1Two days before Passover and Unleavened Bread, the chief priests and scribes were looking for a way to seize Jesus by trickery and kill him.OLEFMme Modiro wa Tlolaganyo wa simologa morago ga malatsi a le mabedi, e le letsatsi la boitapoloso la Bajuta la ngwaga le ngwaga le go neng go sa jewe senkgwe se se bedisitsweng, baperesiti ba bagolo le ba bangwe baeteledipele ba Sejuta ba bo ba sa ntse ba batla leano le ba ka tshwarang Jesu ka lone ka sephiri go mmolaya.
2For they said, "Not during the feast, or the people might riot."OLEFMme ba re, “Ga re ka ke ra dira jalo ka letsasi la modiro wa Tlolaganyo, e ka re kgotsa ga nna pheretlhego.”
3While he was in Bethany, in Simon the leper's house, reclining at the table, a woman came with an alabaster flask of pure nard perfume, very costly. She broke the flask and poured it on his head.OLEFKa lobaka loo Jesu o ne a le kwa Bethania, mo tlung ya ga Simone wa molepero; ka nako ya dijo tsa maitseboa, mosadi mongwe a tla a tshotse kurwana ya setlolo se se tlhwatlhwa kgolo se se nkgang monate. Hong a thuba kurwana, a tshela setlolo mo tlhogong ya gagwe.
4There were some who said to themselves indignantly, "Why was this perfume wasted like that?OLEFBangwe ba ba neng ba le fa lomating lwa bojelo ba galefa thata kaga “tshenyo” eo, ka fa ba neng ba bua ka teng. Ba re, “O ka bo a rekisitse setlolo seo ka tlhwatlhwa e e kwa godimo mme a naya bahumanegi madi ao!”
5For this perfume could have sold for over 300 denarii and given to the poor." And they scolded her.OLEFNot in this edition
6But Jesus said, "Leave her alone. Why trouble her? She has done a beautiful thing for me.OLEFMme Jesu a re, “Mo leseng, lo mo omanyetsang ka go dira selo se se molemo.
7For the poor are always with you, and you can do good for them whenever you want; but you won't always have me.OLEFGonne lo na le bahumanegi malatsi otlhe mme ba tlhoka thuso mo go lona thata, lo ka kgona go ba thusa nako nngwe le nngwe e lo batlang go ba thusa ka yone; mme ga ke na go nna le lona ka lobaka lo lo leele.
8She has done what she could; she has anointed my body beforehand for burial.OLEFO dirile se a neng a ka se kgona, mmele wa me o o tloleditse phitlho go sa le gale.
9Truly, I tell you, wherever the gospel is preached worldwide, what she did will be told in memory of her."OLEFMme ke lo bolelela ka tlhwaafalo ya boammaaruri gore gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a rerwang gone mo lefatsheng lotlhe, tiro ya mosadi yo, e tlaa nna e gakologelwa, e bo e galalediwa.”
10Then Judas Iscariot, one of the twelve, went to the chief priests to betray Jesus to them.OLEFMme Judase Isekariota, mongwe wa barutwa ba gagwe, a ya kwa ditlhogong tsa baperesiti go ya go rulaganya go ba okela Jesu.
11Hearing this, they were glad and promised him money. So he looked for a chance to betray Jesus.OLEFErile fa baperesiti ba bagolo ba utlwa gore o tletse eng ba itumela thata ba bo ba mo solofetsa tuelo. Hong a simolola go batla nako e e siameng le lefelo le o ka okelang Jesu mo go lone.
12On the first day of Unleavened Bread, when they sacrificed the Passover lamb, his disciples asked him, "Where do you want us to go and prepare for you to eat the Passover?"OLEFKa letsatsi la ntlha la modiro wa Tlolaganyo, letsatsi le go neng go ntshiwa ditlhabelo tsa dikonyana, barutwa ba gagwe ba mmotsa gore o rata go ya go jela modiro wa Tlolaganyo kae?
