Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 17 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Six days later, Jesus took Peter, James, and John his brother, and led them up a high mountain alone. Mme erile morago ga malatsi a le marataro Jesu a tsaya Petere, Jakobe le Johane monnawe go tlhatlogela kwa setlhoweng sa thaba e e godileng e e kwa thoko.
2 He was transfigured before them: his face shone like the sun, his clothes turned white as light. Mme erile ba etse tlhoko, ponalo ya gagwe ya fetoga mo e leng gore sefatlhego sa gagwe se ne sa phatshima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa nna bosweu jo bo fatlhang.
3 Suddenly, Moses and Elijah appeared to them, talking with him. Ka tshoganetso ga bonala Moshe le Elija ba bua nae.
4 Peter said to Jesus, "Lord, it's good we're here. If you want, I'll build three shelters—one for you, one for Moses, and one for Elijah." Petere a bua ka tshoganetso a re, “Morena, go molemo gore re be re le fano. Fa o rata, ke tlaa aga metlaagana e le meraro o mongwe e le wa gago, o mongwe e nne wa ga Moshe, o mongwe e nne wa ga Elija.”
5 While he was still speaking, a bright cloud covered them, and a voice from the cloud said, "This is my beloved Son; I delight in him. Listen to him." Mme erile a sa bua jalo, leru le le sedifetseng la tla fa godimo ga bone, mme lentswe le le tswang mo lerung la re, “Yo ke morwaake yo o rategang, mme ke itumela thata mo go ene. Mo utlweng.”
6 When the disciples heard it, they fell on their faces and were terrified. Mo tiragalong e, barutwa ba wela fa fatshe ka difatlhogo ba tsenywe ke letshogo le legolo.
7 But Jesus came and touched them, "Rise, and do not be afraid." Jesu a tla kwa go bone a ba ama a ba raya a re, “Tsogang, se boifeng.”
8 When they looked up, they saw only Jesus. Mme ya re ba leba, ya bo e le Jesu fela yo o nang nabo.
9 Descending the mountain, Jesus ordered them, "Tell no one the vision until the Son of Man is raised from the dead." Mme ya re ba fologa thaba, a ba laya gore ba se ka ba itsise ope se ba se boneng go fitlhelela a tsoga mo baswing.
10 The disciples asked him, "Then why do the scribes say that Elijah must come first?" Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, “Ke eng fa baeteledipele ba Sejuda ba gatelela gore Elija o tshwanetse go boa pele ga Mesia a tla?”
11 He answered, "Elijah does come, and he will restore all things. Jesu a fetola a re, “Ba bua sentle. Elija o tshwanetse go tla go baya sengwe le sengwe ka fa thulaganyong.
12 But I tell you, Elijah has already come, and they didn't recognize him, but treated him as they pleased. So too the Son of Man is about to suffer at their hands." Mme legale o setse a tsile, mme ga a a ka a lemogwa, o na a sotlwa ke batho thata. Mme le Nna Morwa Motho ke tlaa sotlega mo diatleng tsa bone.”
13 Then the disciples understood that he was speaking to them about John the Baptist. Hong barutwa ba lemoga fa a bua kaga Johane wa Mokolobetsi.
14 And when they came to the crowd, a man came up to him, kneeling before him, Erile ba goroga kwa tlase ga thaba, bontsintsi jo bogolo jwa bo bo ba letile. Monna mongwe a tla a khubamela Jesu a re,
15 and saying, "Lord, have mercy on my son, for he has seizures and suffers terribly, often falling into fire, often into water. “Morena, utlwela morwaake botlhoko, ka gore o tlhakatlhakanye tlhaloganyo, re mo bothatengjo bogolo, ka gore o a tle a wele mo molelong kgotsa mo metsing.
16 And I brought him to your disciples, and they could not heal him." Jalo ke ne ka mo lere mo barutweng ba gago, mme ba retelelwa ke go mo fodisa.”
17 Jesus answered, "Unfaithful, twisted generation! How long must I remain with you, how long put up with you? Bring him here to me." Jesu a fetola a re, “Ao batho ke lona ba ba ditlhogo di thata ba ba senang tumelo! Ke tlaa nna le lona boleele bo le kae? Mo lereng kwano go nna.”
18 And Jesus rebuked the demon, and it came out of him, and the boy was healed instantly. Hong Jesu a kgalemela mowa o o maswe o o mo mosimaneng mme wa tswa mo go ene, mme go simolola ka lobaka loo mosimane a fola.
19 Then the disciples came to Jesus privately and said, "Why could we not cast it out?" Moragonyana barutwa ba botsa Jesu mo sephiring ba re, “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go kgoromeletsa mowa o o maswe kwa ntle?”
20 He said to them, "Because your faith is small. Truly I tell you: with faith like a mustard seed, you will tell this mountain, 'Move from here to there,' and it will move. Nothing will be impossible for you." Mme Jesu a ba raya a re, “Ke ka ntlha ya tumelo ya lona e potlana. Gonne fa lo no lo na le tumelo le fa e le e nnyennyane jaaka peo e tshesane ya mosetara lo no lo ka raya thaba e lwa re ‘Suta!’ mme e ne e tlaa sutela kgakala. Ga go na se se neng se ka retela.
21 Not in this edition Mme mofuta o wa mowa o o maswe ga o ka ke wa tsamaya fa e se fela lo rapetse lo ikiditse dijo.”
22 While gathering in Galilee, Jesus told them, "The Son of Man is about to be handed over to men, Letsatsi lengwe fa ba sale mo Galalea Jesu a ba raya a re, “Ke ya go okelwa mo nonofong ya ba ba tlaa mpolayang, mme e tla re ka letsatsi la boraro ke tlaa tsoga mo baswing.” Mme dipelo tsa barutwa tsa tlala khutsafalo le poifo.
23 they will kill him, and on the third day he will be raised." They were deeply grieved. Not in this edition
24 Arriving in Capernaum, the temple tax collectors approached Peter and asked, "Doesn't your teacher pay the temple tax?" Mo kgorogong ya bone kwa Kaperanama, baphuthi ba lekgetho la tempele ba tla mo go Petere ba mmotsa ba re, “A mong wa lona ga a duele lekgetho?”
25 He said, "Yes." When he entered the house, Jesus spoke first: "What do you think, Simon? From whom do earthly kings collect tolls or taxes—from their own sons, or from others?" Petere a araba a re, “Ee, o a le duela.” Hong a tsena mo ntlung go bolelela Jesu ka potso ya makgetho, mme e rile pele ga a ka bua, Jesu a mmotsa a re, “O akanyang Petere? A dikgosi di phutha makgetho mo bathung ba tsone, kgotsa mo go batswakwa ba ba fentsweng?”
26 And when Peter said, "From others," Jesus said to him, "Then the sons are free." Mme Petere a fetola a re, “Mo go batswakwa.” Jalo he, Jesu a re, “Go siame.” “Beng-ba legae ba gololesegile! Le fa go ntse jalo, ga re batle go ba kgopisa, jalo fologela kwa lotshitshing o konopele sekgoge (huku e e tshwarang ditlhapi), o atlhamolole molomo wa tlhapi ya ntlha e o e tshwarang. O tlaa bona ledi le le tlaa lekanang makgetho a rona rotlhe; le tseye mme o ba duele!”
27 "But so we don't offend them, go to the sea, cast a hook, and take the first fish that comes up. Open its mouth and you'll find a coin. Take it and give it to them for me and you." Not in this edition
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]