Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Mark 9 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 He said to them, "Truly I tell you: some standing here will not taste death before they see the kingdom of our Father come with power." Jesu a tswelela a raya barutwa ba gagwe a re, “Bangwe ba lona ba ba emeng fa, gompieno ba tlaa tshela go bona Bogosi jwa Modimo bo tla ka nonofo e kgolo!”
2 Six days later Jesus took Peter, James, and John, and led them up a high mountain alone, and he was transfigured before them. Malatsi a le marataro a sena go feta Jesu a tsaya Petere, Jakobe le Johane, a tlhatlhogela kwa godimo ga thaba. Go ne go sena ope teng. Ka bofefo sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatshima ka kgalalelo,
3 His clothes became radiant, dazzling white—whiter than anyone on earth could bleach them. mme diaparo tsa gagwe tsa tsabakela, tsa nna ditshweu thata, di galalela thata go gaisa jaaka motho ope mo lefatshing a ka di sweufatsa.
4 And Elijah appeared to them along with Moses, and they were talking with Jesus. Hong Elija le Moshe ba bonala mme ba simolola go bua le Jesu!
5 Peter said to Jesus, "Rabbi, it's good that we're here. Let's make three shelters—one for you, one for Moses, and one for Elijah." Mme Petere a bua a re, “Moruti, go go ntle jang!” Re tlaa aga metlaagana e le meraro fa, mongwe le mongwe wa lona a na le wa gagwe.
6 He did not know what to say, for they were terrified. O ne a bua se fela, gonne o ne a sa itse se a ka se buang ka botlhe ba ne ba tshogile.
7 A cloud appeared and overshadowed them, and a voice came from the cloud: "This is my beloved Son. Listen to him!" Mme erile fa a sa ntse a tsweletse ka go bua mafoko a, leru la ba khurumetsa, la sira letsatsi, mme lentswe la tswa mo lerung la re, “Yo ke morwaake. Reetsang ene.”
8 Suddenly, when they looked around, they no longer saw anyone with them except Jesus. Mme ka tshoganyetso fa ba leba kafa le kafa, Moshe le Elija ba bo ba seyo, mme ya bo e le Jesu fela yo o nang nabo.
9 Coming down the mountain, he ordered them to tell no one what they'd seen until the Son of Man rose from the dead. Ya re ba fologa mo thabeng a ba raya are ba seka ba bolelela ope kaga se ba se boneng go fitlhelela a sena go tsoga mo baswing.
10 So they kept the matter to themselves, questioning what rising from the dead could mean. Mme ba ipolokela kgang e, ba nna ba bua ka ga yone, gore o kane a raya eng “Ka go tsoga mo baswing.”
11 And they asked him, "Why do the scribes say that Elijah must come first?" Hong ba simolola go mmotsa kaga sengwe se baeteledipele ba tumelo ya Sejuta ba tlwaetseng go se bua, ba re Elija o tshwanetse go tla (pele ga Mesia a ka tla).
12 He said, "Elijah does come first and restores everything. Then why is it written the Son of Man must suffer much and be treated with contempt? Mme Jesu a dumela gore Elija o tshwanetse go tla pele go baakanya tsela, le fa go ntse jalo go setse go diragetse, o setse a tsile! Le gore o kopane le matshwenyego a a boitshegang, fela jaaka Baporofiti ba ne ba boletse. Hong Jesu a ba botsa gore baporofiti ba ka ne ba ne ba raya eng fa ba re, Mesia o tlaa boga a ba a tsewa ka lonyatso.
13 But I tell you, Elijah has come, and they did to him whatever they pleased, as it is written about him." Not in this edition
14 Coming to the other disciples, they saw a large crowd around the disciples, and scribes arguing with them. Mme ya re ba goroga kwa tlase ga thaba, ba fitlhela bontsi jo bogolo jwa batho bo dikaganyeditse barutwa ba bangwe ba ba ferang bongwe, fa bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba ntse ba ganetsanya nabo.
15 As soon as the whole crowd saw Jesus, they were astonished and ran to greet him. Mme bontsi jwa batho ba leba Jesu ka poifo fa a atamela kwa go bone, hong ba tabogela kwa go ene go mo dumedisa.