13He sent two of his disciples, "Go into the city; a man carrying a jar of water will meet you. Follow him,OLEFMme a roma ba le babedi kwa Jerusalema go ya go dira dithulaganyo a ba raya a re, “E tlaa re fa lo sa ntse lo tsamaya, lo tlaa bona monna a tla a lebaganye le lona a rwele nkgwana ya metse. Lo mo sale morago.
14and wherever he enters, tell the house's owner, 'The Teacher says: Where is my guest room, where I may eat the Passover with my disciples?'OLEFMo tlung e o tsenang mo go yone, bolelelang mong-wa ntlo lo re, ‘Morena wa rona o re rometse go tla go bona ntlwana e lo e re baakanyeditseng, e re tlaa jelang modiro wa Tlolaganyo mo go yone maitseboeng ano!’
15And he will show you a large upper room furnished and ready; there prepare for us."OLEFO tlaa lo isa kwa ntlwaneng e e kwa godimo e kgolo e e baakantsweng. Baakanyang dijo tsa rona gone.”
16The disciples left, went to the city, found things as he had told them, and prepared the Passover.OLEFMme barutwa ba babedi ba tswelela jalo ba tsena mo motsing ba fitlhela sengwe le sengwe se ntse jaaka Jesu a ba boleletse, mme ba baakanyetsa Tlolaganyo.
17And when it was evening, Jesus came with the twelve.OLEFMo maitseboeng Jesu a goroga le barutwa ba bangwe,
18While they reclined and ate, Jesus said, "Truly, I tell you, one of you will betray me, one eating with me."OLEFmme ya re ba ntse fa lomating lwa bojelo ba a ja, Jesu a re “Ammaaruri ke a lo raya mongwe wa lona o tlaa nkoka, mongwe wa lona yo o leng fano yo ke jang nae.”
19They began to grieve and ask him, one by one, "Is it I?"OLEFMme ba tlala khutsafalo e kgolo botlhe, mme mongwe le mongwe wa bone a mmotsa a re, “A ke nna?”
20He said to them, "One of the twelve, dipping bread with me into the dish.OLEFMme a araba a re, “Ke mongwe wa lona ba ba lesome le bobedi yo ke jang nae fano gompeino.
21The Son of Man goes as the Scriptures said about him, but how terrible for that man who betrays him—better if he had never been born."OLEFKe tshwanetse go swa, fela jaaka baporofiti ba boletse bogologolo; mme a bo go latlhega monna yo o nkokang. Go ka bo go le molemo fa a ka bo a sa tsalwa.”
22As they ate, he took bread, blessed it, broke it, gave it to them, and said, "Take; this is my body."OLEFYa re ba ntse baa ja Jesu a tsaya senkgwe a se segofatsa a se ngathoganya a se ba naya a re, “Jaang se, ke mmele wa me.”
23He took a cup, gave thanks, gave it to them, and they all drank from it.OLEFA tsaya senwelo sa mofine a leboga Modimo kaga sone a se ba naya, mme botlhe ba a nwa mo go sone.
24He said to them, "This is my blood of the covenant, poured out for many.OLEFMme a ba raya a re, “Se ke madi a me, a a tshololetsweng batho ba le bantsi, a a kanelang kgolagano e ncha ya Modimo le batho.
25Truly I tell you, I will not drink wine again until that day when I drink it new in the kingdom of our Father."OLEFAmmaaruri ke a lo raya ga nke ke tlhola ke e nwa loungo lwa mofine go fitlhelela letsatsi le ke nwang mofuta o sele mo Bogosing jwa Modimo.”
26And when they had sung a hymn, they went out to the Mount of Olives.OLEFHong ba opela sefela mme ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware.
27Jesus said to them, "You will all stumble, for it's written: 'I will strike the shepherd, and the sheep will be scattered.'OLEFMme Jesu a ba raya a re, “Lotlhe lo tlaa ntlogela, gonne Modimo o buile jaana ka baporofiti wa re, ‘Ke tlaa ya kwa Galalea go ya go kopana le lona teng.’”
