Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 14 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 At that time Herod the tetrarch heard the reports about Jesus. Mme erile fa Kgosi Herode a utlwa kaga Jesu,
2 He told his attendants, "This is John the Baptist, raised from the dead—that's why these powers are at work in him." A raya banna ba gagwe a re, “Yo e tshwanetse ya bo e le Johane wa Mokolobetsi a rudile. Ke gone ka mo a kgonang go dira dikgakgamatso.”
3 For Herod had arrested John, chained him, and locked him in prison over Herodias, his brother Philip's wife, Gonne Herode o na a tshwere Johane a mo golegile ka dikeetane mo kgolegelong ka topo ya mosadi wa gagwe Herodiase mosadi yo o kileng a bo a le wa ga Filipo morwarraagwe,
4 because John had been telling him, "It is not lawful for you to have her." gonne Johane o ne a mo reile a re, ga go a siama gore a mo nyale.
5 Herod wanted to kill him but feared the crowd, since they held John as a prophet. O ka bo a ne a bolaya Johane mme o ne a boifa mokubukubu o batho ba ka o tsosang, ka gore batho botlhe ba ne ba dumela gore Johane ke moporofiti.
6 But when Herod's birthday came, the daughter of Herodias danced before them and pleased Herod, Mme ya re ka mokete wa botsalo jwa ga Herode, morwadia Herodiase a bina mo go neng ga kgatlha Herode thata,
7 so he promised with an oath to give her whatever she asked. hong a mo solofetsa ka ikano gore o tlaa mo naya le fa e le eng se o tlaa se lopang.
8 Prompted by her mother, she said, "Give me John the Baptist's head here, on a platter." Jalo he, ka go tlhotlhelediwa ke mmaagwe, ngwanyana a kopa tlhogo ya ga Johane wa Mokolobetsi e le mo mogotswaneng.
9 The king was grieved, but because of his oaths and his dinner guests, he gave the order, Kgosi e ne ya utlwa botlhoko, mme ka ntlha ya ikano ya yone, gape ka gore e ne e sa batle go boela lefoko la yone ka morago fa pele ga balalediwa, ya ntsha taolo ya gore go dirwe jalo.
10 and he sent and had John beheaded in the prison. Jalo, Johane a kgaolwa tlhogo a le mo kgolegelong,
11 His head was brought on a platter, given to the girl, who brought it to her mother. tlhogo ya gagwe ya leriwe ka mogotswana, ya neelwa morweetsana yo o neng a e isa kwa go mmaagwe.
12 Then John's disciples came, took the body, and buried it; and they went and told Jesus. Hong barutwa ba ga Johane ba tla go tsaya setopo sa gagwe go ya go se boloka mme ba ya go bolelela Jesu se se diragetseng.
13 Hearing this, Jesus withdrew by boat to a remote place alone. But the crowds heard and followed him on foot from the towns. Mme erile fela fa Jesu a utlwa mafoko a, a tsamaya ka boene ka mokoro go ya kwa thoko go nna a le nosi. Mme bontsintsi jwa bona kwa o neng a ya teng, mme ba mo sala morago ka dinao ba tswa mo magaeng a mantsi.
14 When he went ashore, he saw a big crowd, felt compassion for them, and healed their sick. Hong ya re Jesu a tswa mo nageng, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa bo bo mo letile mme a ba tlhomogela pelo a ba a fodisa balwetse.
15 When evening came, the disciples said to him, "This is an isolated place, and the hour is already late. Send the crowds away to go into the villages and buy themselves food." Maitseboeng ao barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, “Lobaka lwa dijo lo setse lo fetile, mme ga gona sepe se se ka jewang fano mo sekakeng; phatlalatsa bontsintsi jwa batho gore ba ye mo magaeng ba reke dijo!”
16 But Jesus told them, "They don't need to leave. You feed them." Mme Jesu a fetola a re, “Mo ga go tlhokafale, ba feng dijo!”
17 They said to him, "We have nothing here but five loaves and two fish." Mme ba mo raya ba re, “Ga tweng! Re na le dinkgwe di le tlhano tse di nnye le ditlhapi di le pedi!”