16 He asked them, "What are you arguing about with the scribes?" Mme a ba botsa a re, “Lo ganetsanya kaga eng?”
17 Someone in the crowd answered him, "Teacher, I brought my son to you; he has a spirit that won't let him speak. Monna mongwe mo bontsing joo a bua a re, “Moruti, ke lerile morwaake mo go wena gore o mo fodise--ga a kgone go bua ka ntlha ya gore o tswenwe ke mowa o o maswe.
18 Whenever it seizes him, it throws him down. He foams at the mouth, grinds his teeth, and stiffens. I asked your disciples to drive it out, but they couldn't." Mme fa mowa o o maswe o mo laola o mo digela fa fatshe o mo dira gore a phoke mafulo ka molomo a phuranye meno a kwatlalale. Mme ka kopa barutwa ba gago gore ba kgoromeletse ntle mowa o o maswe mme ba retelelwa.”
19 He replied, "You unbelieving generation, how long must I stay with you? How long must I endure you? Bring him to me." Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Ao, a batho ba ba tumelo e potlana, ke tshwanetse go nna le lona lobaka lo lo kae mme lo sa dumele? Ke lobaka lo lo kae lo ke tshwanetseng go lo itshokela? Lereng mosimane kwa go nna.”
20 They brought the boy to him. Seeing Jesus, the spirit instantly convulsed him; he fell to the ground, thrashing and foaming at the mouth. Hong ba lere mosimane, mme erile fa a bona Jesu, mowa o o maswe wa mo kgothakgotha mo go botlhoko, mme a wela fa fatshe a bidikama a phoka mafulo ka molomo.
21 Jesus asked the boy's father, "How long has this been happening to him?" "From childhood," he said. Jesu a botsa rraagwe a re, “Go lobaka lo lo kae a ntse jaana?” Rraagwe a araba a re, “a le mmotlana,
22 "It has often thrown him into fire and water to destroy him. But if you can do anything, pity us and help us." mme gantsi mowa o o maswe o dira gore a wele mo molelong kgotsa mo teng ga metsi go mmolaya. Ao, re utlwele botlhoko, o dire sengwe fa go kgonega.”
23 Jesus said to him, "'If you can'? Everything is possible for the one who believes." Jesu a botsa a re, “A wa re fa ke kgona? Sengwe le sengwe se a kgonega fa o na le tumelo.”
24 Immediately the boy's father cried, "I believe; help my unbelief!" Ka bofefo rraagwe a araba a re, “Ke na le tumelo; Nthusa o e nkokeletse.”
25 Seeing a crowd running together, Jesus rebuked the unclean spirit: "Mute and deaf spirit, I command you—come out of him and never enter him again!" Erile fa Jesu a bona gore bontsi jwa batho bo a gola, a kgalemela mowa o o maswe. A raya mowa o o maswe o o semumu le bosusu, a re, “Ke a go laola gore o tswe mo ngwaneng yo, o seka wa tlhola o tsena mo go ene gape!”
26 Crying out and convulsing him hard, it came out. He looked like a corpse, so many said, "He's dead." Hong mowa o o maswe wa goa mo go boitshegang wa kgothakgotha mosimanyana gape mme wa mo tlogela; a robala a sa tshikinyege a bonala jaaka moswi. Modumonyana wa utlwala mo bathung o re, “O sule.”
27 But Jesus took him by the hand and raised him up, and he stood. Jesu a mo tshwara ka seatla a mo thusa gore a eme ka maoto, mme a ema a itekanetse!
28 When Jesus had gone indoors, his disciples asked him privately, "Why couldn't we drive it out?" Ya re morago ga moo Jesu a le esi mo tlung le barutwa ba gagwe, ba mmotsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go kgoromeletsa ntle mowa o o maswe?”
29 He told them, "This kind can come out only by prayer." Jesu a araba a re, “Mofuta o o ntseng jaana o kgonwa ke thapelo fela.”
30 They left there and passed through Galilee. Jesus did not want anyone to know where they were, Ya re ba tloga mo kgaolong eo ba tsamaya ba ralala Galalea mo a neng a leka go tila batho gore a tle a nne le nako ya go nna le barutwa ba gagwe, go ba ruta. O ne a ba raya a re, “Nna, Mesia ke tla okiwa, ke bolawe mme morago ga malatsi a le mararo ke tlaa rula.”
31 because he was teaching his disciples, telling them, "The Son of Man is being handed into human hands. They will kill him, and three days later he will rise." Not in this edition
32 But they did not understand what he meant, and they were afraid to ask him. Lefa go ntse jalo, ba bo ba sa tlhaloganye, mme ba tshaba go mmotsa gore o rayang.