28But after I am raised up, I will go ahead of you to Galilee."OLEFPetere a mo raya a re, “Nna ga nkake ka go tlogela le fa ba bangwe ba ka go tlogela!”
29Peter said to him, "Even though they all fall away, I will not."OLEFNot in this edition
30Jesus said to him, "Truly I tell you, today, this night, before the rooster crows twice, you will deny me three times."OLEFJesu a re, “Petere, Pele ga koko e tonanyana e lela la bobedi ka moso mo mosong o tla bo o intatotse gararo.”
31But he insisted, "Even if I must die with you, I will never deny you." They all said the same.OLEFMme Petere a re, “Nnyaa! Le fa nkabo ke na le go swa nao ga nkake ka go itatola!” Mme ba ikana fela jalo botlhe.
32They arrived at a place called Gethsemane, and he told his disciples, "Sit here while I pray."OLEFHong ba fitlha fa felong fa go bidiwang tshimo ya Gethesemane, a feta a raya barutwa ba gagwe a re, “Nnang fa, ke sa ntse ke ya go rapela.”
33He took Peter, James, and John, and began to feel deep distress and anguish.OLEFMme a tsaya Petere, Jakobe le Johane a ya nabo, a simolola go fuduega thata le go tshwenyega.
34He said to them, "My soul is crushed with grief, to death. Stay here and stay alert."OLEFA ba raya a re, “Mowa wa me o hutsafetse thata mo ruri go isang losong; nnang fano, lo lebelele le nna.”
35Going a little farther, he fell to the ground and prayed that, if possible, the hour would pass from him.OLEFA tsamaela fa pelenyana a wela fa fatshe, a rapela gore fa go ne go kgonega nako e e boitshegang e e mo letetseng e seka ya mo diragalela.
36He said, "Abba, Father, all things are possible for you. Take this cup from me—but let it be your will, not mine."OLEFMme a re, “Rara, Rara, dilo tsotlhe di ka diragala mo go wena. Tlosa senwelo se mo go nna. Le fa go ntse jalo ke batla thato ya gago, eseng ya me.”
37He returned, found them asleep, and said to Peter, "Simon, are you asleep? Couldn't you stay awake one hour?OLEFHong a boela kwa barutweng ba gagwe ba bararo a ba fitlhela ba robetse, a re, “Simone a o robetse? A o ne o sa ka ke wa leta le nna lobaka lwa oura e le nngwe fela?
38Watch and pray, so you don't fall into temptation. The spirit is willing, but the flesh is weak."OLEFlebelelang le nna lo rapele gore moraedi a seka a lo fenya. Gonne le fa mowa o le tlhaga mmele o bokoa.”
39And again he went away and prayed, saying the same words.OLEFMme a boa gape a ya go rapela, a boeletsa kopo ya gagwe.
40Again he found them sleeping, eyes heavy, not knowing how to answer him.OLEFA boela gape kwa go bone a fitlhela ba robetse, gonne ba ne ba lapile thata. Ba bile ba sa itse ka fa ba ka mo fetolang ka teng.
41He came a third time and said, "Still sleeping and resting? Enough—the hour has come. Look, the Son of Man is handed over into the hands of sinners.OLEFLa boraro fa a boela kwa go bone a ba raya a re, “Tswelelang lo robale; Lo itapolose! Nnyaa! Nako ya go robala e setse e fetile! Bonang! ke okelwa mo diatleng tsa batho ba ba bosula.
42Rise, let us be going; see, my betrayer is here."OLEFTsogang! Re tshwanetse go tsamaya! yo o nkokang o gaufi!”
43While he was still speaking, Judas—one of the twelve—arrived, and with him a crowd with swords and clubs from the chief priests, scribes, and elders.OLEFMme erile ka bonako a sa ntse a bua, Judase mongwe wa barutwa ba gagwe a goroga le setlhopha sa batho ba ba ipapanneng ka dichaka le melamu ba ba romilweng ke baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuta.
