Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Acts 16 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Paul went on to Derbe and Lystra. A disciple was there named Timothy, son of a believing Jewish woman, but his father was a Greek. Paulo le Silase ba simolola pele ba ya kwa Derebe ba bo ba ya kwa Lusetera kwa ba neng ba kopana le Timotheo teng, modumedi yo mmaagwe e neng e le Mokeresete wa Mojuta, mme rraagwe e le Mogerika.
2 He was well thought of by the brothers at Lystra and Iconium. Timotheo o ne a kaiwa fa a le motho yo o siameng mo Lusetera le mo Ikonio,
3 Paul wanted him to travel with him, so he took and circumcised him, because of the Jews in those places, for they all knew his father was Greek. Jalo Paulo a mo kopa go tsamaya nabo mo loetong lwa bone. Ka ntlha ya Bajuta ba Kgaolo eo, o ne a rupisa Timotheo pele ga ba tsamaya, gonne mongwe le mongwe o ne a itse gore rraagwe e ne e le Mogerika. (Mme o ne a ise a ke a letlelele selo seo pele).
4 Traveling through the towns, they delivered the decisions the apostles and elders in Jerusalem had made, for them to keep. Mme ba tsena motse le motse, ba itsise mogopolo o kaga Badichaba, jaaka go ne go laotse baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema.
5 So the churches were strengthened in the faith and grew in numbers daily. Mme phuthego ya gola letsatsi le letsatsi mo tumelong le mo palong.
6 They crossed the Phrygian and Galatian region, since the Holy Spirit had stopped them from speaking the word in Asia. Mme morago ga moo ba ralala Feregia le Galatia, gonne Mowa O O Boitshepo o ne o ba boleletse gore ba seka ba tsena mo Asia.
7 Reaching Mysia, they tried entering Bithynia, but the Spirit of Jesus wouldn't let them. Mme erile ba tsamaya mo molelwaneng wa Misia ba leba kwa borwa kwa kgaolong ya Bithinia, mme gape Mowa wa ga Jesu wa gana.
8 So passing by Mysia, they went down to Troas. Mme mo boemong jwa moo ba tswelela ba tsena mo kgaolong ya Misia go ya kwa motseng wa Toroase.
9 Paul saw a vision in the night: a Macedonian man stood pleading with him, "Cross over to Macedonia and help us." Bosigo joo Paulo a bona ponatshegelo. Mo torong ya gagwe o ne a bona kwa Masedonia, Mogerika, a mo rapela a re, “Tla kwano o re thuse.”
10 When he had seen the vision, we tried at once to leave for Macedonia, concluding our Father had called us to tell them the good news. Jalo mo ga siamisa kgang. Mme ba re, re tlaa ya kwa Masedonia, gonne re lemoga gore Modimo o re roma go ya go rera Mafoko a a Molemo teng.
11 So we set sail from Troas and sailed straight to Samothrace, and the next day to Neapolis, Mme re ne ra palama mokoro kwa Toroase, ra tlhamalala ra kgabaganyetsa kwa Samatharase, mme letsatsi le le latelang ra ya Neapolise.
12 and from there to Philippi, a leading city of that district of Macedonia, a Roman colony. We stayed there several days. Mme la bofelo ra tsena mo Filipi, motse mogolo wa Ba-Roma fela mo teng ga molelwane wa Masedonia, ra nna teng malatsinyana.
13 On the Sabbath we went outside the gate to a river, supposing there was a place of prayer. We sat and spoke with the women gathered there. Ka letsatsi la Sabata, ra tsamaela kgakajana kwa ntle ga motse fa lotshitshing lwa noka kwa re neng re utlwaletse fa bangwe ba rakanela teng go rapela; mme re ne ra ruta basadi bangwe dikwalo ba ba neng ba tla.
14 A woman named Lydia, from Thyatira, who sold purple cloth and worshiped our Father, was listening. The Lord opened her heart to Paul's words. Mongwe wa bone e ne e le Lidia, mosadi wa morekisi go tswa kwa Thiatira, mmapatsi wa letsela le le bohibidu jo bo mokgona. E ne e ntse e le morapedi wa Modimo gale, mme ya re a re reeditse, Morena a bula pelo ya gagwe mme a amogela gotlhe mo Paulo o neng a go bua.
15 When she and her household were baptized, she urged us: "If you judge me faithful to the Lord, come to my house and stay." And she persuaded us. O ne a kolobediwa le botlhe ba ntlo ya gagwe a bo a re kopa go nna baeng ba gagwe. O ne a re, “Fa lo dumela gore ke a ikanyega mo Moreneng, tlang lo nne kwa tlung ya me.” Mme o ne a re kopa go fitlhela re dumela.
16 As we went to the place of prayer, we met a slave girl possessed by a spirit of divination; she earned her owners great profit through fortune-telling. Letsatsi le lengwe fa re ya kwa felong ga thapelo fa thoko ga noka, ra kopana le mosetsana mongwe yo o neng a na le mewa e e maswe yo o neng a bolela dilo tsa boitseanape, a direla beng ba gagwe madi a mantsi.
17 She followed Paul and us, shouting, "These men are servants of the Most High God, announcing to you the way of salvation." O ne a re sala morago a goa a re, “Banna ba ke batlhanka ba Modimo mme ba tsile go lo bolelela gore dibe tsa lona di ka itshwarelwa jang.”
18 She did this for many days. Paul, deeply annoyed, turned and told the spirit, "I command you in the name of Jesus Christ to come out of her." It came out instantly. Mme mo go ne ga tswelela ka malatsi a le mantsi go fitlhela Paulo, ka go tshwenyega thata, a bo a tla a bua le mowa o o maswe o o mo go ene a re, “Ke a go laola ka leina la ga Jesu Keresete go tswa mo go ene,” ka bonakonyana wa mo tlogela.