33 They came to Capernaum. In the house he asked them, "What were you arguing about on the way?" Mme ba goroga kwa Kaperanama. Ya re ba sena go nna fa fatshe mo tlung e ba neng ba tshwanetse go nna mo go yone a ba botsa a re, “Lo ne lo bua ka ga eng mo tseleng.”
34 But they were silent, since they had argued along the way about who was greatest. Mme ba tlhajwa ke ditlhong go araba, gonne ba ne ba ganetsanya ka gore e mang mo go bone yo mogolo!
35 He sat down, called the Twelve, and told them, "Anyone who wants to be first must be last of all and servant of all." A nna fa fatshe a ba bitsa a ba raya a re, “Mongwe yo o batlang go nna yo mogolo o tshwanetse go nna wa bofelo, motlhanka wa botlhe!”
36 He took a little child, stood him among them, took the child in his arms, and said to them: Hong a baya ngwana mo gare ga bone; mme e rile a tsaya ngwana ka mabogo a gagwe a ba raya a re,
37 "Whoever accepts one of these little children in my name accepts me; whoever accepts me accepts not me but the one who sent me." “Le fa e le mang yo o amogelang ngwana yo monnye jaana mo leineng la me o amogela nna, mme le fa e le mang yo o mo amogelang o amogela Rre yo o nthomileng!”
38 John said to him, "Teacher, we saw someone driving out demons in your name and tried to stop him, since he doesn't follow us." Mme mongwe wa barutwa ba gagwe, ebong Johane, ya re ka letsatsi lengwe a mo raya a re, “Moruti, re bone monna mongwe a dirisa leina la gago go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle; mme ra mo raya ra re a se ka a dira jalo, gonne ga se mongwe wa setlhopha sa rona.”
39 But Jesus said, "Don't stop him—no one who does a miracle in my name can soon speak evil of me. Jesu a ba raya a re, “Se mo itseng! gonne ga go ope yo o dirang dikgakgamatso ka leina la me yo o tla reng ka bofefo a nne kgatlhanong le nna.
40 For whoever is not against us is for us. Lefa e le mang yo o seng kgatlhanong le rona ke wa rona.
41 Truly I tell you, whoever gives you a cup of water to drink because you belong to Christ will never lose his reward. Fa mongwe a ka lo siela metse ka ntlha ya gore lo ba ga Keresete ka re ammaaruri ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe.
42 Whoever trips up one of these little ones who believe in me—better for him to have a large millstone hung around his neck and be thrown into the sea. Mme fa mongwe a ka dira gore mongwe wa ba ba botlana ba yo o dumelang mo go nna a latlhegelwe ke tumelo--go ka nna botoka fa motho yoo a ka hunelelwa lolwala lo lo golo mo thamong a ya go thabuediwa mo lewatleng.
43 If your hand trips you up, cut it off. Better to enter life maimed than with two hands to go into hell, into the unquenchable fire. “Fa seatla sa gago se leofa, se kgaole. Go botoka go tshelela ruri ka seatla se le sengwe go na le go latlhelwa mo molelong wa molete o o sa timeng ka diatla tse pedi!
45 If your foot trips you up, cut it off. Better to enter life lame than be thrown into hell with two feet. Fa lonao lwa gago lo go isa bosuleng lo kgaole! Go botoka go nna setlhotsa lobaka lo loleele, go na le go nna le dinao tse pedi tse di go isang moleting.
47 If your eye trips you up, throw it out. Better to enter the kingdom of our Father with one eye than be thrown into hell with two, “Mme fa leitlho la gago le go leofisa, le gonye. Go botoka go tsena mo Bogosingjwa Modimo o le mogapa, go na le go tsena ka matlho a mabedi mo moleting wa molelo,
48 where 'their worm never dies and the fire never goes out.' kwa seboko se sa sweng, le kwa molelo o sa timeng,
49 For everyone will be salted with fire. kwa tsotlhe di lokwang ka molelo.
50 Salt is good, but if it loses its saltiness, how can you season it again? Keep salt among yourselves, and be at peace with each other." “Letswai le le molemo, ga le na thuso fa le latlhegelwa ke molodi, ga le ka ke la loka sepe. Se latlhegelweng ke molodi wa lona! Nnang kagiso mo go ba bangwe.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]