44His betrayer had given them a signal: "The one I kiss is him—seize him and take him away securely."OLEFJudase o ne a ba boleletse gore, “Yo ke tlaa yang kwa go ene go mo dumedisa, lo itse gore ke ene mme lo mo tshware. Mme lo ka mo tsaya motlhofo.”
45He came up to Jesus at once, said, "Rabbi!" and kissed him.OLEFMme erile fela jaaka ba goroga, a tlhamalalela kwa go Jesu, a re, “Morena!” Mme a mo tlamparela ka tshupo ya botsalano jo bogolo.
46And they laid hands on him and seized him.OLEFJalo setlhopha sa batho sa mo tshwara.
47One of the bystanders drew his sword, struck the high priest's servant, and cut off his ear.OLEFGone fela foo, mongwe a somola chaka, a kgaola motlhanka wa moperesiti yo mogolo tsebe.
48Jesus said to them, "Have you come out with swords and clubs to seize me, like a robber?OLEFJesu a ba botsa a re, “A ke serukhutlhi se se diphatsa, gore lo bo lo tla ka tsela e lo tlang ka yone, lo tla kwa go nna lo ipapanne ka ditlhabano?
49Every day I was with you in the temple teaching, and you didn't arrest me. But let the Scriptures be fulfilled."OLEFKe eng lo ile lwa seka lwa ntshwara kwa Tempeleng? Ke ne ke le teng koo, ke ruta letsatsi le letsatsi. Mme le fa go ntse jalo, dilo tse di dirafala gore di tlatse diperofeso tse di buang ka ga me.”
50And they all left him and fled.OLEFKa nakonyana, barutwa ba gagwe botlhe ba bo ba tshabile.
51And a young man followed him, wearing nothing but a linen cloth. And they seized the young man,OLEFMme le fa go ntse jalo ga bo go le lekawana lengwe le mo setse morago, le apere seaparo sa leloba e le seaparo sa bosigo. Ya re setlhopha seo se leka go mo tshwara, a falola, le fa go ntse jalo diaparo tsa gagwe tsa gagoga, a tshaba a sa ikatega.
52but he left the linen cloth and ran away naked.OLEFNot in this edition
53They led Jesus to the high priest, and all the chief priests and elders and scribes gathered.OLEFHong Jesu a isiwa kwa legaeng la Moperesiti yo Mogolo kwa bagolwane botlhe ba baperesiti le baeteledipele bangwe ba Sejuta ba neng ba phuthaganela teng.
54Peter had followed at a distance, all the way into the high priest's courtyard, and sat with the guards, warming himself by the fire.OLEFMme Petere a bo a mo setse morago a le kgakalanyana nae a ba a tla a tsena ka kgoro ya motse wa Moperesiti yo Mogolo a kotama fa molelong a nna fa gare ga batlhanka.
55The chief priests and the whole council sought testimony against Jesus to put him to death, but found none.OLEFMo teng baperesiti ba bagolo le ba Kgotla kgolo ya tshekelo ya Sejuta ba ne ba leka go bona sengwe se ba ka pegang Jesu molato ka sone gore ba tle ba mmolaye. Mme ga se ka ga kgonega.
56For many gave false testimony against him, but their testimony did not agree.OLEFBasupi ba le bantsi ba maaka ba ne ba ithaopa, mme bosupi jwa bone jwa ganetsanya.
57And some stood up and gave false testimony against him, saying,OLEFLwa bofelo ga ema banna ba bangwe ba bua maaka ka ga gagwe ba re,
58"We heard him say, 'I will destroy this temple made by hands, and in three days build another not made by hands.'"OLEF“Re mo utlwile a re, ‘Ke tlaa senya Tempele e e agilweng ka diatla tsa batho mme mo malatsing a le mararo ke tlaa aga e nngwe e e sa dirwang ka diatla!’ ”
59Yet even about this their testimony did not agree.OLEFLe fa go ntse jalo ga ba ise ba ke ba bo ba bue polelo e e tlhamaletseng!
