Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

1 John 2 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 My dear children, I write this so you won't sin. But if anyone does sin, we have an advocate before the Father—Jesus Christ, the righteous one. Bananyana ba me, ke lo bolelela selo se gore lo tle lo ikgaphe mo boleong. Mme fa lo leofa, go na le mongwe go lo rapelela mo go Rara. Leina la gagwe ke Jesu Keresete, ene yo e leng mosiami ebile a itumedisa Modimo ka botlalo.
2 He himself is the atoning sacrifice for our sins, and not ours only but also the whole world's. Ke ene yo o rweleng bogale jwa Modimo ka ntlha ya dibe tsa rona go re golola mo bogaleng jwa Modimo, a bo a re lere mo bolekaneng le Modimo, ebile ke boitshwarelo jwa dibe tsa rona, le gale e seng tsa rona fela, ebong tsa lefatshe lotlhe.
3 By this we know that we have come to know him: if we keep his commandments. Mme re ka tlhomamisa jang gore re ba gagwe? Re ka tlhomamisa ka go sekaseka bokafateng jwa rona ra re: a tota re leka go dira se a batlang re se dira?
4 Whoever says, "I know him," yet doesn't keep his commands, is a liar—the truth isn't in him. Mongwe o ka re, “Ke Mokeresete; ke mo tseleng ya me go ya legodimong; ke wa ga Keresete.” Mme fa a sa dire se Keresete a mo rayang a re a se dire, ke moaki.
5 But whoever keeps his word, the love of our Father is truly complete in him. This is how we know we are in him: Mme ba ba dirang se Keresete a se ba rayang gore ba se dire, ba tlaa nna ba rata Modimo thata. Ke yone tsela ya go itse gore a o Mokeresete kgotsa nnyaa.
6 Whoever claims to remain in him ought to walk in the very way he walked. Le fa e le mang yo a reng ke Mokeresete a tshele fela jaaka Keresete a ne a tshela.
7 Dear ones, I write you no new command, but an old one, held since the start—the old command is the word you heard. Bakaulengwe ba ba rategang, ga ke lo kwalele taolo e ncha gore lo e obamele, gonne ke taolo e kgologolo e lo ntseng lo na nayo ka malatsi otlhe go tswa tshimologong. Lotlhe lo sale lo e utlwile pele.
8 Again, I write you a new command—true in him and in you—because the darkness is passing and the true light already shines. Le fa go ntse jalo e ncha ka malatsi otlhe ebile e lo direla fela jaaka e ne e direla Keresete; mme fa re obamela taolo e, ebong go ratana, lefifi le a nyelela mo matshelong a rona, mme mo go rona go pha-tsime lesedi le lesha la botshelo la ga Keresete.
9 Anyone who says they're in the light but hates their brother or sister is in the dark even now. Le fa e le mang yo o reng o tsamaya mo leseding la ga Keresete mme a ila Mokeresete ka ene o santse a le mo lefifing.
10 Whoever loves his brother or sister abides in the light, and in him there is no cause for stumbling. Mme le fa e le mang yo o ratang Mokeresete ka ene o “tsamaya mo leseding” ebile o ka bona tsela ya gagwe a sa kgopiwe mo lefifing le mo boleong.
11 But whoever hates his brother or sister is in the dark, walking in the dark, not knowing where he's going—the dark has blinded his eyes. Gonne yo o ilang Mokeresete ka ene otsamaya mo lefifing la semowa ebile ga a itse kwa a yang teng, gonne lefifi le mo foufaditse gore a seka a bona tsela.
12 I write to you, little children, because your sins are forgiven for his name's sake. Ke lo kwalela dilo tse lotlhe, bananyana ba me, gonne lo itshwaretswe dibe mo leineng la ga Jesu Mmoloki wa rona.
13 I write to you, fathers, because you know the One from the beginning. I write to you, young men, because you have defeated the evil one. Ke lo kwalela dilo tse lona ba lo godileng gonne ruri lo itse Keresete, ene yo o ntseng a tshedile go tswa tshimologong. Mme lona makau, ke bua le lona gonne lo fentse ntwa ya ga Satane. Gape ke kwalela lona basimanyana le lona basetsanyana gonne le lona lo ithutile go itse Modimo Rraa-rona.
14 Children, I write because you know the Father. Fathers, I write because you know the One from the beginning. Young men, I write because you're strong, and our Father's word lives in you, and you've overcome the evil one. Mme lona borrabana ba lo itseng Modimo wa bosakhutleng, le lona makawana a a nonofileng, ka Lefoko la Modimo mo dipelong tsa lona, ebile lo fentse ntwa ya ga Satane, ke lo raya ke re:
15 Do not love the world, or anything in the world. Whoever loves the world, the love of the Father is not in him. khutlisang go rata lefatshe leno le le bosula, le gotlhe mo le go lo neelang, gonne fa lo rata dilo tse, lo supa tota gore ammaaruri ga lo rate Modimo;
16 Everything in the world—the craving of the flesh, the craving of the eyes, and the pride of life—is not from the Father but from the world. gonne dilo tse tsotlhe tsa lefatshe, dikeletso tse di bosula tse, dikeletso tsa boaka, kgatlhego ya go reka sengwe le sengwe se se gapang maikutlo a gago, le boikgodiso jo bo dirwang ke khumo le go tlotlega, dilo tse ga di tswe kwa Modimong. Ditswa mo lefatsheng leno le le bosula.
