Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Acts 26 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Agrippa told Paul, "You may speak for yourself." Then Paul stretched out his hand and began his defense. Mme Ageripa a raya Paulo a re, “Tswelela o re bolelele polelo ya gago.” Jalo Paulo a otlolola letsogo a ikarabela a re:
2 King Agrippa, I count myself fortunate to defend myself before you today against all the Jews' accusations, “Ke sego, Kgosi Ageripa, fa ke na le tshwanelo ya go ikarabela fa pele ga gago gompieno,
3 especially since you know all Jewish customs and disputes well, so I ask you to hear me out patiently. gonne ke itse fa o le moitseanape wa melao ya Sejuta le ngwao. Mme ke a go kopa gore o ntheetse ka bopelotelele!
4 All Jews know my life from youth, spent from the start among my own nation and in Jerusalem. “Fela jaaka Bajuta ba itse sentle, ke rutilwe thata ka Sejuta go tswa bonyaneng jwa me kwa Tareso, mme morago ka rutwa kwa Jerusalema, mme ka tshela fela jalo.
5 They've long known me, and if willing to testify, that according to our religion's strictest sect I lived as a Pharisee. Mme fa ba rata ba ka dumalana le nna, ba itse gore ke ne ke le mofarasai yo o tlhokomelang melao fa go tla mo kobamelong ya melao ya Sejuta le dingwao.
6 And now I stand on trial for hope in the promise our Father made to our fathers. Mme lebaka le ba ntshetseng morago go ntshekisa ke ka ntlha ya selo sengwe, ke ka ntlha ya gore ke solofetse tiragalo ya tsholofetso ya Modimo e e neng ya solofediwa borraa-ronamogologolwane.
7 Our twelve tribes hope to reach this promise, worshiping him fervently night and day. For this hope, king, I am accused by the Jews. Merafe e e lesome le bobedi ya Iseraele e leka bosigo le motshegare go goroga kwa tsholofelong e ke nang nayo! Le fa go ntse jalo Kgosi, mo go nna ba re ke molato!
8 Why is it judged incredible by any of you that our Father raises the dead? A mme go molato go dumela mo tsogong ya baswi.
9 I myself thought I must do many things against the name of Jesus of Nazareth. “A go utlwala go sa dumelesege mo go wena gore Modimo o ka tsosa batho mo losong gore ke tshwanetse go dira ditiro tse di boitshegang mo balateding ba ga Jesu wa Nasaretha.
10 That's what I did in Jerusalem: with authority from the chief priests, I locked many of the holy ones in prison, and voted against them when they were being put to death. Ke ne ka tsenya baitshepi ba le bantsi mo kgolegelong kwa Jerusalema, jaaka go ne go laotswe ke baperesiti ba bagolo; mme erile ba atlholelwa leso ka dumelana nabo.
11 In every synagogue I often punished them, trying to force them to speak against God; enraged against them, I hunted them even to foreign cities. Ke ne ke tlhokofatsa Bakeresete gongwe le gongwe go leka gore ba hutse Keresete. Ke ne ke le bogale thata mo go bone mo ke neng ka bogisa le ba metse e e kgakala mo mafatsheng a sele.
12 On one such journey I went to Damascus with authority and commission from the chief priests. “Ke ne ke le mo loetong lo lo ntseng jalo ke ya Damaseko, ke tshotse ditaelo tse di neng di tswa kwa baperesiting ba bagolo,
13 At midday, O king, I saw on the road a light from heaven, brighter than the sun, blazing around me and my fellow travelers. fa ka letsatsi lengwe ka e ne e le motshegare wa sethoboloko, nna le bapati ba me ra phatshimelwa ke lesedi le le neng le phatsima go gaisa letsatsi.
14 We all fell to the ground, and I heard a voice speaking to me in Hebrew: 'Saul, Saul, why are you persecuting me? It's hard for you to kick against the goads.' Re ne ra wela fa fatshe rotlhe, mme ka utlwa lentswe le bua le nna ka Sehebera le re, ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang? O ikutlwisa botlhoko fela!’
15 I asked, 'Who are you, Lord?' The Lord said, 'I am Jesus, whom you are persecuting.' “Ka botsa ka re, ‘O mang Morena?’ Mme a fetola a re, ‘Ke Jesu, yo o mmogisang.
16 But get up, stand on your feet—I appeared to you for this reason: to appoint you a servant and witness both of what you have seen of me and of what I will yet appear to you, Jaanong ema ka dinao! Gonne ke bonetse mo go wena go go dira modiredi le mosupi wa me. O tshwanetse go bolelela lefatshe ka tiragalo e, le kaga tse dingwe tse ke tlaa di go supegetsang.