60The high priest stood up in the midst and asked Jesus, "You have no answer? What are these men testifying against you?"OLEFHong Moperesiti yo mogolo a ema fa pele ga Lekgotla a botsa Jesu a re, “A o gana go arabela molato o? O na le eng se o ka iphemelang ka sone?”
61He stayed silent, answered nothing. Again the high priest asked him, "Are you the Christ, the Son of the Blessed?"OLEFMme Jesu a seka a araba. Hong Moperesiti yo mogolo a mmotsa a re, “A o Mesia, Morwa Modimo?”
62Jesus said, "I AM, and you will see the Son of Man seated at the right hand of the Mighty One and coming with heaven's clouds."OLEFJesu a araba a re, “Ke ene, mme lo tlaa mpona ke ntse ka fa letsogong la Modimo le legolo, ke tla mo lefatsheng ka maru a legodimo.”
63And the high priest tore his clothes and said, "What further witnesses do we need?OLEFHong moperesiti yo Mogolo a ikgagola diaparo a re, “Re sa ntse re tlhoka eng gape? Re sa ntse re tlhoka bosupi jwa eng? Lo setse lo utlwile tlhapatso ya gagwe. Katlholo ya lona ya reng?” Mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore a atlholelwe loso.
64You have heard his blasphemy. What is your decision?" And they all condemned him as deserving death.OLEFNot in this edition
65Some began spitting on him, covering his face, and punching him, saying to him, "Prophesy!" Then the guards slapped him.OLEFMme bangwe ba bone ba simolola go mo kgwela mathe, ba mmipa sefatlhogo ba mo itaya ka mabole. Ba mo sotla ba re, “Ke mang yo o go iteileng moporofiti?” Ba mo nyonnyobetsa. Le masole tota a ne a mo itaya ka mabole fa a ntse a tsamaya nae.
66While Peter was below in the courtyard, one of the high priest's servant girls came,OLEFMme ka lobaka loo Petere o ne a le kwa tlase mo lolwapaneng. Mongwe wa basetsana ba ba neng ba direla Moperesiti yo Mogolo a lemoga Petere a ikomosa fa molelong. A tsepega Petere matlho a goa a re, “O ne o na le Jesu, wa Monasara.”
67seeing Peter warming himself, she looked at him and said, "You too were with the Nazarene, Jesus."OLEFNot in this edition
68But he denied it: "I don't know or understand what you mean." Then he went out to the entrance, and a rooster crowed.OLEFPetere a itatola a re, “Ga ke itse se o buang ka ga sone!” A tswela kwa ntle kwa mathuding a lolwapa. Gone fela foo koko e tonanyana ya lela.
69The servant girl saw him and again told the bystanders, "This man is one of them."OLEFMme morweetsana a mmona a eme foo a simolola go bolelela ba bangwe, a re, “Ke yole morutwa wa ga Jesu!”
70But he denied it again. A little later the bystanders again told Peter, "You truly are one of them, for you're a Galilean."OLEFPetere a itatola gape. Moragonyana bangwe ba ba neng ba dikaganyeditse molelo ba simolola go raya Petere ba re, “Le wena o mongwe wa bone, gonne o tswa Galalea!”
71He began to call down curses on himself and swear, "I don't know this man you're talking about."OLEFA simolola go tlhapatsa a ikana a re, “Ga ke mo itse monna yo lo buang ka ga gagwe.”
72At once a rooster crowed a second time. Peter remembered Jesus' words: "Before the rooster crows twice, you will deny me three times." He broke down and wept.OLEFKa bonako koko e tonanyana ya lela lwa bobedi. Mme Petere a gakologelwa mafoko a ga Jesu a a reng, “Pele ga koko e tonanyana e lela lwa bobedi o tla a bo o intatotse gararo.” Mme a simolola go lela.