17 The world and its cravings are passing away, but whoever does the will of our Father remains forever. Mme lefatshe leno le a fela, mme dilo tse di bosula tse di idiwang tse di tlaa fela le lone, mme le fa e le mang yo o tswelelang a dira go rata ga Modimo o tlaa tshelela ruri.
18 Children, it is the last hour. As you heard antichrist comes, so now many antichrists have come; by this we know it's the last hour. Bana ba me ba ba rategang, nako ya bofelo ya lefatshe leno e setse e tsile. Lo utlwile ka Moganetsa Keresete yo o tlang, ene yo o tlhabantshang Keresete, le gompieno batho ba le bantsi ba ba ntseng jaana ba setse ba tsile. Tiragalo e, e re dira gore re tlhomamise tota gore bokhutlo jwa lefatshe bo atametse.
19 They went out from us, but were not of us; if they had been of us, they would have stayed with us. But they left, to show that none of them belonged to us. Batho ba ba tlhabantshang Keresete ba, e kile ya ne e le maloko a diphuthego tsa rona, mme tota e ne e se ba rona, gonne fa go ne go ntse jalo ba ka bo ba sa lomologa mo go rona. E rile ba lomologa mo go rona, ga supa sentle gore e ne e se ba rona gotlhelele.
20 But you have an anointing from the Holy One, and you all know the truth. Mme lona ga lo a nna jalo, gonne Mowa O O Boitshepo o tsile mo go lona, ebile lo itse boammaaruri.
21 I write to you not because you don't know the truth, but because you do—and no lie comes from the truth. Jalo ga ke lo kwalele jaaka ekete ke kwalela batho ba ba tlhokang go itse boammaaruri, mme ke lo kgalemela lo le ba lo itseng go lemoga pharologanyo fa gare ga boammaaruri le mmaaka.
22 Who is the liar, if not the one denying Jesus is the Christ? This is the antichrist, denying the Father and the Son. Ana moaki yo mogolo ke mang? Ke yo o reng Jesu ga se Keresete. Motho yo o ntseng jalo ke moganetsa-Keresete, gonne ga a dumele mo go Modimo Rara le mo go Morwaone.
23 No one who denies the Son has the Father. Whoever confesses the Son has the Father also. Gonne motho yo o sa dumeleng mo go Keresete, Morwa Modimo, ga a kake a dumela le mo Modimong. Mme yo o nang le Keresete Morwa Modimo, o na le One Modimo Rara.
24 You—let what you heard from the start remain in you. If what you heard from the start remains in you, you too will remain in the Son and the Father. Jalo nnang lo dumele se lo se rutilweng go tswa tshimologong. Fa lo dira jalo, lo tlaa aga lo le mo bolekaneng jo bo nitameng thata le Modimo Rara le Morwaone.
25 And this is the promise that he himself made to us—eternal life. Mme ene ka sebele o re solofeditse se: botshelo ja bosakhutleng.
26 I write these things to you about those who are trying to lead you astray. Dilo tse ke di buang tse ka moganetsa-Keresete di raya fela ba ba tlaa ratang go lo dira difofu ba bo ba lo timetsa.
27 As for you, the anointing you received from him remains in you, and you don't need anyone to teach you. But since his anointing teaches you about everything—true, not a lie—remain in him, just as it taught you. Mme lo amogetse Mowa O O Boitshepo ebile o nna mo go lona, mo dipelong tsa lona, gore lo seka lwa tlhokana le ope go lo ruta se se siameng. Gonne o lo ruta dilo tsotlhe, ebile o Boammaaruri, ga se moaki; mme fela jaaka a buile, lo tshwanetse go nna mo go Keresete, lo sa kgaogane nae.
28 And now, little children, remain in him, so that when he appears we may have confidence and not shrink from him in shame at his coming. Mme jaanong bananyana ba me, nnang mo bolekaneng jwa boitumelo le Morena gore e re fa a tla lo bo lo tlhomamisa gore gotlhe go siame, mme ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re boela kwa morago fa re tshwanetse go mo kgatlhantsha.
29 If you know he's righteous, you also know that all who do right are born of him. E re ka re itse gore Modimo o siame ka malatsi otlhe o bile o dira fela se se siameng, re ka tseela fela gore botlhe ba ba dirang tshiamo ke bana ba One.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]