Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Acts 12 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 About that time King Herod attacked some who belonged to the church, intending to harm them. Mme ka nako e o Kgosi Herode o ne a nna kgatlhanong le badumedi bangwe,
2 He had James, the brother of John, put to death with the sword. mme a bolaya moaposetoloi Jakobe (mogoloa Johane).
3 Seeing that this pleased the Jews, Herod proceeded to seize Peter too, during the days of Unleavened Bread. Erile fa Herode a bona gore go itumedisa baeteledipele ba Bajuta jang, a tshwara Petere ka modiro wa Tlolaganyo,
4 He arrested him, put him in prison, and handed him to four squads of four soldiers to guard, intending to bring him out to the people after the Passover. mme a mo tsenya mo kgolegelong, a mmaya ka fa tlase ga tlhokomelo ya masole a le lesome le borataro. Maikaelelo a ga Herode e ne e le go isa Petere kwa Bajuteng gore a bolawe morago ga modiro wa Tlolaganyo.
5 Peter was kept in prison, but the church prayed fervently to our Father for him. Mme thapelo e e nonofileng e tswa mo phuthegong e ne ya tsena kwa Modimong gore Petere a babalesege ka nako tsotlhe fa a sa ntse a le mo kgolegelong.
6 That night, before Herod could bring him out, Peter slept between two soldiers, bound with two chains; guards before the door kept watch over the prison. Bosigo pele ga nako e o neng a tshwanetse go bolawa ka yone, o ne a robetse, a bofilwe thata ka keetane a le fa gare ga masole a le mabedi le ba bangwe ba eme ba tlhokometse fa pele ga kgoro ya kgolegelo,
7 Suddenly an angel of our Father stood beside him, and light filled the cell. He struck Peter's side, woke him, and said, "Get up quickly." The chains fell from his hands. fa ka tshoganetso go nna lesedi mo ntlwaneng ya kgolegelo mme moengele wa Morena a ema fa thoko ga ga Petere! Moengele a mo itaya fa lotlhakoreng go mo tsosa, a mo raya a re, “Tsoga ka bonako!” Mme dikeetane tsa wa mo mabogong a gagwe!
8 The angel told him, "Get dressed and put on your sandals." Peter complied. Then he said, "Wrap your cloak around you and follow me." Mme moengele a mo raya a re, “Apara o rwale ditlhako tsa gago.” Mme a dira jalo. Moengele a re, “Apara seaparo sa gago o ntshale morago!”
9 So Peter went out and followed, not knowing the angel's actions were real—he thought he saw a vision. Mme Petere a tlogela ntlwana ya kgolegelo, a sala moengele morago. Mme ka nako yotlhe o ne a gopola gore ke toro kana ponatshegelo mme o ne a sa dumele gore tota go a direga.
10 Passing the first and second guard posts, they reached the iron gate to the city, which opened for them on its own. They went out, walked one street, and the angel suddenly left him. Ba ne ba feta ntlwana ya kgolegelo ya bobedi, mme ba tla fa kgorong ya tshipi fa mmileng, mme ya ba bulegela ka bo yone! ba feta ba tsamaya botlhe, mme moengele a mo tlogela.
11 Then Peter came to himself and said, "Now I know for certain: our Father sent his angel and rescued me from Herod's hand and from everything the Jewish people expected." Mme kwa morago Petere a lemoga se se diragetseng; O ne a ithaya a re, “Ke boammaaruri! Morena o romile moengele wa gagwe ebile o mphaloditse mo go Herode le mo go se Bajuta ba neng ba ikemiseditse go se dira ka nna!”
12 Aware of this, he went to Mary's house, mother of John also called Mark, where many were gathered praying. Morago ga a itharabologelwa a ya kwa lwapeng lwa ga Marea, mmaagwe Johane Mareko, kwa ba le bantsi ba neng ba kgobokanetse thapelo teng.