17 rescuing you from your people and from the Gentiles—to whom I am sending you, Mme ke tlaa go sireletsa mo go bagaeno le mo go Badichaba. Ee, ke tlaa go romela kwa go Badichaba,
18 to open their eyes, so they turn from darkness to light and from Satan's power to our Father, and receive forgiveness of sins and a place among those made holy by faith in me.' go bula matlho a bone mo go tse e leng tsa boammaaruri gore ba tle ba ikwatlhaye ba nne mo leseding la Modimo go na le gore ba tshele mo lefifing la ga Satane, gore ba tle ba bone boitshwarelo jwa dibe tsa bone le go ja boswa jwa Modimo mmogo le batho botlhe gongwe le gongwe ba dibe tsa bone di tlhatswitsweng, ba ba beetsweng kwa thoko ka ntlha ya go dumela mo go nna.’
19 Therefore, King Agrippa, I was not disobedient to the heavenly vision, “Mme jalo, Kgosi Ageripa, ga ke a ka ka tlhoka go reetsa ponatshegelo eo e e tswang kwa legodimong!
20 but I declared first to those in Damascus, then in Jerusalem and all the region of Judea, and to the Gentiles too, to repent and turn to our Father, doing deeds that match their repentance. Ke ne ka rerela pele ba ba kwa Damaseko, le Jerusalema le mo tikologong yotlhe ya Judea, le mo go Badichaba gore botlhe ba tshwanetse go tlogela dibe tsa bone mme ba sokologela kwa Modimong, mme ba supe tshokologo ya bone ka go dira ditiro tse di siameng.
21 For this reason the Jews seized me in the temple and tried to kill me. Bajuta ba ne ba ntshwara mo Tempeleng ka ntlha ya go rera jaana, mme ba leka go mpolaya,
22 With help from our Father, I stand to this day testifying to both small and great, saying nothing beyond what the prophets and Moses said would happen: mme Modimo o ne wa ntshireletsa gore ke be ke sa ntse ke tshela gompieno gore ke bolelele mongwe le mongwe dilo tse, bagolo le bannye. Ga ke rute sepe fa e se se baporofiti le Moshe ba se buileng,
23 that the Christ must suffer, and, first to rise from the dead, proclaim light to both our people and the Gentiles. gore Mesia o tlaa boga, mme a nne wa ntlha go tsoga mo baswing, go tlisa lesedi mo Bajuteng le mo go Badichaba.”
24 As Paul defended himself, Festus shouted, "Paul, you're insane! Your vast learning is driving you mad." Mme ka tshoganetso Feseto a goa a re, “Paulo oa tsenwa, Go rutega thata ga gago go a go tsentsha!”
25 But Paul said, "I'm not insane, most excellent Festus; I speak words of truth and sound judgment. Mme Paulo a fetola a re, “Ga ke tsenwe, Motlotlegi Feseto. Ke bua mafoko a boammaaruri jo bo itekanetseng.
26 The king knows these things—I speak to him freely. I'm sure none of this escaped him, since it wasn't done in a corner. Mme Kgosi Ageripa o itse kaga dilo tse. Ke bua ke gololesegile gonne ke itse sentle gore ditiragalo tse di tlwaelesegile mo go ene, gonne ga di a direlwa mo sephiring!
27 King Agrippa, do you believe the prophets? I know that you believe." Kgosi Ageripa, a o dumela baporofiti? Mme ke a itse gore o a dumela.”
28 Agrippa said, "So quickly you'd persuade me to be a Christian?" Mme Ageripa a mo tsena ganong a re, “A o batla go ntira Mokeresete mo lobakeng lo lokhutshwane lo?”
29 Paul said, "Whether short or long, I pray to our Father that not only you but all who hear me today might become as I am—except these chains." Mme Paulo a fetola a re, “Mo Modimong le fa mafoko a me a le bokoa kgotsa a nonofile, wena le botlhe ba ba leng fano mo bathong ba ba tsileng go reetsa ba, lo ka nna jaaka nna, ke sa reye lo golegilwe ka dikeetane tse.”
30 Then the king rose, and the governor and Bernice and those seated with them. Mme Kgosi le molaodi, le Berenise le ba bangwe botlhe ba ema ba tsamaya.
31 As they left, they told each other, "This man deserves neither death nor imprisonment." Mme erile ba ntse ba buisanya kgang e, ba dumalana jaana ba re, “Monna yo ga a dira sepe se se tshwanetseng loso kgotsa go tsenngwa mo kgolegelong.”
32 Agrippa told Festus, "This man could have been freed if he hadn't appealed to Caesar." Mme Ageripa a raya Feseto a re, “Fa a ka bo a sa dira boikuelo kwa go Kaisara, o ka bo a gololwa.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]