18 He said, "Bring them here to me." Jesu a ba raya a re, “Di lereng kwano.”
19 He told the crowds to sit on the grass. Taking the five loaves and two fish, he looked up to heaven, gave thanks, broke the loaves, and gave them to the disciples, who gave them to the crowds. Hong a raya batho a re ba nne fa fatshe mo bojannyeng mme a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a leba kwa godimo mo loaping a kopela dijo tshegofatso ya Modimo, hong a ngathoganya dinkgwe a di neela barutwa ba gagwe go di abela batho.
20 They all ate and were satisfied, and they picked up twelve baskets full of the leftover pieces. Mme mongwe le mongwe a ja go fitlhelela a kgora! Mme erile ba sela masalela kwa morago, ga sala diroto di le lesome le bobedi tse di tletseng.
21 Those who ate were about 5,000 men, besides women and children. E ne e ka nna banna ba le dikete tse tlhano mo bontsintsing jwa batho tsatsing leo, kwa ntle ga basadi le bana.
22 Immediately he made the disciples board the boat and go ahead of him to the other side, while he sent the crowds away. Ka bofefo morago ga moo, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re ba tsene mo mokorong go kgabaganyetsa ntlheng e nngwe ya lecha fa a sa ntse a phatlalaletsa batho kwa gae.
23 After sending the crowds away, he went up the mountain privately to pray. When evening came, he was there alone. Morago ga moo a tlhatloga dithaba go ya go rapela. Bosigo jwa tla, mme kwa lecheng barutwa ba ne ba le mo matshwenyegong. Gonne phefo e ne e tsogile ba tshwere bothata mo mawatleng a a sa sisibalang.
24 The boat was already far from land, battered by waves, the wind against them. Not in this edition
25 About three o'clock in the morning he came to them, walking on the sea. Erile e ka nna nako ya bone mo mosong, Jesu a tla kwa go bone a tsamaya mo godimo ga metse.
26 Seeing him walking on the sea, the disciples were terrified, saying, "A ghost!" and cried out in fear. Ba gowa ka letshogo gonne ba ne ba gopola gore ke sepoko.
27 But Jesus spoke to them at once: "Take courage! It is I; do not be afraid." Mme Jesu ka bofefo a bua nabo a ba nametsa. A re, “Ke nna se boifeng!”
28 Peter answered him, "Lord, if it is you, command me to come to you on the water." Hong Petoro a mo fetola a re, “Rra, fa o le ene tota, nthaya ke tle kwa go wena ke tsamaya mo godimo ga metse.”
29 He said, "Come." Peter got out of the boat, walked on water, and went toward Jesus. Mme Morena a re, “Go siame, tla kwano.” Hong Petoro a fologa mokoro a tsamaya fa godimo ga metsi a ya kwa go Jesu.
30 But seeing the strong wind, he was afraid, and beginning to sink, he cried out, "Lord, save me!" Mme erile fa a leba kwa godimo, a tshoga mme a simolola go nwela. A gowa a re, “Mpoloka Morena!”
31 Jesus immediately reached out his hand, caught him, and said, "You of little faith, why did you doubt?" Gone fela foo Jesu a otlolola lebogo a mmoloka. Jesu a re, “A motho wa tumelo e potlana, ke eng fa o no o belaela.
32 And when they got into the boat, the wind died down. Mme fa ba sena go palama mo mokorong, phefo ya didimala?”
33 Then those in the boat worshiped him, saying, "Truly you are the Son of our Father." Ba bangwe ba nna ba tseanye, ba goa ba re, “O Morwa Modimo tota!”
34 When they had crossed over, they came to land at Gennesaret. Mme ba fitlha kwa Genesareta.
35 When the men of that place recognized him, they sent word through that whole region and brought him all who were sick. Dikgang tsa go goroga ga bone tsa anama ka bofefo mo tikologong yotlhe ya motse, mme ka bofefo batho botlhe ba tswa mo motseng ba ya go bolelela batho gore ba lere balwetse ba bone go tla go fodisiwa.
36 They begged him to let them just touch the fringe of his robe, and all who touched it were healed. Balwetse ba mo kopa gore a ba letlelele go ama momeno wa seaparo sa gagwe, mme botlhe ba ba neng ba ama momeno wa seaparo sa gagwe ba fodisiwa.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]