13 When Peter knocked at the door of the gateway, a servant girl named Rhoda came to answer. O ne a kokota fa setswalong, se se kwa ntle, mme mosetsana yo o bidiwang Roda a tla go bula.
14 Recognizing Peter's voice, she was so overjoyed she ran in without opening the gate, announcing Peter stood there. Erile fa a lemoga lentswe la ga Petere, a itumela thata mo a neng a tabogela mo teng go bolelela mongwe le mongwe gore Petere o eme kwa ntle mo mmileng.
15 "You're out of your mind," they said. But she insisted it was true. So they said, "It's his angel." Ga ba a ka ba mo dumela. Ba ne ba re, “O a tsenwa,” mme erile a tlhomamisa ba re, “E tshwanetse ya bo e le moengele wa gagwe. (Ba tshwanetse ba bo ba mmolaile).”
16 But Peter kept on knocking, and when they opened the door and saw him, they were astonished. Ka lobaka loo Petere ene o ne a tsweletse a kokota.
17 Signaling with his hand for quiet, he explained how our Father had led him out of prison. "Tell James and the brothers and sisters this," he said, then left for another place. A ya kwa go bone a ba didimatsa mme a ba bolelela se se diragetseng le ka fa Morena a mo ntshitseng mo kgolegelong ka teng. Erile a tsamaya are, “Bolelelang Jakobe le ba bangwe se se diragetseng.”
18 When morning came, there was no small commotion among the soldiers over what had become of Peter. Mme ya re fa bosigo boo sa, ga tsoga pheretlhego e kgolo kwa kgolegelong. Batlhabani ba botsanya gore Petere o ile kae?
19 Herod, after searching for him and not finding him, questioned the guards and ordered them executed. Then he went down from Judea to Caesarea and stayed there. Erile fa Herode a romela gore a Petere a ye go bidiwa mme a utlwa gotwe ga a yo, a laola gore batlhokomedi ba ba lesome le borataro ba tshwarwe, mme ba bolawe. Erile kwa morago a tsamaya go ya go nna kwa Kaesarea ka lobakanyana.
20 Herod was enraged at Tyre and Sidon. Together they came to him, and having won over Blastus, the king's chamberlain, they requested peace, since their land depended on the king's land for food. Erile a ntse a le mo Kaesarea, ga tla barongwa ba ba neng ba tswa Ture le Sidoma ba tsile go mmona. Ga a ka a itumelela batho ba metse e mebedi eo, mme barongwa ba itsalanya le Belaseto, mokwaledi wa bogosi, ba bo ba kopa kagiso, gonne mo kgwebong, metse ya bone e ne e ikaegile thata mo lefatsheng la ga Herode.
21 On the set day Herod dressed in royal robes, sat on the throne, and made a speech to them. Go ne ga dirwa tumalano ya go buisanya le Herode, mme erile fa letsatsi leo le tla, a apara diaparo tsa gagwe tsa bogosi, a nna mo setilong sa gagwe mme a bua nabo.
22 And the crowd kept shouting, "This is the voice of a god, not of a man!" Mme erile kwa bokhutlong batho ba duduetsa ba re, “Ke lentswe la Modimo e seng la motho!”
23 Instantly an angel of our Father struck him down for not giving our Father the glory, and worms ate him and he died. Ka bonako, moengele wa Morena a otlhaya Herode ka bolwetse mo e leng gore o ne a jewa ke diboko a ntse a tshela mme a swa ka gonne o ne a amogela kobamelo ya batho go na le gore a galaletse Modimo.
24 But the word of our Father continued to grow and spread. Mafoko a Modimo a a Molemo a ne a anama ka bofefo mme go ne ga nna badumedi ba basha ba le bantsi.
25 Barnabas and Saul returned from Jerusalem, having finished their mission, taking with them John, also called Mark. Mme Barenabase le Paulo ba ne ba etela Jerusalema, mme ya re ba sena go fetsa tiro ya bone, ba boela kwa Antioka, ba tsaya Johane Mareko.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]