rile morago ga puisanyo e, balepi ba dinaledi ba simolola go tsamaya gape. Mme bonang! Naledi ya iponatsa gape mo go bone, e eme fa godimo ga Bethelehema.
10 When they saw the star, they rejoiced with overwhelming joy. Boitumelo jwa bone jwa nna bogolo thata!
11 Entering the house, they saw the child with Mary his mother, fell down and worshiped him. They opened their treasure boxes and gave him gifts: gold, frankincense, and myrrh. Ya re ba tsena mo tlung e ngwana le Marea mmaagwe ba mo go yone, ba wela ka mangole fa pele ga gagwe ba mo obamela. Ba bula dimpho tsa bone mme ba mo fa gauta, leswalo le le nkgang monate (la kobamelo) le setlolo se sengwe se se bidiwang mera.
12 Warned in a dream not to return to Herod, they went back to their own country by a different route. Mme e rile fa ba boela kwa ga bone, ba se ka ba ralala Jerusalema go itsise Herode, ka gore Modimo o ne o ba tlhagisitse mo torong go boela gae ka tsela e sele.
13 After they left, an angel of our Father appeared to Joseph in a dream: "Get up, take the child and his mother, flee to Egypt, and stay until I tell you—Herod is about to search for the child to kill him." E rile ba sena go tsamaya, moengele wa Modimo a bonala ka toro mo go Josefa. Mme a mo raya a re, “Tsoga o tshabele le ngwana le mmaagwe kwa Egepeto, o nne teng go fitlhelela ke go raya ke re o boe, ka gore Kgosi Herode o tsile go leka go bolaya ngwana.”
14 And he got up and took the child and his mother by night and left for Egypt, E rile mo bosigong joo a ya Egepeto le Marea le losea,
15 and stayed there until Herod died, fulfilling what our Father said through the prophet: "Out of Egypt I called my son." mme a nna teng koo go fitlhelela Kgosi Herode aa swa. Mo ga diragatsa polelelopele ya moporofiti e e reng, “ke biditse morwaake go tswa mo Egepeto.”
16 Then Herod, seeing the magi had outwitted him, grew furious and sent men to kill all boys two years old and under in Bethlehem and its whole region, matching the time he'd learned from the magi. Herode o na a tlala bogale fa a lemoga gore balepi ba dinaledi ga ba a dira ka fa a ba laetseng ka teng. Mme a roma masole kwa Bethelehema go bolaya ngwana mongwe le mongwe wa mosimane go simolola ka wa dingwaga tse pedi go ya kwa tlase mo motsing le mo tikologong yotlhe ka gore balepi ba dinaledi ba ne ba mmoleletse gore naledi e sale e bonala mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.
17 This fulfilled what was spoken through Jeremiah the prophet: Tiragalo e e setlhogo e ya ga Herode, ya diragatsa polelelopele ya ga Jeremia e e reng,
18 "A voice was heard in Ramah, weeping and loud mourning, Rachel weeping for her children; she refused to be comforted, because they are no more." “Selelo sa khutsafalo sa utlwala se tswa Rama, selelo sa khutsafalo e kgolo; ragele a lelela bana ba gagwe; a gana go gomodiwa ka gobo ba sule.”
19 But when Herod died, an angel of our Father appeared in a dream to Joseph in Egypt, E rile Herode a sena go swa, moengele wa Modimo a bonala ka toro kwa go Josefa mo Egepeto, mme a mo raya a re,
20 saying, "Get up, take the child and his mother, go to Israel's land, for those seeking the child's life are dead." “Tloga o tseye ngwana le mmaagwe o boele nabo kwa Iseraele, ka gore ba ba neng ba leka go bolaya ngwana ba sule.”
21 So he got up, took the child and his mother, and went to Israel's land. Mme ka bofefo a boela kwa Iseraele le Jesu le mmaagwe.
22 Hearing that Archelaus was ruling Judea in place of his father Herod, he was afraid to go there. Warned in a dream, he withdrew to the region of Galilee. Mme e rile mo tseleng a boifa fa a utlwa gore Kgosi e ncha ke Arekelao morwa Herode. Mme ya re ka toro e nngwe a tlhagisiwa gore a seka a ya Judea, jalo a ya Galalea;
23 He went and lived in a town called Nazareth, fulfilling the prophets' words: "He will be called a Nazarene." ba nna mo Nasaretha. Mo, ga diragatsa seporofeso sa baporofiti kaga Mesia se se reng, “O tlaa bidiwa Monasara”.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]