19 When her owners saw their hope of profit was gone, they seized Paul and Silas, dragged them to the marketplace before the rulers. Mme ditsholofetso tsa beng ba gagwe tsa khumo tsa fela; ba tshwara Paulo le Silase ba ba gogela fa pele ga baatlhodi kwa borekisetsong.
20 Bringing them to the magistrates, they said, "These men are Jews, disturbing our city. Mme ba ne ba re, “Bajuta ba, ba senya motse wa rona, ba ruta batho go dira dilo tse di kgatlhanong le melao ya Se-Roma.”
21 They advocate customs that are not lawful for us as Romans to accept or practice." Not in this edition
22 The crowd joined the attack, and the magistrates ripped off Paul and Silas's clothes and ordered them beaten with rods. Mme ka bonako batho ba nna kgatlhanong le Paulo le Silase, mme baatlhodi ba laola gore ba apolwe diaparo ba kgwathisiwe.
23 After beating them severely, they threw them into prison, ordering the jailer to guard them securely. Ba ne ba itewa thata mo mekwatleng mme morago ba tsenngwa mo kgolegelong. Motlhokomedi wa kgolegelo o ne a solofediwa loso fa a ka ba lesa,
24 Given that order, he locked them in the inner cell and clamped their feet in stocks. mme jalo ga a ka a tshameka fa a sena go laiwa, o ne a ba tsenya mo ntlwaneng e e kwa teng mme a bofelela maoto a bone mo disaneng.
25 About midnight Paul and Silas prayed and sang hymns to our Father while the prisoners listened to them. Ka nako ya bosigogare, fa Paulo le Silase ba ntse ba rapela ba bile ba opelela Morena difela, magolegwa a mangwe a ne a reeditse,
26 Suddenly a violent earthquake shook the prison's foundations; instantly all doors opened and everyone's chains loosened. ka tshoganetso ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; kgolegelo ya tshikinyega go ya go fitlha kwa motheong, ditswalo tsotlhe tsa kgolegelo tsa bulega, mme dikeetane tsotlhe tse di neng di bofile magolegwa tsa bofologa.
27 The jailer woke, saw the prison doors open, drew his sword meaning to kill himself, thinking the prisoners had escaped. Mme erile fa motlhokomedi wa kgolegelo a tsoga a bona dikgoro tsa kgolegelo di bulegile, a gopola gore magolegwa a siile, mme a ntsha chaka ya gagwe a re o a ipolaya.
28 But Paul shouted, "Don't harm yourself, for we are all here!" Mme Paulo a goa a re, “Se ipolaye re teng rotlhe!”
29 The jailer called for lights, rushed in, and fell trembling before Paul and Silas. Ka go tshoga thata, motlhokomedi wa magolegwa a laola gore dipone di tle mme a tabogela kwa ntlwaneng e e kwa teng a feta a wela fa pele ga ga Paulo le Silase.
30 Then he brought them outside and said, "Sirs, what must I do to be saved?" O ne a ba ntshetsa kwa ntle mme a ba kopa a re, “Barena, ke ka dirang gore ke bolokwe?”
31 And they said, "Believe in the Lord Jesus, and you will be saved, you and your household." Ba mohetola ba re, dumela mo go Morena Jesu mme o tlaa bolokwa, wena le bantlo ya gago.
32 They spoke the Lord's word to him and everyone in his house. Mme ba ne ba mmolelela le botlhe ba ntlo ya gagwe mafoko a a molemo a a tswang kwa Moreneng.
33 In that hour of the night, he took them and washed their wounds; then he and his whole household were baptized at once. Ka yone nako eo a ba tlhatswa dintho mme ene le ba lwapa lwa gagwe ba kolobediwa.
34 He brought them up into his house, set food before them, and was overjoyed with his whole household at believing in our Father. Mme a ba isa kwa tlung ya gagwe a ba fa dijo. Ene le bantlo ya gagwe ba ne ba ipela thata ka gonne botlhe jaanong e ne e le badumedi!
35 But when morning came, the magistrates sent the police, saying, "Release those men." Moso o o latelang baatlhodi ba romela mapodisi go bolelela motlhokomedi wa kgolegelo jaana, “Tlogela banna bao ba tsamaye!”
36 The jailer told Paul, "The magistrates sent orders to release you. Come out now and go in peace." Mme motlhokomedi o ne a bolelela Paulo gore ba golotswe.
37 But Paul said to them, "They beat us publicly, without trial, Roman citizens that we are, and threw us into prison. Now they want to send us off secretly? No! Let them come themselves and lead us out." Mme Paulo a fetola a re, “Nnyaa, ga ba ka ke! Ba re iteile fa pele ga batho kwa ntle ga go sekisiwa, ba bo ba re tsenya mo kgolegelong le gone re baagi ba Roma! Jaanong ba batla gore re tsamaye ka sephiri? Ga go nne jalo! A go tle bone ba tle go re golola!”
38 The officers reported these words to the magistrates, who were afraid to hear they were Roman citizens. Mme barongwa ba mapodisi ba ya go bolelela baatlhodi ba ba neng ba boifa thata fa ba utlwa gore Paulo le Silase ke Ba-Roma.
39 They came, apologized, led them out, and asked them to leave the city. Mme jalo ba tla fa kgolegelong ba ba kopa gore ba tsamaye, ba ba ntshetsa kwa ntle ba kopa gore ba tswe mo motseng.
40 So they left the prison and went to Lydia's house. There they saw the brothers, encouraged them, and left. Mme Paulo le Silase ba boela kwa tlung ya ga Lidia kwa ba neng ba kopana le badumedi mme ba ba rerela gape pele ga ba tswa mo motseng.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]